Create successful ePaper yourself
Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.
Study & Master
Support Pack | Grade 12
Karolo 4
Setswana
Puo ya Gae
CAPS
Karolwana e ya tshegetso Kharikhulamong ya CAPS Setswana
Mophato wa 12 e neelana ka ditirwana tekelelo tse di boleng.
Ditirwana tsotlhe di na le dikarabo. Barutwana ba ka
mekamekana le tsona ka bobona kwa gae kgotsa tsa tlhama
motheo wa go ikgopotsa kwa phaposing kgotsa thuto ka
mafaratlhatlha. O na le tetla go gatisa kgotsa go fotokhopa
karolwana ena kgotsa go e phasalatsa ka mafaratlhatlha a
emeile kgotsa WhatsApp.
Cambridge University Press ke mophasalatsi yo o ipelang
wa Aforika Borwa mme re neelana ka korolwana ena re arabela
tlhoko ya go tshegetsa barutabana le barutwana mo nakong
ya fa dikolo di tswetswe le karolwana e e setseng ya ngwaga
wa sekolo wa 2020.
Go bona tshedimosetso go feta ka dikwalwa tsa Study & Master
CAPS- tse di dumeletsweng le didiriswa tse di boleng, etela
www.cambridge.org
We are all in this together!
www.cambridge.org
Karolo 4
1
Popegopuo le melawana ya tiriso
1. Mefuta ya maina
Maina a kgaoganngwa ka ditlhopha go ya ka ditlhogo tsa tsona. A re sekasekeng dikao tse di latelang:
• Mo-Ba(Mo- bongwe,Ba >bontsi) >Motho –Batho)
• Mo-Me(Mo- bongwe > Me –bontsi)> Mosese- Mesese
• Le-Ma(Le- bongwe> Ma –bontsi) Lekau- Makau. Setlhopha se se akaretsa maina a a senang
bongwe jk maŝwi, metsi, madi jalojalo.
• Se-Di(Se- bongwe> di- Bontsi)> Sediba- Didiba
• N-Di(N-Bongwe> Di- bontsi)> Nku- Dinku, setlhopha se se tsaya ditlhogo tse di farologaneng
jaaka kgomo, Podi jalojalo.Bontsi jwa maina a, ke maina a diphologolo.
• Lo-Di(Lo-Bongwe> DI – bontsi)> Logong> Dikgong
• Bo –Ma,(Bo-Bongwe > Ma – Bontsi)> Bogobe- Magobe, go na le maina a a se nang bongwe,
bontsi jwa ona ke mainakgopolo. Jk, botlhale,
1.1 Mainakgopolo
Maina a, ke maina fela a a tlang mo kakanyong ya motho mme o ka seke wa bona selo se go buiwang
ka ga sona ka nama, ga a farologanngwe ka popego kgotsa ka mmala.
Dikao:
Kemo> Botlhale-Bogatlapa, Bosilo, Bonolo,
Mmala> Bohibidu, Botala, Bosetlha
Popego:
Bophara, Boleele, Bosesane
1.2 Mainatota/Mainaina
Ke maina a batho ba bidiwang ka ona.
Dikao:
Modiegi, Modisaotsile, Tlhalefang jalojalo
1.3 Mainagoboka:
Maina a a akaretsang bontsintsi jwa dilo.
Dikao:
Motshitshi wa dinotshe, marele a dinamane, lesogodi la ditsie, phuthego ya batho, motlhape wa
dikolobe, moraka wa dikgomo jalojalo.
1.4 Mainatswako:
A ke maina a a bopiwang ka dikarolo tse dingwe tsa puo. Ka nako nngwe o fitlhela go na le dikarolo
tse pedi tsa puo mo leineng le le lengwe.
Leina Popego Dikarolo tsa puo
Thabatshipi Thaba+Tshipi Leina +Leina
Monnamogolo Monna +Mogolo Leina+Letlhaodi
2 Karolo 4
1.5 Mainakgopolo
Mainatswako a ka bopiwa ka go tlhomela ditlhogo mo maineng a mangwe.
Sekao:
Setlhogo > Bosetlhogo
Modimo> Bomodimo
Maina a ka bopiwa ka dithito tsa matlhaodi.
Tsotlhe tsa lefatshe go akarediwa le tsona dijalo.
Sekao:
Ntsho> Bontsho
Go bopa ka matlhaodi mme o tlhoma ditlhogofela.
Sekao:
hibidu>bohibidu
Mainakgopolo a ka bopiwa ka maemedi.
Sekao:
wena> bowena
Maina a ka bopiwa gape ka go fetola setlhogo‘’mo’’ wa setlhopha sa Mo-Ba go “Bo”
Sekao:
Monna>Bonna
2. BONG
Bong bo bonwa mo ditsheding tsotlhe, fela jo bo tsewang tsia ke jwa batho le jwa diphologolo. Go le
gantsi bong jwa diphologolo bo farologanngwa ka mebala ya tsona.
