10.07.2015 Views

Setswana HL P1 - Exemplar 2007.pdf

Setswana HL P1 - Exemplar 2007.pdf

Setswana HL P1 - Exemplar 2007.pdf

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

Setswana Puo ya Gae/P1 2DoE/Exemplar 2007NSCDITAELO1.2.3.4.5.Araba dipotso TSOTLHE.Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwabokhutlong jwa karolo moithuti a thalele.Tlogela mola mo magareng a dikarolo tsa gago.Kwala ka mokwalo o o buisegang.Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.Copyright reservedPhetla

Setswana Puo ya Gae/P1 3DoE/Exemplar 2007NSCKAROLO YA ATEKATLHALOGANYOPOTSO 11.1 Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso tse di e latelang:BOAGISANYINtlo ya bobedi e ne e le ya ga Molefe: setsompa, leferefere, menomasweu.A nyala Lebogang, morwadia Modiboa wa Dibaere. Ba nna kgwedi tse pedi,kampo tse tharo – ga ke tshware sentle boitumelo le boipelo jwa botshelo jobonaana bo kgatlha magodimo. Mme ka phokoje a sa latlhe moseselo wagagwe, a sitwa go o latlhela rure a boela mo mokgweng wa gagwe o aneng a o tlogetse a santse a ipala mabala a kgaka mo go Lebogang.Mokgwa o e neng e le one o dirileng gore monnamogolo, Modiboa, a emeka thobane mo kgorong, wa itshupa; mme ga se ka ga thusa sepe,mosetsana a re fa ke re ka re, ka rialo. E re monnamogolo a santse a isitsemarapo go beng, a tswe ka letshola, a tlole dipota ... Monnamogolo kamahutsana a latlha seditse, a nyadisa morwadie ka pelo e ntsho ...Tsatsi la ntlha le Molefe o le letseng paeng mogatse a ikgomotsa ka goremonna o a tle a phirimelelwe nageng ka nako nngwe, le fa a na a saikaelela go lala digoba. Ya re go le tsatsi lengwe a iphaga dikoro mobotshelong jwa ga mogatse; motho a batla go mo ja nko e sa butswa. Ke faa tla simolola go ikgomotsa ka tshingwana ya ditšheše: a tlhola mo goyone, a phirimelelwa gone. Ba mo ja setshego go bona akgwaritsakgwaritsa mme motshegare otlhe a rothisa keledi. Ke fa e tla re gole tsatsi lengwe mosimane wa mongwaketsi a fapogela gone a ntse atsoma matute a morara; ka loleme lo lo boretŝhana a mo lebadisa bodutu lemahutsana. Ya re a tsamaya ga twe a se ka a lapa go eta ...Ntlo ya boraro e ne e le ya ga Motale ... Mogatsa Motale e le tsala e kgoloya ga mme mmaMofokeng. Fa o tsena mo tlung ya ga Molefe okgatlhantshiwa ke maphatsiphatsi a a kgobetsweng gotlhe: Fa o tsena motlung ya ga Motale o kgatlhantshiwa ke dipota tse di emeng mošampa ...Mme mmaMofokeng le Lebogang ba ne ba atamelane ka maemo; mme basa kgone go itsheba. Go tseelana molelo ga bone e le go go felelang mokadimisanong ya dilo tsa lapa. Ke fa e tla re go le tsatsi lengwe mmeMmaMofokeng a rome Basetsaneng go ya go mo kopela matlhare ammutshwana kwa go Lebogang : a fitlhela go thibile, e le maitsiboa aMatlhatso, motsi go sa tseneng motho. Lebogang a mo kgatlhantsha mokgorong :'Hee , wena o mosesane, tsamaya o ye o ree mmaago o re ga keise ke reke tee' A bua a tswala setswalo ka go se kgatlhametsa. Mongwewa banna ba ba neng ba itlhadia, a tshega; matute a morara a setse a mopelekantse matlho.[Setswana sa Lowe, J Malao le HM Tabane]1.1.1 Tlhalosa sentle gore fa mokwadi a re Molefe ke menomasweu okaya eng? (2)Copyright reservedPhetla

Setswana Puo ya Gae/P1 4DoE/Exemplar 2007NSC1.1.2 Naya mokgwa o le mongwe o Molefe a tlwaetseng go o dira o oneng wa dira gore mogatse a rothise keledi. (1)1.1.3 O itse jang gore go eta ga mosimane wa mongwaketse go ne gatlisa diphetogo mo maikutlong a ga Lebogang. (2)1.1.4 Goreng Basetsaneng a bolelela mmaagwe gore ga a sa tlhole abatla go romiwa kwa ga Molefe. (2)1.1.5 A rraago Lebogang o ne a rata ngwana wa gagwe a nyalwa keMolefe? Tlhalosa ka polelo e le nngwe fela. (2)1.1.6 Go kaiwa eng fa go twe go lala digoba? (2)1.1.7 Botsala jwa boagisanyi jwa ga Mmamofokeng le Lebogang ke jo bontseng jang? (2)1.1.8 Tlhalosa maele a a latelang:(a) Go ipala mabala a kgaka.(b) Go latlha seditse.(1)(1)Copyright reservedPhetla

