30.04.2013 Views

A People's Guide... Budget 2013 - National Treasury

A People's Guide... Budget 2013 - National Treasury

A People's Guide... Budget 2013 - National Treasury

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

TSWANA

national treasury

Department:

National Treasury

REPUBLIC OF SOUTH AFRICA

DIPEELETSO MO MEAGONG KE NTLHAKGOLO GO

TOKAFATSA THEOLELO YA DITIRELO TSA BAAGI

Go tokafatsa theolelo ya ditirelo,

phitlhelelo ya tsona le go

oketsa bokgoni le tsamaiso

sentle ya ikonomi, mmuso

o tla beeletsa dibilione tse R827 mo

dingwageng tse tharo tse di latelang go

aga meago e mentšha le go tokafatsa

meago ya kgale.

Dipeeletso tse, di tla tokafatsa phitlhelelo

go ditirelo tsa pholo, dikolo, metsi, phepelogodimo,

matlo le go a tsenya metlakase go

maAferika-Borwa. Mo letsogong le lengwe,

peeletso go dikago tsa maemelo a dikepe

gongwe a difofane, ditsela, diporo, dikago

tsa motlakase, dipetlele, dikolo le matamo,

e na le karolo e kgolo mo go goleng ga

ikonomi. Karolo e kgolo ya peeletso mo

meagong e tla tswelela go tswa kwa ESKOM

e e tla beeletsang ka bilione di le R205.1

dingwageng tse tharo tse di latelang.

Diteishene-tsa-matla tse di ntšha tsa Eskom,

e leng Medupi le Kusile di solofetswe go

simolola go dira motlakase ka ngwaga wa

2014 le wa 2015 ka go latelana.

Go tokafatsa ditsela le go nna le karolo

mo tshireletsong, mmuso o neelane ka

tekanyetso ya dibilione di le R32.9 mo

dingwageng tse tharo tse di latelang go

ditsela-kgolo tsa naga. Tlaleletso ya dibilione

di le R27.6 e neeletswe go tokafatsa ditsela

tsa diporofense. Mo godimo ga moo,

mmuso o beetse kwa thoko dibilione di

le R2 go ya go tshiamisong ya ditsela tse

Tsebe

2

TEKANYETSOKABO

KE ENG

1. Molaetsa go tswa go letona

2. Phediso ya botlhoki le ntwa

kgatlhanong le go se leka-lekane

di dirisiwang go isa malatlha a a tswang

meepong go ya ko diteisheneng tsa maatla

tsa ESKOM kwa Mpumalanga.

Go oketsa diphitlhelelo go metsi le ditirelo

tsa phepelo-godimo, tse di leng botlhokwa

go pholo ya maAferika-Borwa, mmuso o

beeletsa mo matamong go fitlhelela neelo

ya metsi, neelo ya mafaratlhatlha a metsi ka

bontsi le dikago tsa go ntsha metsi a a leswe.

Mo godimo ga tokafatso ya matamo a le 25

go ya le naga, maitlhomo a mmuso ke go

aga matamo a ma ntšha a le 7 le go oketsa

botona jwa matamo a setseng a le teng

kwa Hazelmere, Clanwilliams, Tzaneen le

Nwamitwa. Go feta fao, puso e tsile go dirisa

R150 million mo mengwageng e meraro

etlang go tlhwekisa metsi a tshilafaditsweng

ke meepo (mines).

Mmuso o nna o ntse o itlamile ka neelo

ya matlo go ditlhopa tsa ba letseno le le

kwa tlase. Go tsamaelana le maikaelelo a

ona, mmuso o beetse kwa thoko dibilione

di le R3 go ya ngwageng tse tharo tse

di latelang go matlo a katlaatlelo-loago

(matlo a a hirisiwang a a mo magareng

kwa dikarolong tsa ditoropo). Dibilione di

le R30.3 di neetswe go tokafatso ya matlo

a a sa rulagangwang kwa dimmasepaleng

tsa kwa ditoropong le dibilione di le R1.1

go tokafatsa gongwe go tlisa ditirelo go

ditoropo tsa meepo.

