Pula Imvula Mrt 2013 - Twana_4747.indd
Pula Imvula Mrt 2013 - Twana_4747.indd
Pula Imvula Mrt 2013 - Twana_4747.indd
Create successful ePaper yourself
Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.
Nkoko

Jane a re…

Re nnile le tshegofatsho go tsweng Phuthego ya

2012. Ka nako e ka ngogola re ne re kgona go

bega ka balemirui ba le 16 kwa Foreisetata ba ba

neng ba buseletswe madi – jaanong re kgona go bega

gore go na le balemirui ba le 142 mo dikgaolong tse

tharo ba ba buseletsweng madi. Re itumetse go nna

le tirisanommogo le mmuso e e thusang batho kwa

magaeng a bona.

Bolemirui bo bokete tota mme balemirui ntse ba

kgona go naya batho ba lefatshe dijo – se balemirui

ba ntse ba se dirang go tsweng bogologolo. Maemo

a bosa a supa gore a a fetoga mme re tshwanetse

go itse gore re tla bona phetogo e e ntse e tswelela.

Mefero e tswelela go kgona go fenya se re lekang go e

bolaya ka teng, mme gape re itse gore ditshenyegelo

di tlola di okediwa. Ka tebogo, tlhotlhwa ya kumo le

yona e ntse e oketswa mme balemirui ba ba kgonang

ba kgona go bona poelelo e e duelang teko ya bona.

Sengwe se se leng kgwetlho go rona fa re amogela

madi a puseletso ke gore re reke diterekere le

didiriswa tse dintsha kgotsa re boloke madi a mantsi

ka go reka tse di setseng di dirisitswe. Bontsha bo a

tura mme bo na le boikanyo, fa go na le go boloka

madi ka tse di setseng di dirisitswe di ka tlhola di ntse

di senyega e bile di tshwenya fa di tlhokegwa.

Mo lenaneong la gago, re dumela gore re dirise

madi ka boitshwaro tota – ga re a tshwanela go reka

fela ka gore mmuso o re fi le madi a go reka. Swetso e

re e tsayang e tshwanetse go tshwana le swetso e re

tla e tsayang fa e ne e le madi a rona.

Go thata go kgona go lokisa ntlha ya go reka diterekere

le didiriswa tse dinthsa go molemirui yo a simololang

– madi a a dirisiwang ga a a tshwanela ntlha

e. Balemirui ba ba simololang ba leka go kgaoganya

didiriswa tse dintsha (ka mathata a a tliswang fa go

kgaogangwa), kgotsa ba ka nna le tse di setseng di dirisitswe

go itirela. Ka mokgwa mongwe le mongwe, go

na le mathata. Akanya sentle ka ntlha e, tsweetswee

– re tshwanetse go swetsa mmogo ka dinltha tse ka re

dirisa madi a batho.

Re solofela gore kumo e re tla e bonang ngwaga

o e tla nna tuelo go teko e molemirui mongwe le

mongwe a e lekileng – go naya lelapa la gagwe, baagisani

ba gagwe le lefatshe la gagwe dijo. Ka go nna

molemirui, o tshwanetse go gakologelwa gore o naya

lefatshe la gago sengwe se se leng ng g botlhokwa bo

thata

– re go lebogela dijo tse re di jang! !

le gore a dipolelo tsa teng di ka kgonegwa.

Makoko otlhe a tshwanetswe go sireletswa,

mme gape makoko otlhe a tshwanetswe go

emela se a tshwanetseng go se dira.

Go tlhopha balemirui

Tiro ya go tlhopha balemirui ke yona e e leng

bokete tota e bile ke yona ntlha e e nang

mathata go feta mo lenaneong – ke mang yo

a tshwanetseng go fi wa puseletsomadi. Fa go

tlhokiwa go tlhopha go na le mananetema a

mantsi a a farologaneng. Lefapha la Tlhabololo

ya Magae le Tlhabololo ya Lefatshe le batla

go bona kgaoganyo ya lefatshe ka tshwanelo

e diragala go tsamaelana le dikgang tsotlhe

tse di leng teng. Lefapha la Bolemirui le Tlhabololo

ya Magae le batla koketso ya kumo

le ditiro. Grain SA e rata go bona balemirui ba

ba dirang thata, ba ba kgonang go amogela

neo. Mme gape go na le ba bangwe ba ba

nang ditsala kwa mmusong ba ba thusang go

neiwa. Go na le bahuni ba ba itsegweng ba

ba amogetseng madi a puseletsomadi. Ntlha

e ga e a siama.

Ka nnete tota, rona ba Grain SA, re kgonne

go tlhopha balemirui ba ba ntseng ba tlhabololwa

mo lenaneong la rona ka dingwaga tse di

fetileng – ba ke bona ba ba tsweletseng pele go

feta. Balemirui ba ba ne ba tsene di kopano tsa

dithutiso, ba bone diteko, ba amogetse thuso ka

bobona, ba tsene dithutiso tsa go ba ruta mme

ba ntse ba amogela lokwalo la Pula/Imvula dingwaga

tse di rileng – ba itse se se tlhokiwang

mme ba batla go se dira.

Paakanyo ya lenaneokgwebo

Fa molemirui a tlhophilwe, re tshwanetse go rulaganya

lenaneokgwebo le le ka kgonwang

2

LENANEO LA PUSELETSOMADI

Go kgonisa ka puseletsomadi

Diterekere le didiriswa tse di rekilweng di supiwa fa kwa di leng teng kwa Sentarathuto ya Kgoro.

– gare ga disupetso tsa tekanyetso. Re leka

go lebelela kgwebo ya bolemirui ka bophara

le go tshegetsa molemirui go kgona go dirisa

metswedi ya tlholego e e leng teng go

ena. Fa gongwe mateng a lenaneo la tirisomadi

le kaelwa ke ntlha e e leng botlhokwa

go feta ya lefapha kgotsa ya bokana ba

madi a a leng teng.

Balemirui ba bangwe ba na le diheketara

tse di ka nnang 100 fela, mme ba bangwe

ba ka nna tse di leng 1 000 – ntlha e

e tlhotlheletsa mateng a lenaneo la kgwebo

thata. Ga go kgonegwe go supa botlhokwa

ba didiriswa le diterekere tse dintshwa go

molemirui yo a ka jwalang diheketara tse

di leng 100 fela – go tura go feta mme o

tshwanetse go leka go reka didiriswa tse

di setseng di dirisitswe. Le gona go tlisa

mathata – tse di dirisitsweng di thata go

bonwa mme di tlhoka tlhokomelo go tsweng

tshimologong. Ke ntlha ya go ithuta a

bolemirui, mme ba bangwe go ba batle go

utlwela kgang e ya go ithuta, ka ntlha ya

gore ba batla “botona go feta le go phalana”

ya tsotlhe.

Go tlhoma baeteledipele

Baemedi ke ntlha e e leng botlhokwa thata

go lenaneo le puseletsomadi. Ga botlhokwa

thata go supa le go tlhoma batho ba ba siametseng

tiro – ba ba tlwaetseng bolemirui,

ba ba nang “pelo” ya go thusa molemirui yo

a tlhabololwang, nako ya go dira tiro e, ba

ba nang boikarabelo le boikano mme le go

batla go dira teng ga melwana e e rileng. Ba

tshwanetswe go rutwa gore ba tlhaloganye

tiragalo ya go nna moeteledipele le go tsweletsa

boeteledipele jaaka go tlhokiwa.