Setswana Puo ya Gae/P1 5DoE/Exemplar 2007NSC1.2 Sekaseka setshwantsho se se latelang sa tshwaetsego ya Lebolelateng goreo tle o kgone go araba dipotso.1.2.1 Naya maina a dikgaolo tse di latelang:(a) E e nang le dipalopalo tse di kwa godimo tsa tshwaetsego godi feta tsotlhe.(b) E e nang le dipalopalo tse di kwa tlase tsa tshwaetsego go difeta tsotlhe.(2)(2)1.2.2 Naya dipalopalo tsa tshwaetsano ya Lebolelateng moditlhaketlhakeng tsa Caribbean (1)1.2.3 Go dikontinente tse kae mo lefatsheng? (2)1.2.4 Naya leina la kontinente e le nngwe fela e o e itseng. (2)1.2.5 Tlhalosa mafoko a a latelang:(a) Ditlhaketlhake(b) Tshwaetsano(c) Lebolelateng(2)(2)(2)PALOGOTLHE YA KAROLO YA A:30Copyright reservedPhetla

Setswana Puo ya Gae/P1 6DoE/Exemplar 2007NSCKAROLO YA BTSHOSOBANYOPOTSO 2Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko mme morago o e sosobanye ka temana e eka nnang le dintlha di le supa ka mafoko a gago mme bokao bo sa fetoge. Netefatsagore o akareditse dintlhakgolo le molaetsa wa yona.Le fa ke utlwile selelo sa ga Matlakala fa gare ga mpa ya bosigo ga ke a ka kaitshwenya ka go tsoga. Mo go bona ntwa e ne e le sejo sa ka metlha. Godimo ga mooMpolaeng o ne a ka go ja ka meno fa o ka leka go mo thiba a setse a ipaakanyeditsentwa. Ka moo Matlakala le ena a neng a tlwaetse go betswa, ke a solofela o ne a kautlwa botlhoko fa tshipi e ka fela Mpolaeng a ise a mo sibolole ditshoka. Tota le selelosa gagwe fa a kua mokgosi se ne se sa tlhole se tlhaba motho ope mo pelong. Se nese tsewa fela jaaka dingwe tsa ditiragalo tse di tlwaelegileng tsa motse waLerothwaneng. E rile mo mosong fa ke ya go fatlha magotlo ka fa morago ga ntlo kabona bene ya mapodisi e eme gaufi le ntlo ya ga Mpolaeng. Ka re ne re kgaoganngwake legora fela ka atamela go bona se se diragalang. Mantswe a bona a ne a utlwala ekete ba buela ka fa mosimeng. Ke sa kgone go utlwa sentle gore ba bua ka eng. Katlola bothale, ka atamela letlhabaphefo ka gonne go anegelwa ke go tingwa.Pelo ya me ya batla go ema fa ke bona Mothupi, seresanta wa sepodisi saLerothwaneng. A le mosweu ka mmala, a kwenne e bile a phatsima jaaka yona pitseya naga. O mponepone ka sebele. Leina la gagwe le buiwa go notletswe mabati. Kaatamela letlhabaphefo gape go utlwa tsotlhe. Tsebe ka e se na sekhurumelo ya se kaya ntshwabisa. 'Bua nnete fela morwarra. Maaka ga a na a go busetsa sepe. Wa re godiragetse eng?' Mothupi a bua a tshuba sekerete. Mo nakong e Mpolaeng o ne abokolela jaaka ngwana yo o matepe. A itshwere bohutsana a šebile fa fatshe. 'Seleloseo sa gago ga se kitla se re thusa ka sepe. Iphimole dikeledinyana tseo o nkarabe,golo fa ke mo tirong.'[Matjila D.S le Makhele E.M, Dintelo]PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10Copyright reservedPhetla