Go tokafatsa dikolo, mmuso o neetse ka

Tsebe

3

Lekwalo thuto le ke matlhakanelwa magareng ga lefapha la matlotlo le lefapha la lekgetho la Aferika Borwa

Ka kgwedi ya Tlhakole mongwe le mongwe Letona la Matlotlo le rebola Tekanyetsokabo ya setšhaba mo a begang lenaneo la puso la go dirisa madi, matlole le kadimo

mo dingwangeng tse tharo tse di latelang. Tekanyetsokabo e tlhalosa mokgwa o madi a puso e a boneng a tlileng go arogangwa ka teng mo mafapheng a bosetšhaba,

diporofinsi le dipusoselegae.

1. Maemo a kwa godimo a pholo go

batho botlhe

2. Madi a tswa kae?

3. Madi a tla dirisiwa jang?

dibilione di le R8 go ya ko dingwageng tse

tharo tse di latelang go aga gape dikolo

tse sa siamang tse 496 (395 ya tsone e

agilweng ka mmu kgotsa boloko), go

neelo ya metsi go dikolo di le 1 257, neelo

ya ditlamelwana tsa phepelo-godimo

go dikolo di le 868 le go neelwa ga

motlakase go dikolo tse dingwe di le 878.

Dipeeletso tse, di tsamaisana le moano

wa National Development Plan wa go dira

gore dikolo tsotlhe di nne mo maemong

a mafaratlhatlha a a beilweng semolao ka

ngwaga wa 2016.

Mmuso o beetse kwa thoko gape dibilione

di le R23.9 go diporofense ka mokgwa wa

katlaatlelo-loago ya meago ya thuto go

agiwa, go tokafadiwa, le go siamisiwa ga

meago e setseng e le teng. Go neetswe

gape dibilione di le R6.5 go dikago tse

pedi tsa diyunibesithe gongwe ditheo

tsa thuto e kgolwane kwa Mpumalanga

le kwa Northern Cape, le go tokafatsa

di diriswa tsa baithuti le barutabana

ba ba sa itekanelang mo mmeleng mo

diyunibesitheng gongwe ditheong tsa

thuto e kgolwane tse di setseng di le teng

mo nageng.

Mmuso o tla tswelela go beeletsa mo

meagong ya pholo. Sekai ke gore, karolo e

kgolo ya tlhakanelo ya neelo ya dibilione di

le R29.5 go mafapha a pholo a diporofense

mo dingwageng tse tharo tse di latelang, e

isiwa kwa meagong ya kwa maookelong.

Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo 1

Tsebe

4

1. Tekanyetsokabo e neela

ka letseno la gago

2. Ditogamaano tsa lekgetho

3. Madi a katlaatlelo-loago

Issued by:

National Treasury: Tel, (012) 315 5757

SARS: Tel, (012) 422 6127

www.treasury.gov.za | www.sars.gov.za

TIRISO YA MADI GO

AGA MEAGO E FETOLA

MATSHELO A BAAGI

KWA NEWCASTLE

Pele ga borogo bo bo ntšha bo agiwa kwa

Newcastle, sIbongIle serIbe o ne a duela

R20 ka letsatsi go palama tekisi go ya le go

boa kwa tirong. Jaanong o tsamaya ka dinao

go ya tirong. Sibongile o rile “ke metsotso e

le 15 fela, e bile mabone a a tuka bosigo go

re sireletsa fa re ya tirong ya bosigo”. Borogo

bo bo ntšha ba maemo bo kopanya motsese-legae

le toropo e bile gape bo thusitse go

tokafatsa matshelo a batho ka gonne madi a

go duelela dipalangwa a fokotsegile thata.

Mokgweetsi wa tekisi, sIpho Mtlotshwa,

a re tsela ya pele ene e tletse e bile e le kotsi

thata. “Go ne go na le mmila o mosesanyane

o o bakileng dikotsi di le dintsi. Kotsi e e

neng e le masisi e ne ya diragala ka 1997 mo

go tlhokafetseng bana ba sekolo ba le 33 fa

bese e ba neng ba e palame e ne e thulana

le teroko. Borogo bo bo ntšha bo agilwe

mo lefelong le kotsi e diragetseng teng, e

bile baagi ba theile borogo boo “Asiphephe

Bridge”; leina le le rayang

gore “sireletsegang”.

