28.04.2015 Views

URC - Botlhokwa jwa go fetsa TB

URC - Botlhokwa jwa go fetsa TB

URC - Botlhokwa jwa go fetsa TB

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

Goreng go le botlhokwa go nwa melemo ya kalafi ya

TB jaaka o e neetswe?

emisa go dirisa melemo ya bona. Fa o ka tlodisa go dirisa melemo

ya kalafi o seke wa tshaba go boela kwa tleliniking ka go bo o sa

fola.

Fa o dirisa melemo ya kalafi jaaka o laetswe se se thusa go koafatsa

matla a megare go fitlha e bolawa. Fa o ka tlodisa go nwa melemo,

le fa e le gangwe fela, mogare o ka kgona go ikoketsa ka bonako

thata.

Go dirisa melemo ya kalafi jaaka o laetswe go thusa go dira gore

mogare o palelwe ke go fenya molemo. Fa o tlodisa go nwa

melemo, o ka nna le motsapa wa mogare wa TB tse di palelang

molemo wa TB o o dirisang ga mmogo le melemo e mengwe e o

senkeng o e dirise.

O ka dirang gore o nwe ditlhare jaaka o laetswe?

Kotsi ya go se fetse melemo ya gago ya kalafi

ya TB:

Ga o kitla o fola mme e bile o tla feleletsa o sule;

O ka nna le motsapa o o palelang melemo ya TB;

O tla fetisetsa mogare wa TB mo malokong a mangwe a losika.

Ke dithulaganyo dife tse di leng teng go go thusa go

nna o dirisa melemo ya kalafi ya TB?

Enwa ditlhare tsotlhe jaaka o laetswe ke mooki

O ka emisa kalafi fela fa mooki a go netefaleditse gore o fodile;

Fa o ka lebala go nwa melemo ya kalafi, e re ka nako e o

gakologelwang ka yona o nwe fela ka bonako;

Fa o ka nna le mathata ka melemo ya gago ya TB o ka itsise mooki

wa gago ka bonako;

Sengwe sa dilo tsa botlhokwa tse o ka di dirang fa o ntse o dirisa

kalafi ke go bua le mooki wa gago malebana le thulaganyo ya

tshegetso ya kalafi.

E na a ka kgona go bua le wena ka thulaganyo ya tshegetso ya

kalafi e e leng teng mo tikologong e o leng mo go yona.

Ka ntata ya gore kalafi ya TB e tsaya nako e telele e bakela batho

matshwenyego mme e bile bangwe ba feleletsa ba latlhegelwa ke

tsholofelo, go botlhokwa gore go tswa kwa tshimologong fela, o

itlhophele mongwe yo o mo ikanyang, yo o ka go thusang mo nakong

e e boima e.

Lenane la Bosetshaba la Taolo ya TB [The National TB Control

Programme] le rotloetsa gore batho ba tseye karolo mo go tshegetseng

Temogo ya Kalafing e e Tlhomameng [Directly Observed Treatment]

(DOT). Batshegetsi ba DOT e ka nna mongwe le mongwe wa ba ba

latelang:

Fa e setse e le dikgwedi di le pedi o ntse o simolotse go dirisa kalafi ya

gago ya TB o tla simolola go ikutlwa botoka, dirshupo tsa TB di tla

simolola go nyelela fela ga o ise o fole. O tshwanetse go dirisa melemo

mo sebakeng se o se neilweng, e bonnye e ka nnang dikgwedi di le

thataro.

Goreng batho bangwe ba ba tshwerweng ke TB ba

sa fetse melemo ya bona ya kalafi?

Modiredi wa Boitekanelo

Modirediloago wa boitekanelo

Mothapi/mothapiwa

Morutabana

Wa losika

Kgotsa mongwe le mongwe yo o nang le maikarabelo

Motshegetsi wa DOT o batla go go naya tshegetso e seng go go sala

morago.

Ka gonne ba ikutlwa ba le botoka go sa le gale (ba sa tlhole ba

gotlhola, ba sa tlhole ba fufulelwa fa ba robetse , ba simolola go

eletsa dijo le mmele wa bona o simolola go kokotlela sentle) mme

ba emisa go dirisa melemo ya kalafi pele megare yotlhe ya TB e

swa.

Balwetse ka tlwaelo ga ba tlhaloganye gore megare e dira jang mo

mmeleng wa motho. Go botlhokwa go botsa mooki ka kalafi ya

gago.

Balwetse ba lebala go dirisa melemo ya bona kgotsa ba diega go

boela kwa tleliniking/bookelong mme morago ga mo ba bo ba

Fa o batla tshedimosetso e nngwe:

Ikgolagange le tleliniki e e gaufi.

Tshedimosetso e e tseneletseng e ka bonwa go URC mogo

TBinfo@urc-sa.com kgotsa Lenane la Bosetshaba la TB mogo

(012) 312 0106

Papetlana e e rulagantswe ke porojeke ya TASC II TB ya URC ka thuso

ya matlole go tswa go USAID.

D e p a r t m e n t o f H e a l t h

URC

USAID

FROM THE AMERICAN PEOPLE

A mme ke mo kotsing ya go tsenwa ke TB ka ntata

ya fa ke tshwaeditswe ke HIV?

Ke nnete. HIV e koafatsa masole a mmele mme e bile e oketsa

kgonagalo ya gore o tlhaselwe ke malwetse a mangwe. Malwetse a

mothale o a itsege jaaka malwetse a a emelang sebaka (opportunistic

infections) ka gonne a emela sebaka sa fa masole a mmele wa gago a

koafetse. TB ke nngwe ya malwetse a a emelang sebaka.

