educate opinion - Parliament of South Africa
educate opinion - Parliament of South Africa
educate opinion - Parliament of South Africa
You also want an ePaper? Increase the reach of your titles
YUMPU automatically turns print PDFs into web optimized ePapers that Google loves.
Public participation

involvement

empower

Make your voice heard...

Maaforika Borwa a tlile go nna le tšhono ya

go neelana ka dikakanyo tsa gore ba eletsa

go ka tsaya karolo jang mo Palamenteng,

lekgetlo la ntlha e sale go nna le ditlhopho

tsa temokerasi ka 1994. Seno se ikaelela go

tsweletsa pele botsaakarolo jwa setšhaba

mo tirong ya Palamente.

Ke gore eng o tshwanela

go tsaya karolo mo

Palamenteng?

Re na le Temokerasi.

Seno se kaya eng?

Go Aforika Borwa wa rona wa temokerasi

batho ba na le puo mo tsamaisong ya naga.

Go na le ditsela di le dintsi tsa go tsaya

karolo mo Palamenteng. O ka dira

Palamente eno ya gago, Palamente ya

Batho.

Tsela nngwe ya go tsaya karolo go

temokerasi mo Aforika Borwa ke go

tlhopha. Baagi botlhe ba dingwaga di le

18 kgotsa go feta ba ka tlhopha puso e ba

e batlang. Maaforika Borwa a ntse a na le

tshwanelo ya go tlhophiwa go tsena kwa

Palamenteng. Dingwa dingwe le dingwe di

le tlhano, re na le ditlhopho tsa bosetšhaba

go tlhopha puso e re e batlang.

Fela o ka dira go le gontsi go feta go tlhopha

gangwe mo dingwageng di le tlhano.

Go ya ka Molaotheo, Palamente e tshwanela

go neelana ka ditšhono tsa go nna le

dingangisano tsa phatlalatsa, go tsaya

karolo mo go direng melao le go leba tiro

ya puso. Jaaka baagi re tshwanela go dirisa

ditšhono go ka nna karolo ya go dira melao

le go okamela Palamente.

Temokerasi ya rona ya Molaotheo

Aforika Borwa e na le Molaotheo wa

temokerasi. Seno se kaya gore Molaotheo

ke molao o kwa godimodimo mo nageng.

Molaotheo o sireletsa temokerasi ya rona le

go thibela tirisobotlhaswa ya maatla. Molao

wa Ditshwanelo ke Karolo 2 ya Molaotheo.

E tlhalosa ditshwanelo tsa rona tse di

ikaegileng go boleng jwa temokerasi jaaka

seriti sa botho le kgololosego.

E na le melao e mentsi e botlhokwa mme

e bontsha ditshwanelo le maikarabelo

a rona. Baagi ga ba na ditshwanelo

fela. Mo temokerasing baagi ba na le

maikarabelo, go tsenyeletsa maikarabelo

a go nna batsaakarolo mo goreng naga

ya rona e tsamaisiwa jang. Baagi ba na

le maikarabelo a go bua gore ba rata fa

naga e ka busiwa jang mme ba bue fa ba

nagana gore sengwe ga se a sirelediwa ke

melawana ya naga.

Karolo 4 ya Molaotheo e tlhalosa tiro ya

Palamente. E tlhalosa fa Palamente e:

• na le dithata tsa go lebelela, go tsenya

tirisong kgotsa go tokafatsa melao

mengwe le mengwe e e fitlhang go

yona

• tshwanela go netefatsa gore

khuduthamaga, e e tsamaisang puso,

e bega go yona

• tshwanela go leba tsela eo puso e

dirisang melao le mananeo ao e

tshepisang go a dira le go dira kgonego

ya gore baagi ba tseye karolo mo go

direng melao le mo tirong e nngwe ya

Palamente

• tshwanela go dira tiro ya yona mme e

dule phatlalatsa, ntle le fa e le gore ke

ka ga tshireletso ya Naga.

Palamente ya rona

Palamente e bopilwe ke Kokoano

Bosetšhaba (NA) le Khansele ya Bosetšhaba

ya Diporofense (NCOP).

NA e na le maloko a gareng ga 350 le 400.

Maloko ano a tlhophiwa ke makoko a a

bonang ditlhopho tse di kwa godingwana

ka ditlhopho tsa bosetšhaba, tse di

tshwariwang dingwaga dingwe le dingwe

di le tlhano. Ditlhopho tsa diporofense di

tshwariwa ka nako e tshwanang le tsona,

fela ditlhopho tsa bomasepala di tshwariwa

ka nako e farologaneng.

NCOP e na le baemedi ba le 10 go tswa

go nngwe le nngwe ya diporofense di

le robongwe tsa Aforika Borwa. E emela

dikgatlhego tsa diporofense le puso selegae

kwa maemong a bosetšhaba mme e na le

seabe mo go tsenyeng tirisong melao e e

amang diporofense.