Final 2013 People's Guide_Tswana_Print.indd 1 2013/02/23 2:05 PM

gCIs

2

MOLAETSA

GOTSWA GO LETONA

Ma-afrika borwa

Aferika-Borwa e nale lenaneo

la go fetola ikonomi le le tla

busetsang morago botlhokatiro,

botlhoki le go sa lekalekaneng

ga batho. Mme gore lenaneo

leo le atlege go tlhokega tirisanommogo

e e tseneletseng ya setšhaba

sotlhe sa naga, se se ikaeletseng, mme

e seng fela ka go supana ka menwana

ka dikgwetlho tsa rona, e seng fela go

tlisa maano a ditharabololo , mme le

go dira mmogo go aga Aferika Borwa e

atlegileng.

Go bua se Moperesitente Jacob Zuma a

se buileng ka nako ya gagwe ya Neelo ya

Boemo jwa naga jwa moperesitente, o rile

“lenaneo la National Development Plan

(NDP) “ke tsela e ka yona Aferika Borwa

e tla bonang batho botlhe ba nale metsi,

motlakase, ditlamelwana tsa phepelogodimo,

ditiro, matlo, dipalangwa tsa

botlhe, go ja sentle, thuto, katlaatleloloago,

maemo-godimo a boitekanelo,

boitapoloso le tikologo e e phepa.”

Go gopola gape, NDP e beetse thoko

ditirelo tse di botlhokwa tsa pele tse di

tsamaisanang:

• Go kopanya maAferika-Borwa otlhe go

kgwetlhong e le nngwe ya go fitlhelela

phenyo le teka-tekanyo.

• Go atafatsa gore baagi ba tseye karolo

mo ditlhabololong, kgololosego le

boikarabelo.

• Go tlisa kgolo ya ikonomi ka bonako,

peeletso e e kwa godimo le go

thapiwa ga badiri go go kwa godimo.

• Go lebelela thata go bokgoni jo bo

botlhokwa jwa batho le jwa naga

• Go aga naga e e kgonang le naga e e

nnang e tlhabologa

• Go rotloetsa keta-pele e e tseneletseng

mo morafeng otlhe go dira gore

morafe o dirisane mmogo go

rarabolola mathata

Tswelelo pele e e bonalang mo go

tse le ditiragalo tse dingwe tse di

bontshitshweng mo NDP di tla kgwetla

go dira pharologanyo. Re tshwanetswe

ke go lebagana le dikgwetlho tsa rona

ka maatlametlo le ka tshepo. Fa re dirisa

bokgoni botlhe ba rona, go kgobokanya

batho botlhe re lebeletse tirisano-mmogo,

re ka fitlhelela ikonomi e nang le maatla

le botshelo jo bo botoka go botlhe. Re ka

fokotsa botlhoki le go tlhola ga ditiro tse

botoka.

Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go Kaelo go set

PHEDISO YA BOTLHOKI LE NTWA

KGATLHANONG LE GO SE LEKA-LEKANE

Mmuso o dirisa tekanyetso-kabo e

e kana ka diperesente di le 60 mo

mafapheng a pholo, thuto, meago,

dipalangwa le di diriswa tsa metseselegae.

Se ke boitshupo jo bo tletseng

jwa maikano a mmuso go fedisa

botlhoki le go se leka-lekane.

Mokgwa o o lebaganeng o o dirisiwang

go lwantšha botlhoki ke lenaneo la thuso

ya katlaatlelo-loago le le neetsweng

dibilione di le R113 ka ngwaga wa

2013/14; tse di tla okeletswang go

dibilione di le R129.5 ka ngwaga wa

2015/16. Dipalopalo tsa batho ba ba

amogelang katlaatlelo-loago di tla

oketsega go tswa go milione di le kana ka

16.1 ka 2012/13 go fitlha go milione di le

17.2 ka 2015/16.

