You also want an ePaper? Increase the reach of your titles
YUMPU automatically turns print PDFs into web optimized ePapers that Google loves.
Dithero tsa Tirelano mo Kutlwanong

47/2012 Thero ka Sontaga o o 17 morago ga moletlo wa Borarobongwe, e le ka 30. 09. 2012

MO LEINENG LA MODIMO O E LENG RARA LE MORWA LE MOWA O O

1. Sefela sa 279 - 261/268

BOITSHEPO!

2. Thapelo: Modimo, Rara yo o mo legodimong, a puso ya gago e tle, e ate mo go rona mo

Borwa jwa Aferika! Re kopa jalo mo leineng la ga Jesu Keresete, Mopholosi wa rona.

Amen.

3. Epistolo ka fa thulaganyong ya 2 e kwadilwe mo go Baroma 10:9-18;

Efangele ka fa thulaganyong ya 1 e kwadilwe mo go Matheo 15:21-28.

4. A go ipolelwe tumelo ya bokeresete!

5. Sefela sa 221 - 206/215

6. Thapelo ya mmadi wa thero.

7. Efangele ka fa thulaganyong ya 5 e kwadilwe mo go Jesaya 49:1-6, le re: "Nkutlweng, lona

ditlhakatlhake, reetsang, lona merafe kwa kgakala! MORENA o mpiditse go tloga botsalong, a

bolela leina la me, mme a ise a mpelege. A dira molomo wa me jaaka tšhaka e e bogale, a

mphitlha mo moriting wa seatla sa gagwe; a ntira motsu o o tlhokotsegileng, a mphitlha mo

mokotlopong wa gagwe. A nthaya a re: 'O motlhanka wa me, Iseraele, yo ke ikgalaletsang ka

wena.' Mme nna ka re: 'Ke itapiseditse lefela, ka fedisetsa thata ya me boithamako fela. Mme

ruri tshiamelo ya me e mo MORENENG, tuelo ya me e mo Modimong wa me.' Mme jaanong go

bua MORENA yo o ntirileng motlhanka wa gagwe go tloga botsalong gore ke busetse Jakobe

kwa go ene, mme Iseraele a phuthegele kwa go ene - Ee, ke a tlotlega mo matlhong a MORENA,

mme Modimo wa me e ne ya nna thata ya me - a re: 'Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go

tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la

baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.'" Amen.

8. Thero: Barategi mo Moreneng wa rona Jesu Keresete, a re gakgamaleleng tumelo ya rona, re

leboge Modimo ka metlha ka ntlha ya gago, re kope ka metlha mo go Mowa o oBoitsehpo gore o

re tiise mo tumelong e e pholosang. Kgang e ntle eo e e itumedisang ka Jesu Keresete, ke raya

30. 09. 2012 / ka Sontaga wa 17 morago ga moletlo wa Borarobongwe - 1 - 47/2012
Efangele, e tabogile mo lefatsheng lotlhe, go ya e gorogile mo go rona, kwa Zulu, mo

Mathoseng, Bapedi, masarwa, le mo bathong mo merafeng e mentsi e e agileng mo Borwa jwa

Afrika. A go lebogwe Leina la Morena wa rona Jesu Keresete, gonne o setse a bonye le rona

gore le rona re utlwe pholoso e e tswang mo bopelotlhomoging jwa gagwe jo bo

baakanyeditsweng badumedi ba gagwe, ba pholosiwe, ba tshele mmogo le Morena wa barena mo

pusong ya gagwe, go ya bosakhutleng. Le kajeno Modimo o bitsa batho ka Lefoko la ona le le

reng: “Reetsang lona merafe kwa kgakala!” O ka re: Re ka dira moletlo wa thomo kajeno, re

leboge Modimo, gonne o re file Efangele la ona gore le rona re dumele mo go ona, ke raya rona

ba re tswang mo merafeng e e neng e le kgakala le Modimo.