Lebelela dipolelo tse di latelang go tlhaloganya bong botoka.
a. Mosadi wa ga Rapula o belege ngwana wa mosimane.
b. Kgomo e khunwana e fusitse.
c. Kgosigadi okopile magammana otlhe a mo motseng go tla kwa kgotleng.
A re sekasekeng popego ya maina a mangwe a bong.
Bongtona Bongtshadi Popego
Monyadi Monyadiwa Go gokelelwa setlhogo ‘wa’.
Phelehu Nku ya tshadi Letlhaodi tshadi le dirisiwa go supa bong.
Tshweu Tshwaana Mmala o wa diphologolo o tlhaola bong jwa tsona.
POTSO 1
Naya bong jwa maina a a latelang o bo o tlhalose gore ke bong bofe:
a) Tshumu
b) Tilotsana
c) Monyadiwa
d) Sethole
e) Podi ya tshadi
Karolo 4
3
3. NYENYEFATSO YA MAINA
3.1 Nyenyefatso e ka dirwa ka go fetola modumo wa lefoko le le nyenyefadiwang o dirisa
setlhongwana “ana” kgotsa ka go tlhomela setlhongwana “nyana” kwa bofelong jwa lefoko le le
nyenyefadiwang.
3.2. Nyenyefatso e e tlhagisang phetogomodumo.
Lefoko Nyenyefatso Phetogomodumo Leina la phetogomodumo
Kolobe Kolojana b>tsw Kgalapatso
Boleta Bolejana t>j Kgalapatso
3.3. Nyenyefatso ka go gokelela setlhongwa ‘nyana’ kwa bofelong jwa lefoko le le nyenyefadiwang:
Sekao:
• Motho-Mothonyana
• Legapu- Legapunyana
POTSO 2
Nopola maina mo polelong mme o a nyeyefatse, bua diphetogomodumo tse di tlhagelelang.
Maphefo o ne a longwa ke notshe mo lolemeng, molomo o ne o rurugile, moriri o le matlhobe, a apere
kobo e khibidu go bontsha fa a gatsela.
3 LERUI
Lerui ke lefoko le le bontshang gore selo ke sa ga mang.
Sekao:
Bana ba gagwe ba dira sentle kwa sekolong.“Gagwe” ke lerui, le bontsha gore selo (bana) ke sa ga
mang. Mafoko a mangwe a a bontshang thuo ke a a latelang:
(rona, gagwe,tsa gago, tsa bona, tsa me, sa me, jwa gago, wa sona jalojalo)
4 LETLHAODI/ LETLHALOSI
Barutwana ba le bantsi ba a fatlhega fa ba tshwanetse go farologanya letlhaodi le letlhalosi.
Letlhalosi le tlhalosa gore tiro e diragala jang (mokgwa), leng (nako?), kae? (felo) fa letlhaodi lona le
tlhaola leina ka popego, mmala, le palo.
Letlhalosi
Mosimane o taboga ka bonako
Ka bonako ke tlhalosi ya mokgwa, le tlhalosa letiro
gore le diragala ka mokgwa mang
Mosimane o tabogela kwa sekolong
Kwa sekolong ke letlhalosi la felo le tlhalosa letiro o
taboga e leng felo kwa mosimane a tabogelang teng.
Raditonki o gorogile thapama.
Thapama ke letlhalosi la nako.
Letlhaodi
Mosimane yo montsho o taboga ka bonako.
Yo montsho ke letlhaodi, le tlhaola leina mosimaneka
mmala.
Mosimane yo moleele o tabogela kwa sekolong.
Yo moleele ke letlhaodi la popego letlhaola leina
mosimane.
Raditonki o gorogile le basimane ba babedi maabane
Ba babedi ke letlhaodi la palo le tlhaola leina
basimane.
4 Karolo 4
POTSO 3
Nopola karolopuo e e tlhagelelang mo dipolelong tse di fa tlase o bo o bue leina le mofuta wa yona.
a) Kedisaletse o ne a apere mosese o mosweu.
b) Dikgomo tse pedi di sutlhilemo lesakeng maabane.
6. MEDIRISO YA LEDIRI
6.1 Modirisopego
Ke fa lediri le dirisiwa go bega sengwe.
Dipaka tsa modirisopego
Paka jaanong Paka fetileng Pakatlang
Tumelo Kgosi e bua le merafe Kgosi e ne ya bua le morafe Kgosi e tla bua le morafe
Kganetso Kgosi ga e bue le morafe Kgosi e ne e sa bue le morafe Kgosi ga e kitla e bua le morafe
POTSO 4
Sekaseka dipolelo tse di latelang morago o bue gore ke paka efe ya modirisopego, mo tumelong kgotsa
mo kganetsong o bo o nopole dipopi go netefatsa karabo ya gago:
a) Basimane ba tshamekela mo metsing.
b) Rapula o ne a sa isa marapo go beng.
c) Barutwana ba marematlou ba tla kwala ditlhatlhobo.