Go fokotsa go se leka-lekane le botlhoki,

mmuso o tlile go oketsa dikolo tseo mo

go tsone baithuti ba ka se dueleng madi

a dithuto e bile gape mmuso o tlile go

beeletsa madi mo lenaneong la dijo tsa

bana kwa dikolong. Bana ba ba fitlhang

go diperesente di le 70 kwa dikolong di

le 20 688 ga ba duelela madi a dithuto

ngwagola, e bile gape baithuti ba ba

lekanang le dimilione di le 8.8 ba fepilwe

go tswa mo lenaneong la dijo la mmuso.

Maikaelo a mmuso mo ngwageng tse

tharo tse di latelang ke go tokafatsa

maemo a dijo tsa lenaneo le.

Mmuso o neelana gape ka ditirelo tse

mmalwa tsa mahala. Ditirelo tse di

neelwa ke mafapha a dipuso-selegae

mme di tlile go nna dibilione di le R28

ka ngwaga wa 2013/14. Di Census

tsa ngwaga wa 2011 di bontshitse fa

matlo a a fetang diperesente di le 36 di

fitlheletse ditirelo tsa metsi a a phepa,

fa diperesente di le 26 di bone ditirelo

Go fokotsa go se lekalekane

le botlhoki, mmuso

o tlile go oketsa dikolo tseo

mo go tsone baithuti ba ka

se dueleng madi a dithuto

e bile gape mmuso o tlile

go beeletsa madi mo

lenaneong la dijo tsa bana

kwa dikolong

tsa motlakase tsa mahala, e bile gape

diperesente di le 23 di fitlheletse ditirelo

tsa phepelo-godimo.

Mo godimo ga moo, mmuso o ikaelela

gape go agela malapa a a amogelang

madi a a kwa tlase ga R3 500 matlo a le

409 143 mo dingwageng tse tharo tsedi

tlang. Dikarolo tse di kana ka 244 699 di

tlile go bona ditirelo tsa mmuso.

Mo digwageng tse tharo tse di tlang,

mmuso o ikaeletse go neelana ka ditirelo

tsa phepelo-godimo di le 36 742 kwa

metseng-selegae le go neelana ka

dikadimo tsa madi tsa matlo di le 119 223

go tswa kwa lenaneong la setlamo sa go

adimisana ka madi.

Go tlhola ditiro go botlhokwa thata

go thusa go fokotsa botlhoki le go se

leka-lekane. Mmuso o godisa tlholego

ya ditiro ka mananeo a a jaaka Expanded

Public Works Programme (EPWP), Jobs

Fund le go tokafatsa ikatiso ya batho.

SETSHWANTSHO

KA GA IKONOMI

• Ikonomi ya Aferika-Borwa e tswelela go

gola, lefa e le ka tsela e e kwa tlase go

tshwana le ka moo go neng go lebeletswe

ka teng mo nakong e e fetileng. Ikonomi

e bontshitse le go solofelwa go gola ka

diperesente di le 2.7 mo ngwageng wa

2013, mme e gole ka diperesente di le 3.5

mo ngwageng wa 2014; e boe e solofelwe

go gola ka diperesente di le kana ka 3.8

mo ngwageng wa 2015.

• Lebelo le ikonomi e tokafalang ka teng

le tla rebololwa ke ka mo mokgwa o

babeeletsi ba e seng ba puso le dithoto tsa

gotswa kwa ntle di tla matlafalang ka teng.

• Meepo e tswelela go nna pilara e kgolo ya

ikonomi ya Aferika-Borwa.

• Ke yone e neelang ka karolo e kgolo

go madi a lekgetho la dikgwebo

le madi a letseno la dithoto tse di

rekisiwang kwa ntle ga naga;

• Ke karolo e e botlhokwa ya modi wa

ikonomi e e tlang e lebagane le go sa

lebagana le ditiro;

• Karolo ya go dira ka diatla (Manufacturing)

e botlhokwa go kgolo le tokafalo, le fa

dikarolo tse dingwe le tsone di gola go

nna botlhokwa.