Setswana Puo ya Gae/P1 7DoE/Exemplar 2007NSCKAROLO YA CTIRISO YA PUOPOTSO 3Mme mmaMorati o ne a itlhaganelela pilediwa ya kwa ga mogatsamogolwe e bongAbueng. Fa a tsena koo, a bula molomo a re: ' O ntsentse letshogo jaaka ntšwa eutlwa ditlelabore ka letsatsi la ntlha la ngwaga. Diaparo tsa me tsa ka kwa teng ditsorotla metsi o ka re ke netswe ke pula. Ke tla ke sa taboge mogadibo, ke fofa. Gatwe matsapa di a tsaya kae?Abueng a bua jaaka mogolo a kgobegile marapo a re: 'Ke ne ke sa rate go go tshosa.Ke ka moo ke sa bolelelang Rapula gore ke go biletsa eng. Mogadibo, le tlhaba rerototse matlho. Le ka matlho ga re a bo bona. Bolwetse jwa mogoloe o kare bo ya kwatlhogong jaanong. Re letse re bogetse pharologanyo mo popong le dimpho tse reneng re di itse, dingwe re sa itse fa a na natso. O kile a tloga a ntsha molodi o omonate wa kopelo ya difela tsa dintsho tsa kereke. Ka re a fetogile thagana, ra ba ramo thusa mo kopelong. Fa re santse re natefetswe, a rotola matlho o kare tau eipaakanyetsa go kgwelogela sebolawa.Fa re bua jaana, o kae nkgonne? O ka faphaposing ya borobalo ya rona. Ga a rogane ga a rogane, o kumola ditlhare ka meno.Mmatla ga a kate ka morago o ka re motho a jele diritibatsi! E re ke ye go mmonamogadibo.'DIPOTSO:3.1 Bolela gore tiriso ya mogatlana – ana mo leineng le le latelang e dirisitswe gokaya eng?Thagana (1)3.2 Dirisa maemedi a a latelang mo dipolelong tse o di itlhametseng go supa fa oa tlhaloganya.3.2.1 Natso3.2.2 Rona(1)(1)3.3 Dirisa mabotsi a a latelang mo dipolelong tsa gago.3.3.1 Kae?3.3.2 Eng?(1)(1)3.4 Dirisa lengwe le lengwe la mafoko a a latelang mo dipolelong go supa bokaojo bo farologaneng le jwa temana:3.4.1 Bula3.4.2 Tlhaba(1)(1)Copyright reservedPhetla

Setswana Puo ya Gae/P1 8DoE/Exemplar 2007NSC3.5 Bolela gore go dirisitswe mofuta ofe wa segalo mo polelong e e latelang:Mme mmaMorati o ne a itlhaganelela pilediwa (1)3.6 Inola madirimatlhaedi a le mabedi mo dipolelong tse di latelang o bo o a dirisemo dipolelong tsa gago.3.6.1 Re letse re bogetse pharologanyo mo popong le dimpho tse re neng redi itse.3.6.2 Fa re santse re natefeletswe a rotola matlho o ka re a tau eipaakanyetsa go kgwelogela sebolawa.(2)(2)3.7 Kwalolola polelo e e latelang mme o thalele lediri le le supang gore tiro ediragetse.'Diaparo tsa me tsa ka kwa teng di ne di tsorotla metsi o kare ke netswe kepula.' (2)3.8 Naya maina a dikapuo tse di latelang:3.8.1 Ke sa taboge ke fofa.3.8.2 O ntsentse letshogo jaaka ntšwa e utlwa ditlelabore.(1)(1)3.9 Tlhalosa maele a a latelang:3.9.1 Go rotola matlho.3.9.2 Go kumula ditlhare ka meno.(1)(1)3.10 Tlhalosa seane se se latelang:Pilediwa e a lwelwa. (2)Copyright reservedPhetla

Setswana Puo ya Gae/P1 9DoE/Exemplar 2007NSC3.11 Leba setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso:Tlhagisa dintlha tse di supang gore ditiragalo tsa setshwantsho di tsamaelanale setlhogo. (4)3.12 Naya leina la seruiwa se se isiwang tlhabong (1)Copyright reservedPhetla

Setswana Puo ya Gae/P1 10DoE/Exemplar 2007NSC3.13 Leba phasalatso e, mme morago o arabe dipotso:Leba mokwalo mo phasalatsong e, mme o neye lebaka la gore goreng 'Anti -retroviral e kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo. (1)3.14 Tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng lefoko 'Anti –retroviral' le tsentswe momasakaneng? (1)3.15 Tebego ya difatlhego tsa batho ba e ntse jang? (1)3.16 Fa o lebelela go meteme ya melemo e megolo.Tlhalosa gore ke ka ntlha yaeng fa go dirisiwa meteme e megolo. (1)3.17 Ke ka ntlha ya eng fa molaetsa mo polakateng o kwadilwe gore ga se mang lemang yo a fiwang melemo.PALOGOTLHE YA KAROLO YA C:PALOGOTLHE:(1)3070Copyright reserved

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!