6.2 Modiriso go
Lediri le dirisiwa jaaka tlhogo ya leina ka go gokelela tlhogo ya leina ‘go’.
Tumelo
Go ja go monate.
Kganetso
Go sa je ga go monate.
6.3 Modirisokeletso
O bonala ka lekopanyi ‘gore’
Sekao:
Morutabana o laetse gore bana botlhe ba kwale ditlhatlhobo.
(Morutabana o laetse gore bana botlhe ba se kwale ditlhatlhobo)
6.4 Modirisotaelo
Lediri le ka dirisiwa go laela gore tiro e diragale.
Sekao:
Tlayang kwano — Se tleng kwano.
Karolo 4
5
6.5 Modirisokgonego
Tiro e e kaiwang ke lediri e kgonega go diragala.
Pakajaanong Pakafetileng Pakatlang
Tumelo Pule a ka tswa ka dinaledi. Pule o ne a ka tswa ka dinaledi. Pule a ka tla a tswa ka dinaledi.
Kganetso Pule a ka se tswe ka dinaledi. Pule o ne a ka se tswe ka
dinaledi.
Pule a ka tla se tswe ka
dinaledi.
6.6 Modirisotlwaelo
Tiro e tlwaetse go diragala, seo se raya gore ga e gakgamatse fa e diragala.
Rakgadi o a tle a etele mme wa gagwe — Rakgadi o a tle a se etele mme wa gagwe.
7. MAKAELAGONGWE
Mafoko a a tshwanang ka bokao
molala
botlhodi
sitwa
thuma
modidi/motlhoki
botubi
gatsela
šapa
8. MAKWALWATSHWANO
Mafoko a a kwalwang ka go tshwana mme bokao jwa o na bo sa tshwane.
Dikao:
Modise o ne a tshela botshelo jo bo sa itumediseng morago ga go dirisa diritibatsi.
(Mosadi o ne a kopiwa go tshela metsi mo nkgong)
9. DITUMATSHWANO
Ditumatshwano ke mafoko a mo Setswaneng a tshwanang ka go kwalwa le ka modumo mme a sa
tshwane ka bokao.
Sekao:
Kedibone o rata go jela tsala ya gagwe nala.
(Leradu la ga malome le atisa go tsala mafatlha)
10. PUOSEBUI LE PUOPEGELO
Puosebui:
Sebui ke fa motho yo o buang kgang ka boene a bolelela motho wa bobedi.Yo a boleletsweng kgang, fa
a e bolelela /begela yo mongwe ke puopegelo.
Sekao:
Molefe a re: “Ke tshwanetse go ya gae.”
Sekaseka sekao se se fa godimo o bue gore o itemogela eng:
• -leina la motho yo o buang le umakilwe,
• -ditsejwana di fitlhelwa kwa tshimologong le kwa bofelong ba kgang,
• -fa morago ga mafoko á re’go kwalwa khutlokhutlo go supa fa mafoko e le a mmui tota.
6 Karolo 4
Puopegelo
Ke fa motho wa bobedi a bolelela motho wa boraro mafoko a e seng a gagwe, ke gore, a a boleletswe ke
mong wa ona mme ene a a fetisetsa kwa mothong wa boraro.
Sekao:
Molefe a re o tshwanetse go ya toropong.
11. MAKGETHI
Ke mafoko a a dirisiwang go tlhalosa sediri kgotsa sedirwa. A kgaogantswe ka ditlhopha di le pedi e
bong; -ngwe le -sele -fe –lepe.
Makgethi a mararo a e bong‘ -sele –fe –lepe ‘a wela mo setlhopheng se le sengwe fa lekgethi -ngwe le
ikemetse.
12. MATLHOPHI
Matlhophi a golagane le maina ka ntlha ya fa a dirisa thuanyitlhophaina. A kgaogantswe ka dikarolo
di le di le pedi e leng, letlhophiletlhotlholodi le letlhophileakaretsi.
Dikarabo
7
DIKARABO
POTSO 1
a) Tshumu/tshungwana — tshumu ke bongtona
b) Tilodi/tilotsana — tilotsana ke bongtshadi
c) Monyadi/monyadiwa — monyadi ke bongtona
d) Mokoko/sethole — mokoko ke bongtona
e) Phoko/podi — podi ke bongtshadi
POTSO 2
a) Lolemeng/lolengwaneng =m /ngw –tengwanafatso
b) Molomo/Molongwaneng= m/ngw – tengwanafatso
c) Moriri/Moritshana = r/tsh – rinifatso
d) Kobo/Kojwana = b/jw – kgalapatso
e) Kobo/kojwana = b/jw – kgalapatso
POTSO 3
a) O mosweu/letlhaodi la popego.
b) Maabane/letlhalosi la nako.
POTSO 4
a) Pakajaanong, tumelo
b) Pakafetileng, kganetso, ‘sa’
c) pakatlang, tumelo, ‘tla’