Temana ya beke e re: “Tumelo ya rona ke yona phenyo e e fentseng lefatshe.” Ke nnete! Ka go

dumela mo Modimong o o Borarobongwe re ntshitswe mo dithateng tsotlhe tse di bosula tse di

lekang go re gatelela fa fatshe gore re tshele ka kgololesego fa pele ga Modimo o e leng Rara wa

rona yo o mo legdoimong. Ka tumelo eo ya rona re na letlhogonolo le legolo, re abetswe

boitshwarlo jwa dibe tsa rona ka loso lwa ga Jesu Keresete, Mopholosi wa rona, yo o neng a re

swela mo sefapaanong. Ka tumelo eo re fiwa phenyo e e fenyang lefatshe le le lekang go re

gatelele fa tlase ga thata ya lona, mme ka Jesu Keresete re fentse, ke gona re tshelang jaanong

mo kgololesegong e e boitshepo e e tswang mo Mopholosing yo e leng Morena wa rona yo o

nang le thata tsotlhe. A re se ka ra boifa dithata tse dingwe, gonne Morena wa rona o re abela

phenyo ya go fenya lefatshe.

Fa re leba Epistolo ya kajeno, le yona e godisa kgang eo ya tebogo ya Efangele mo lefatsheng

lotlhe, e le e e pholosang ka go dumela Lefoko la Modimo. “Fa o ipolela ka molomo o re: Jesu

ke Morena, o dumela ka pelo gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla pholosiwa.”

Barategi, ka go dumela re a pholosiwa, gonne ka go dumela re ikanya Jesu Keresete gore ke

Mopholosi wa batho, wa baleofi. Lefoko la Epistolo e e kwadilweng mo lokwalong go Baroma e

tswelela, e re: “Tumelo e tla ka thero, thero yona e tla ka taelo ya ga Keresete.” Le mono mo go

rona mo Borwa jwa Aferika re utlwile mafoko a Morena a a biletsang pholosong. A re se ka ra

lebala kgakgamatso e kgolo. Ke tswa go batla leina la motho mongwe mo lokwalong lwa

phuthego e kgologolo. Nafthali Mtetwa o kolobeditswe ka 10 November 1901 kwa Umhlangeni.

Ke se segolo tota! Borraetsho ba ne ba bidiwa ke Modimo ka Lefoko la ona, ba kolobediwa gore

le bone ba tsene mo pusong ya Modimo, ba tshele mo morafeng o o boitshepo wa ona, ba

pholoswe, le dikokomana tsa bone di sa ntse di le teng, di sa ntse di dumela. A re lebogeng

Modimo, re lebogele pholoso ya rona.

30. 09. 2012 / ka Sontaga wa 17 morago ga moletlo wa Borarobongwe - 2 - 47/2012
Le mo Efangeleng ya kajeno re utlwile ka ga motho yo o neng a tswa kgakala, o ne a sa tswe mo

morafeng wa Modimo o o neng wa tlhaolwa ke Modimo gore a batlele morwadie thuso ya

Mopholosi wa batho. A re itumeleng le kajeno le ka malatsi otlhe ka pholoso ya rona, gonne pele

borraetsho ba ne ba le kgakala le morafe wa Modimo, mme jaanong re bana ba ona ka kolobetso

ka go dumela mo Mopholosing Jesu Keresete, Morwa Modimo.

Lefoko la thero ya kajeno le kwadilwe ke moporofeti Jesaya mo kgaolong ya 49. Modimo wa

roma baporofeti ba le bantsi le barongwa ba le bantsi mo morafeng wa rona gore ba rere, ba

bitse, ba goge morafe wa Modimo. Testamente e kgologolo e e boitshepo e tletse dikao tsa kgang

eo. Baporofeti ba le bantsi ba ne ba lapa mo tirong ya go bitsa morafe wa Modimo. Le Jesaya o

re bolelela kajeno, a re: “Ke itapiseditse lefela, ka fedisetsa thata ya me boithamako fela.” Ka

gongwe go na le baruti bangwe ba ba raelwang fela jalo ka nako nngwe, ka go sa bone thuso epe

mo tirong ya bone. Satane o rata barongwa ba Modimo ba ba lapang mo tirong ya go biletsa

batho mo Modimong, ka go kgalemela, le go kaela, le go gomotsa, le go tiisa morafe wa