• Go tlholwa ga ditiro, mo go solofetsweng

go phefofatswa mo ngwageng tse tharo

tse di latelang, go tla rebololwa thata

mo karolong ya dikgwebo tse e seng tsa

mmuso, tse e leng karolo ya deperesente

dile 77 tse di tlholang tiro ya naga.

• Dipalo tsa maAferika-Borwa a ka nna

dimilione di le 4.5 a tlhoka ditiro.

• Ditshupetso le seelo se se kwa godimo sa

megolo kgotsa dituelo se oketsa kotsi ya

mebaraka ya badiri e e setseng e koafetse.

• Botlhoka-tiro jo bo kwa mankalakaleng bo

aparetse batšha.

• Puso e seka-seka ditiriso tse di ntsi go ka

ngoka dikgwebo tse e seng tsa mmuso le

tse e leng tsa mmuso gore di thape batšha.

Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go Kaelo go

Final 2013 People's Guide_Tswana_Print.indd 2 2013/02/23 2:05 PM

gCIs

aelo go Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setš

MAEMO A KWA

GODIMO A PHOLO GO BATHO BOTLHE

Ditlhokego tse dibotlhokwa

tsa pholo di fitlhelelwa

mahala e bile gape ditirelo

tsa kwa maokelong di

fitlhelelwa ka ditlhwatlhwa tse di

kwa tlase go ya ka letseno la batho.

Bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse

thataro, baimana le ba ba amogelang

madi a katlaatlelo-loago ba amogela

ditirelo tsa pholo sesolo.

Tekanyetso-kabo ya 2013 e tla netefatsa

go thibela le go matlafatsa mananeo

a kalafo ya HIV/Aids , TB, go oketsa di

patlisiso tsa dithuto tsa melemo, le

go tokafatsa tsamaiso ya meago le

diphitlhelelo.

• Mo dingwagen tse tharo tse di

latelang, dibilione di le R429.2 di

neetswe le go alogelwa go tiriso

ya madi go ditirelo tsa pholo le

boitekanelo.

• Tlaleletso ya dimilione di le R800 e

neeletswe go ka oketswa ga melemo

ya go leka go alafa mogare wa AIDS

go akaretsa tlaleletso ya batho bale

500 000 ka ngwaga.

elsIe bogatswe o ipona a le lesego thata

gore a be a tshela. Ka ngwaga wa 1988 o ne a

tshwaelwa ka mogare wa HIV, mme sechaba

sa kwa a agileng se ne sa mo tlhanogela ka

fa se ne se sa tlhaloganye bolwetse jwa HIV.

Boitekanelo ba gagwe bone ba koafala ka

ngwaga wa 1994 mme ka nako e a neng a

ya go lopa thuso ya pholo, Mme o wa bana

ba bararo o ne a le gaufi le go raga kgamelo.

Elsie a re “Dinao tsa me di ne di roromela. Ke

• Tlaleletso ya dimilione di le R78 di

neeletswe go ya go ba mafapha a

National Institute of Communicable

Disease go matlafatsa mananeo a

dikokwana-tlhoko, HIV, TB le malwetsi

a mangwe a a tshelelanang.

• Lefapha la Medical Research Council

le amogela dimilione di le R440 mo

dingwageng tse tharo tse di latelang

go tokafatsa mananeo a dipatlisiso

le mafaratlhatlha, le go rotloetsa

mananeo a a kopanetsweng le

badiri-mmogo ba dikgwebo.

• Go ya mo dingwageng tse tharo tse

di latelang, diporofense di tlile go

dirisa karolo e kgolo ya tlhakanelo

ya tekanyetso-kabo ya dibilione

di le R29.5, go thusa ka letlole la

mafaratlhatlha a maokelo a a kwa

metse-selegaeng a a akaretsang

maokelo a ko Edendale le ko

Natalspruit ko Ekurhuleni.