Bontsi jwa rona mo Aforika borwa re tshwaeditswe ke mogare wa TB,

fela ka ntata ya gore masole a mmele wa rona a santse a na le matla

ga re ise re tshwarwe ke bolwetse jwa mafatlha (TB).

Nka itse jang gore nka tshwarwa ke bolwetse jwa TB?

Go ya ka gore ditshupo tsa megare ya TB di agile kae mo mmeleng

wa gago.

Megare ya TB gantsi e simolola go aga mo makgwafong mme e ka

tlhola:

Segotlhola se se botlhoko se se ka tsayang dibeke di le 2

Go utlwa botlhoko mo sehubeng

Go ntsha segotlhola sa madi

Ditshupo tse dingwe:

Go nna bokoa le go lapa

Go sesefala

Go se nne le takatso ya dijo

Go tshabelwa ke phefo

Letshoroma

Go fufulelwa bosigo

Nka itshireletsa jang gore ke seke ka tshwarwa ke TB?

Fa o nna mo ntlong e le nngwe le motho yo o tshwerweng ke TB, o

tshwanetse go ya go dirwa diteko kwa tlelinikeng e e gaufi le wena;

O seke wa dira mo mafelong a a nang le megare ya TB jaaka

mafelo a a sa tlhabiseng phefo, mafelo a go thusiwang balwetse

ba bolwetse jwa TB jalo-jalo;

Tlhokomela gore o ja dikotla letsatsi lengwe le lengwe go netefatsa

gore mmele wa gago o nna o itekanetse go itshireletsa kgatlhanong

le mogare wa TB.

Fa ke na le bolwetse jwa Mafatlha a bo ka alafega?

Ee. Bolwetse jwa TB bo kgona go alafega le fa o tshwaeditswe ke HIV.

Melemo e e dirisiwang go lwantsha TB e kgona go dira sentle le mo

bathong ba ba tshwaeditsweng ke HIV go tshwana fela le jaaka e

kgone go dira mo bathong ba ba sa tshwaediwang ke HIV.

Go na le melemo e le mmalwa e e dirisiwang go alafa TB e e setseng

e lwadisa motho. O tla tshwanelwa ke go dirisa melemo e mmalwa mo

sebakeng sa dikgwedi di le thataro. Ditshupo tsa bolwetse di ka nyelela

mo sebakeng sa dibeke di se kae fela fa o sena go simolola go dirisa

melemo, fela megare ya TB e tsaya nako go swa, ka jalo o tshwanetse

go tswelela go nwa melemo go ya ka mo ngaka kgotsa mooki wa gago

a go kaetseng ka teng (go tsaya melemo e e lekaneng mo letsatsing ka

nako e e maleba) go fitlha o bolelelwa gore o fodile.

A nka fetetsa batho ba bangwe TB?

Ee. Fa o na le TB ya mafatlha, o ka kgona go e fetetsa batho ba bangwe.

O tla tshwanela ke gore o se ke wa ya tirong kgotsa sekolong mme gape

o seke wa dira dilo dingwe dibeke di le mmalwa. Fa o setse o simolotse

go nwa ditlhare dibeke di se kae, go na le kgonagalo ya gore o se tlhole

o kgona go ka tshela batho bangwe ka mogare wa TB, fela o tshwanela

gore o tswelele pele go dirisa melemo ya gago bonnye dikgwedi di ka

nna 6 gore o fole fodifodi Ngaka kgotsa mooki o tla go bolelela fa o setse

o siametse go ka boela tirong, sekolong kgotsa nako e o ka kgonang go

dira ditiro tse dingwe. Molemo ga o a tshwanela go go tseela

maikatlapelo, go go tseela matla a senna kgotsa sesadi kgotsa matla a

go dira. Go dirisa setlhare jaaka o laetswe go tla dira gore o fole.

Ke dirisa kalafi ya Antiretroviral go lwantsha

tshwaetso ya HIV. A nka kgona go tsaya molemo wa

go alafa TB?

Ee. Ngaka ya gago e tla swetsa gore ke motswako ofe wa melemo o o

tla dirang sentle mo go wena.

ART e dirisiwa ka bosakhutleng mme kalafi ya TB e tsaya bonnye

dikgwedi di le thataro.

Kotsi ya go emisa kalafi ya TB pele o fola ke efe?

Megare ya TB e ka matlafala fa balwetse ba sa dirise melemo sebaka se

seleele kgotsa ba sa newe selekanyo se ba se neetsweng ka dinako tse

di matshwanedi. Se se itsege jaaka "go palela molemo wa TB (drug

resistant). Tsaya dikeletso tsa ngaka kgotsa mooki wa gago fa o dirisa

melemo.

A go na le melemo e nka e dirisang go nthusa go

fokotsa kgonagalo ya gore ke seke ka tshwarwa ke TB?

Ee. O ka dirisa molemo fa o setse o tswa ditekong mme go

netefaditswe gore ga o na bolwetse jwa TB mo nakong eo. Kopa

ngaka/mooki wa gago.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe:

Ikgolagange le tleliniki e e gaufi.

Tshedimosetso e e tseneletseng e ka bonwa go URC mogo

TBinfo@urc-sa.com kgotsa Lenane la Bosetshaba la TB mogo

(012) 312 0106

Papetlana e e rulagantswe ke porojeke ya TASC II TB ya URC ka thuso

ya matlole go tswa go USAID.

D e p a r t m e n t o f H e a l t h

URC

USAID

FROM THE AMERICAN PEOPLE

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!