Modimo. Ka ntlha ya moo o ba raela ka go ba tlhotlheletsa ka thaelo e e reng: Tsotlhe tse re di

dirang mo leineng la Morena mo bathong ga di thuse sepe. Mme Modimo ga o batle gore tiro ya

ona ya go pholosa batho e se ka ya dirwa, o a batla gore e dirwe. Ke ona o o reng: “Gonne

Lefoko la me le dira jaaka pula le semathana, di fologa kwa legodimong, di sa boele teng, mme

di nosa lefatshe, di le medisa, di le tlhogisa gore le nee mojwadi peo le moji bogobe; Lefoko la

me le le tswang mo molomong wa me le lone le tla nna jalo. Ga le kitla le boela kwa go nna le sa

dira sepe, mme le tla dira tse di nkgatlhang; le tla fetsa tse ke le di rometseng.” Lefoko leo ke

kgomotso e kgolo mo go botlhe ba e leng batlhanka, gongwe barongwa ba Modimo. Modimo o

fa Lefoko la ona thata le kgono.

Modimo o roma ka meltha batho mo tirong ya ona gore batho ba tlhabologe, ba pholosiwe. Re

itse kgang ya go laletsa batho gore ba tle mo moletlong wa lenyalo, mme fa ba ne ba ipata bale,

Modimo o ne a sa batle gore nama e ntle e e baakantsweng e bole, gongwe bojalwa bo senyege,

o ne a laletsa ba bangwe mo boemong jwa ba ba neng ba lalediwa pele gore ba amogele tse di

baakantsweng. Fa batho ba ntlha ba sa rate go atamela mo go ona o e leng Mong-wa-thata-

yotlhe. Modimo o laletsa ba bangwe. Le kajeno Morena o roma batlhanka ba gagwe gore batho

ba rerelwe Lefoko la gagwe.

Lefoko la Modimo le tshwana le dipolai tse di bogale, le dira tota. Mo go Bahebere 4 re buisa

Lefoko le le tshwayang sentle bogale le thata ya Lefoko la Modimo, lefoko leo le re: “Gonne

Lefoko la Modimo le a tshela, le a dira, le bogale go feta tšhaka nngwe le nngwe e e magale

mabedi; le a phololela, le ba le kgaoganya botshelo le mowa le malokololo le moko, le atlhole

30. 09. 2012 / ka Sontaga wa 17 morago ga moletlo wa Borarobongwe - 3 - 47/2012
dikakanyo le maikutlo a pelo.” Moporofeti Jesaya o ne a dirisa tšhaka eo. Lefoko la Modimo ke

sediri sa ona go fetsa tiro ya ona e re e amogetseng mo Modimong. Le ene Jesaya ka nosi e ne e

le tšhaka ya Modimo, gonne lefoko la thero ya kajeno le re: “MORENA a dira molomo wa me

jaaka tšhaka e e bogale, e mphitlha mo moritng wa seatla sa gagwe, a ntira motsu o o

tlhokotsegileng, a mphitlha mo mokotlopong wa gagwe.” A re gopoleng gore Modimo ga o nke

wa khutla go dirisa didiri tsa ona ka ntlha ya manganga a batho, gongwe ka ntlha ya bothata jwa

dipelo tsa batho, le e seng ka ntlha ya batlhanka ba ona ba ba sa rateng go dira, gongwe ka ntlha

ya batho ba ba sa rateng go reetsa, Modimo o tla tsweledisa tsamaiso ya Efangele ya ona mo

lefatsheng kwa o ratang teng.