• Lefapha la Pholo le tlile go dirisa

dibilione di le R5 go ditirelo tse di

botlhokwa tsa boitekanelo, tse e leng

gore dibilione di le R3.2 tsa tsone ke

go dirisiwa go aga ditliliniki.

ELSIE O TSHELA BOTSHELO BO BO TOKAFETSENG KA HIV/AIDS

ne ke otile. Sefatlhego sa me se le se se sweu.

Molomo wa me o ntshofetse. Ke ne ke tshogile

e bile ke itshwabela. Ke ne ke nagana go re ke

ya go ikela badimong. Ke ne ka nagana gore

‘go tlile go diragala eng ka bana ba me?” Elsie

o feditse dikgwedi di le tharo kwa bookelong

mme o ne a kokotletse thata fa a boela gae.

“Ke ne ke ikutlwa ke le botoka, ke le montle”,

go bua Elsie; “ke ne ka neelwa tšhono e

ntšhwa mme ka ipolelela gore go simolola

MADI A TSWA KAE?

TSA LEKGETHO 2013/14 %

Lekgetho la letseno 306 188 34

Lekgetho mo dithotong tse ditswang mo

nageng

31 265 3

Lekgetho la Kgwebo 169 830 19

Lekgetho mo dithotong tse di tsenang mo

nageng

41 340 5

VAT 242 990 27

Lekgoto mo mafureng 44 970 5

Makgetho a mang 61 421 7

gotlhetlhe 898 004 100

Mmuso o bona madi a lekgetho go tswa go letseno la badiri, kgwebo, thekisong

ya didiriswa (VAT) le kadimo ya madi. Madi otlhe a a amogelwang ke mmuso wa

bosetšhaba a duelelwa kwa setlamong sa matlotlo sa bosetšhaba. Tshebediso ya

madi a lekanang le R1.1trillion mongwageng wa 2013/14 e tla tswa mo lekgethong la

R985.7 billion le kadimo ya R163 billion. Ka ngwaga wa 2015/16, sekoloto sa mmuso

se ya go fitlhelela R1.9 trillion pele se boela ko tlase. Puso e lemoga bothata bo

bo tsamaisanang le go adima madi. Ke ka moo puso e boneng botlhokwa ba go

dirisa madi a kana ka R52.1 billion mafapheng a thuto, pholo, mafaratlhatlha le

go tlhola ditiro.

Tse dingwe

R176.8 BN

Ditiro le

katlaatlelo-loago

R49.2 BN

Katlaatlelo-loago

R134.9 BN

jaanong ke tshwanetse go dira dilo ka tsela e e

tshwanetseng. Ke ne ka bolelela ba losika gore

ke fetogile – ke tshela ka HIV/AIDS. Ka 2005

masole a mmele (CD4 count) a ga Elsie a ne a

koafala mme a simolola go dirisa melemo ya

go leka go lwantšha AIDS. Jaaka molwetsewa-kwa-ntle

wa bookelo ba Charlotte Maxeke

Academic Hospital, Elsie o etela bookelo ba

HIV/AIDS morago ga dikgwedi di le thataro

dingwe le dingwe go amogela melemo ya

Thuto

R232.5 BN

Tshireletso

R44.6 BN

mahala ya go leka go lwantšha AIDS

le go bona ngaka. “Ke a ipotsa gore

a baduela lekgetho ba lemoga

gore ba thusa batho ba ba

tshwanang le nna? Ba thusa

nna le batho ba bangwe

ba le bantsi. Re leboga

go menagane ka

thuso ya lona – go se

re tlogelele re swa.”

MADI A TLA DIRISIWA JANG?

Molao le tolamo

R108.9 BN

Ikonomi

R136.6 BN

Matlo le go repa

R 132.1 BN

Pholo

R133.6 BN

Kaelo go Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo 3

Final 2013 People's Guide_Tswana_Print.indd 3 2013/02/23 2:05 PM

gCIs

4

DINTLHA-

KGOLO TSA

TEKANYETSOKABO

DITOGAMAANO

TSA LEKGETHO

• Badiri ba ba amogetseng R250 000 go

tswa go mothapi a le esi mo ngwageng

wa lekgetho wa 2012/13 ha ba tlhoke go

neelana ka makwalo a lekgetho (tax returns)

• Phokoletso ya lekgetho le melao go

dikgwebo potlana

• Batho ba ba amogelang kwa tlase ba tla

bona phokoletso ya lekgetho la kabelo ya

madi a matlo e e tswang kwa bathaping ba

bona.