Tiro ya Palamente

Ntle le go tsenya tirisong melao, Palamente

e tshwanela go netefatsa gore puso e:

• dirisa lekgetho la rona sentle

• neelana ka ditirelo tse e di tshepisang

• fitlhelela maikaelelo a mananeo a yona

• dira e se na bofitlha

• neela setšhaba tšhono ya go tshwaela

ka tiro ya yona.

Palamente e neelana ka ditšhono tse dingwe

gore setšhaba se tseye karolo:

• Palamente e na le mananeo le

dingangisano tse di farologaneng

mo setšhaba se ka tsayang karolo.

Mananeo ano a diretswe go itsise,

go ruta le go aga go tlhaloganya

tlhaeletsano ya Palamenete le setšhaba

ka ga dilo tse di ba amang jaaka baagi.

Mananeo ano ke:

o Kokoano ya Setšhaba

o Go isa Palamene kwa Setšhabeng

o Palamente ya Basadi

o Palamente ya Baša

• Palamente e tlhomile Dikantoro tsa

Temokerasi tsa Palamente. Tseno

ke dikantoro tsa Palamente kwa

dikarolong tsa naga tse di kgakala le

Palamente kwa Motse Kapa. Di thusa

baagi kwa mafelong ao go bona

tshedimosetso ka ga melaokakangwa,

dipholisi le dintlha dingwe tsa

bosetšhaba. Dikantoro tsa Temokerasi

tsa Palamente di letla Palamente go

tlhaeletsana ka namana le setšhaba.

• Palamente e dira tiro ya yone e ntsi

kwa Dikomiting. Tseno ke ditlhopha

tse di nnye tsa Maloko a a dirang mo

maphateng a a rileng a puso. Go na le

Dikomiti di feta 50 kwa Palamenteng.

Bontsi jwa dikopano tsa Dikomiti di

ka tsenelwa ke setšhaba. Dikomiti di

okamela tiro ya mafapha a puso le

dikantoro tsa diTona. Ka go tsenela

dikopano tsa Dikomiti, re kgona go

tlhaloganya se se diragalang fa go

diriwa melao. Baagi ba dula ba na le

tšhono ya go bua kwa dikopanong tsa

Dikomiti le go tlhagisa ditshwaelo. Ka

dinako dingwe Dikomiti di tsamaya

go ralala naga go nna le diketelo tsa

go okamela. Tseno e dula e tšhono ya

gore baagi ba tlhagise matshwenyego

a bona le go dira gore mantswe a bona

a utlwagale.

te nion
Ke gore eng o tshwanela go tsaya

karolo mo Palamenteng?

Go tsaya karolo mo Palamenteng go feta go

tlhopha dingwaga dingwe le dingwe di le

tlhano. Ke ka ga wena:

• Go tshosometsa ditshweetso tse di

diriwang mo Palamenteng

• Go tsaya karolo mo temokerasing

ya naga

• Go nna mafolofolo mo go tsamaiseng

naga

• Go bua se o se akanyang

• Go dirisa tshwanelo ya gago

jaaka moagi

• Go aga naga e tokafetseng gore

Maaforika Borwa otlhe

Go dira gore temokerasi e go direle

Maikaelelo a Palamente ke go tsaya tsia

dikgatlhego tsa setšhaba fa e tsenya tirisong

melao le go okamela tiro ya puso. Go dira

seno ka manontlhotlho, Palamente e batla

dikakanyo tsa gago tsa gore o ka nna jang

karolo ya ditsamaiso tseno.

REUSE . REDUCE . RECYCLE .

Re kopa o re neele dikakanyo tsa gago ka ga:

• Go tsaya karolo mo Palamenteng le mo

tsamaisong ya naga

• Mananeo a sešweng a Palamente a go

tsaya karolo ga setšhaba

• Mokgwa o Palamente e ka tokafatsang

go tsaya ditshwaelo tsa gago.

• Tsela e ntle e Palamente e ka

tlhaeletsanang le wena le gore o

tlhaeletsane le Palamente.

• Ke eng se o bonang se dira le se se sa

direng

Re itsise se o se akanyang ka go romela

dikakanyo tsa gago ka:

• Emeili

• Weposaete

• Facebook

• Twitter

• Ditlhagiso

• Go tlatsa lenane la dipotso le

ditshwaelo

Dikakanyo tsa gago di botlhokwa!

A re ageng Palamente e tokafetseng -

“Palamente ya Batho, ka Batho!”

Re bolelele gore jang!

Produced by Parliamentary Communication Services

INSPIRED BY PEOPLE

www.parliament.gov.za • P.O. Box 15, Cape Town, 8000

Telephone: (021) 403 3341 • Facsimile: (021) 403 3303

REUSE . REDUCE . RECYCLE .

Public participation

involvement

empower

Make your voice heard...

Taking part in parliament

educate opinion

LEGISLATIVE SECTOR

SOUTH AFRICA

Setswana