Fa batho ba ba gaufi ba lapa go utlwa Lefoko la ona, go direlwa ke Modimo, Modimo o tla bitsa

batho ba ba kgakala, wa re: “Nkutlweng, lona ditlhakatlhake, reetsang, lona merafe kwa

kgakala!” A re tlhokomelng Lefoko leo, re le utlwe ka pelo e e bonolo, re utlwe sentle Lefoko la

Morena wa rona. Modimo o a bitsa, o a laletsa, o rata go ratisa batho le kajeno gore ba

tlhabologe, ba tle go ona, ba tshele. Modimo ga o lape go bitsa batho, go ba biletsa mo

tlhabologong le mo pholosong. Puso ya ona a e ate mo lefatsheng! Tota e ata le kajeno mo go

rona kwa re tshelang teng. Ka metlha kwa Lefoko le rerelwang teng le go abelwa disakaramente

teng puso ya ona e a ata. “Gonne Lefoko le disakaramente ke didiri tse Modimo o nayang Mowa

o o Boitshepo ka tsona. Ona o bopa tumelo, fa Modimo o ratang teng, le ka nako e o ratang ka

yona.”

Ga go na motho mo lefatsheng, le e seng motlhanka gongwe morongwa wa Modimo yo o

tshwanang le Morwaaona Jesu Kerseete, yo e leng motho, a tsamaya mo lefatsheng, e le

Motlhanka wa Modimo. Modimo o itumiseditse mo go ene ka tsela e e gakgamatsang mo

sefapaanong, ka loso le ka tsogo ya ga Jesu Keresete. Le kajeno re utlwa Lefoko la ona mono mo

tirelong.

Modimo o ne wa bitsa ka metlha morafe wa ona, morafe o o tlhaotsweng, morafe o monnye,

morafe o o boitshepo, morafe wa Iseraele. Le Jesu Keresete ka nako, fa a ne a tsamaya mo

lefatsehng ka dinao tsa motho, o ne a rongwa go batla batho ba morafe wa Iseraele pele. Re

utlwile jalo le kajeno ka Efangele e e reng: “Ga ke a rongwa, fa e se kwa dinkung tse di

latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele.” Mo Lefokong la thero ya kajeno re utlwa le se sengwe.

Modimo o biditse le batho ba merafe e mengwe gore ba tsene le bone mo pusong ya ona. Kajeno

re itumela rona ba re neng re le kgakala tota le morafe wa Iseraele, gonne le bagaetsho ba

amogetswe le bone go utlwa Lefoko la Mopholosi, ba tsenngwa le bone go tsalwa sešwa mo

kolobetsong, ba tsenngwa le bone go dumela mo Modimong wa nnete, o o Borarobongwe, Rara

30. 09. 2012 / ka Sontaga wa 17 morago ga moletlo wa Borarobongwe - 4 - 47/2012
wa rona o o mo legodimong, le Jesu Keresete Morwaaona, le Mowa o o Boitsehpo. A re

laletseng, re bitse le ba bangwe ba ba sa ntseng ba le kgakala gore le bone ba tsene, ba pholosiwe

ke Jesu Keresete. Modimo o tla ba atametsa mo go rona, ba le bantsi ba ba tswang kgakala le

kajeno go batla tiro mo Lefatsheng la Aferika Borwa, a re se ka ra ba tima Efangele, kgang e ntle

e e itumedisang, kgang ya pholoso ka Jesu Keresete Mopholosi wa batho botlhe. Amen.

9. Thapelo: Rara wa rona yo o mo legodimong, re a go leboga, ka o re rometse Batlhanka

ba gago gore ba re bolelele Efangele ya ga Morwao Jesu Keresete, Mopholosi wa rona. O

re abele Mowa o o Boitsehpo wa gago gore re tlhoafalele le rona go fetisetsa Lefoko la

gago mo go ba bangwe, re ba bolelele gore ba tlhabologe, ba tshele mmogo le rona mo

pusong ya legodimo, Re kopa jalo mo leineng la ga Jesu Keresete, Mopholosi wa rona.

Amen Thapelo ya Morena: Rara wa rona yo o mo legodimong ...

10. Sefela sa 216 - 201/212

A kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe e boloke dipelo tsa rona le maikutlo a rona

mo go Keresete Jesu, Morena, Morepholosi. Amen.

Thero eno e kwadilwe ke P. C. Weber,ka ngwaga wa 2012

Kgatiso le go rongwa ga dithero tseo go tshegediwa ke kopano e e bidiwang The Lutheran Heritage Foundation.

30. 09. 2012 / ka Sontaga wa 17 morago ga moletlo wa Borarobongwe - 5 - 47/2012