• Thuso ya dituelo tsa matlole a pholo ya

kgwedi le kgwedi e tla oketswa

• Tsela ya go duelela letlole la phenshene ya

batsofe, peelo tsa go rola tiro le peeletso ya

Provident Fund e tla nolofatswa.

• Thotloetso ya lekgetho go dikgwebo tse

di leng kwa mafelong a a kgethegileng a

ikonomi

• Koketso ya lekgetho la leswe la khabone mo

dijanageng tse dinnye le tse di kgolwane

(double cabs).

• Bathapi ba ba thapang batho ba ba

simololang go batla tiro ba tla bona

thotloetso ya lekgetho la letseno le

ko tlase.

MADI A

KATLAATLE-

LOLOAGO 2012/13 2013/14

Phenshene ya batsofe 1 200 1 260

State old-age grant,

over 75’s

Madi a go tshegetsa

masole a maloba

Madi a go tlamela ba

ba sa itekanelang

Madi a go tlamela

bana ba ba se nang

batsadi

Madi a go thusa ba o

ba ikaegileng

Madi a go tlamela

bana

Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go

gCIs

1 220 1 280

1 220 1 280

1 200 1 260

770 800

1 200 1 260

280 290

TUELO LEKHETHO YA

BOJALWA LE MOTSOKO

Lekgetho le le lebeletsweng (lekgetho la bojalwa le motsoko di tlhakane le VAT) le bontshitswe

e tla nna karolwana ya tlhwatlhwa e go rekisiwang ka yone morara, biri le bojalwa jwa

digalagala (spirits) ka diperesente di le 23, 35 le 48 ka go latelana. Ka fa motsokong, matlole

a a lebeletsweng ke diperesentedi le 52. Go fitlhelela matlole a a lekanyeditsweng a, go

tshwanetse ga okediwa ka tsela e e latelang:

Biri

Morara o o

ometsweng

Moweine o o sa

omelwang

Morara (Sparkling)

Bojalwa jwa maungo

(Alcoholic fruit

beverages & Cider)

Bojalwa jwa

digalagala (Spirits)

Motsoko

Motsoko

wa peipe

TLHATLHOGO YA LEKGETHO LA TIKOLOGO

Lekgetho la

lookoane -

Lekgetho la

mekotlana ya

polasetiki

Lekgetho la

mabone a

motlakase

Lekgetho la leswe

la khabone mo

dijanageng

Madi a lekgetho

a VAT mo

dithotong tsa

didiriswa tsa

molelo tse di

tlisiwang mo

nageng go tswa

nageng tse

dingwe le ditirelo

- e okediwa ka 7,5c go ranta di le R1.08 go ya ka

moteme wa 340ml

- botlolo ya 750ml e tla oketswa ka 19.5c

- botlolo ya 750ml e oketswa ka 15c

- botlolo ya 750 ml e oketswa ka 56c

- lebotlowana la 330ml le oketswa ka 7,3c

- bo oketswa ka R3,60c go bitsa R39,60

lebotlolo la 750ml

- Pakete ya disekerete tse 20 e oketsega ka 60c

go bitsa R10,92

- kgetse ya 25g e oketsega ka 32c go bitsa R3,54

Go simolola ka 3 Moranang 2013 lekgetho la

lookwane le tla oketswa ka 15c litara go nna R2.13, fa

lekgetho la Road Accident Fund le tla oketswa ka 8c

litara go ya go 96c litara ya lookoane

Go duelela lekgetho la dikgetsena tsa polasetiki go

thusitse go fokotsa tiriso le theko ya tsona. Lekgetho la

dikgetsana tsa polasetiki le tla tlhatlhogela go tswa go

4c go nna 6c go simolola ka 1 Moranang 2013

Ka ngwaga wa 2009 mmuso o ne wa itsise baagi gore ba

tla simolola go duelela lekgetho la lebone le le tukang ka

motlakase; maithomo e le go fokotsa tiriso e e botlhaswa

ya motlakase. Lekgetho le le tlile go tlhatlhoga go tswa go

R3 go ya go R4 go simolola ka 1 Moranang 2013

Go simolola ka 1 Moranang 2013 lekgetho la leswe la

khabone mo dijanageng tse dintšhwa le tlile go tlhatlhoga,

maikaelelo e le go rotloetsa bareki go reka dijanaga tsa

leswe la khabone e e kwa tlase. Dijanaga tse dinnye di tla

tlhatlhoga go tswa go R75 go ya go R90 go gram nngwe

le nngwe ya leswe e e fetang dikhilometara di le 120

gCO2/km. Dijanaga tse dikgolwane (double cabs) di tla

tlhatlhosediwa go tswa go R100 go ya go R125 go gram

nngwe le nngwe ya leswe e e fetang dikhilometara di le

175 gCO2/km.

DIDIRISWA TSA MOLELO TSE DI TLISIWANG MO

NAGENG GOTSWA DINAGENG TSE DINGWE LE

DITIRELO TSE DI KOPILWENG TSA LEKGETHO LA VAT

Puso e kopile gore dikgwebo tsotlhe tsa ka kwa ntle

ga naga tse di neelanang ka ditirelo tse di tshwanang

le dibuka tsa mafaratlhatlha (e-books), mmino le

mafaratlhatlha a mangwe a dithoto tsa dikompitara

le ditirelo go maAferika-Borwa di kopiwe go ikwadisa

jaaka barekisi ba lekgetho la VAT go simolola ka letsatsi

le le tla rebolwang. Seno se tla fokotsa kgaisano

magareng ga dikgwebo tsa go tswa kwa ntle ga naga

le tsa ka mo nageng.

TEKANYETSOKABO

E NEELANA KA

LETSENO LA GAGO

Go iketla ga lekgetho la dibilione di le R7

go moduela-lekgetho mongwe le mongwe.

Lekgetho la letseno la gago le phefofaditswe go

fokotsa ditlamorago tsa theolelo ya morokotso

mo lekgethong le le duelelwang. Boleng jo

mongwe le mongwe a ka bo amogelang pele

ga a ka tshwanelwa ke go duela lekgetho

la letseno bo okeditswe mo lekgethong la

ngwaga wa 2013/14 ka tsela e e latelang:

Ngwaga wa lekgetho go tloga

1 Mopitlwe 2013 go fitlha 28 Tlhakole 2014

Ko tlase ga dingwaga di le 65 R67 111

Dingwaga tsa 65 - 74 R104 611

Dingwaga tsa 75 le go feta R117 111

Phokoletso ya lekgetho ya ngwaga le ngwaga

ya badiri e okeditswe jana:

Ngwaga wa

lekgetho

Primary (go badiri

botlhe)

Secondary (Dingwaga

tsa 65 - 74

Tertiary (Dingwaga

tsa 75 le go feta)

1 Mopitlwe 1 Mopitlwe

2012 go fitlha 2013 go fitlha

28 Tlhakole 28 Tlhakole

2013 2014

R11 440 R12 080

R6 390 R6 750

R2 130 R2 250

phokoletso ya lekgetho dituelelong

tsa sekema sa pholo (medical aid)

Phokoletso ya lekgetho dituelelong tsa sekema

sa pholo etla oketswa go tswa go R230 go ya

go R242 go maloko a mabedi a pele le go tswa

go R154 go ya go R162 go maloko a latelang

mo ngwageng wa lekgetho wa 2013/14.

Sms e le nngwe ke 50c.

Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go setšhaba | Kaelo go

Final 2013 People's Guide_Tswana_Print.indd 4 2013/02/23 2:05 PM

gCIs

SARSSS20213T

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!