11.07.2015 Views

STI Setswana - Community Media Trust

STI Setswana - Community Media Trust

STI Setswana - Community Media Trust

SHOW MORE
SHOW LESS

You also want an ePaper? Increase the reach of your titles

YUMPU automatically turns print PDFs into web optimized ePapers that Google loves.

Go dira diteko kekgato ya ntlha ya gorulaganya isago yagago - o na le HIVkgotsa o sena yone.Rotlhe re mo kotsing• Rotlhe re dira thobalano.• O tlhoka go itshireletsa le molekane yo orobalanang le ene.Go thibela HIV• Go fokotsa palo ya balekane bao robalanang le bone go fokotsaditšhono tsa gago tsa go bona HIV.• Go tagwa go fokotsa tlhaloganyoya gago mme seno se ka oketsamaitshwaro a thobalano e ekotsi. Fokotsa selekanyo sannotagi e o e nwang.• O ka dira thobalano mme o se tsenwe ke HIV ka go dirisakgotlopo nako nngwe le nngwe fa o dira thobalano.• O seka wa tsenya bonna jwa gago mo sesading kgotsa mophinyeng ya molekane wa gago kwa ntle ga go dirisa kgotlopo.• Bona kalafi ka bonako tebang le tshwaetso kgotsa go nya gogongwe le gongwe go tswa mo botoneng, sesading kgotsa mophinyeng. Badiredi ba botshelo bo bontle ba katisitswe mmeba tlwaetse go bona mapele. Ga go sepe se se tshwanetseng gogo tlhabisa ditlhong.Kgakololo le Diteko tsa HIV (HCT)• O tshwanetse go bona kgakololo pele ga diteko. Kgakololo e gobaakanyetsa dipholo, gore o nagane gore karabo ya gore o na lemogare kgotsa ya gore ga o na mogare e tla go ama jang.• O tshwanetse go amogela kgakololo morago ga teko ya gago.Fa diteko di re o na le HIV• O ka tshela botshelo jo bo tletseng mme e le jwa setlwaedi, gotsenyeletsa le go nna le lelapa le go fitlhelela ditoro tsa gago.• Ditebogo go di ARV, HIV ke bolwetsi jo bo tswelelang mme bolaolesega jaaka bolwetsi jwa sukiri kgotsa kgatelelo e e kwa godimo yamadi (hypertension).• Bona palo ya CD4 le teko ya selekanyo sa mogare gore o tle o kgonego itse gore o simolola leng ka di ARV.• Bona tshedimosetso. Rulaganya isago ya gago. Bua le modiredi wagago wa.botshelo bo bontle• Buisa phamfolete ya rona “Ke na le mogare wa HIV , jaanong golatela eng?”Fa diteko di re ga o na HIV• Dumela gore o ka nna o sena mogare. Itshireletse. Sireletsa babangwe.• Dira leano go fokotsa kotsi ya gago ya HIV.• Fokotsa palo ya balekane ba gago ba thobalano.• Dirisa kgotlopo le senolofatsi se se ikaegeling ka metsi nako le nako fao dira thobalano.• Botsa ka ga dikgotlopo tsa basadi kwa tleliniking ya gago (femidoms).• Dira teko gape mo dikgweding di le thataro.Itshireletse. Sireletsa ba bangwe.Community Media Trust021 788 9163www.beatit.co.zawww.cmt.org.zaSeTswanaDumela leina la me ke Lloyd.Di STI di bonolo go alafega.Nte ke go bolelelegore ja ng.www.beatit.co.za

Mongwe le mongwe a ka bona STI.Dirisa kgotlopo nako le nako fa o dirathobalano.HIV, Mogare o o isang kwa go AIDSle ona ke STI.Kalafi ya di STIs (ntle le HIV)• Dikgang tse di itumedisang ke gore bontsi jwa di STIs (ntle le HIV) di kafodisiwa ka dilwantshamatlhoko.• Fa o na le mofuta ofe wa go nya, monkgo kgotsa setlhabi go tswa mosesading sa gago, serwe sa bonna kgotsa phinya o tshwanetse go ya gobona ngaka kgotsa mooki ka yona nako eo.• Bonako jo o yang ka jona kwa tleliniking le go bona kalafi, go tla nnabonolo go alafa tshwaetso.• Ka gale fetsa melemo yotlhe eo e neilweng le fa go tshwaetswa go bonalao kare go tsamaile.• Fa o tlogela go nwa melemo pele e fela, tshwaetso e ka boa gape.Dilo tse o tshwanetseng go di gakologelwa• Mongwe le mongwe a ka bona STI, go tswa go poresidente goya go bišopo!• Ga go sepe se o tshwanetseng go se tlhabelwa ditlhong kgotsago se swabela. Mooki wa gago o tlwaetse go lebelela mapelemme ke moporofešenale yo o itseng gore o alafa jang di STI.• Go sa alafe di STI go oketsa kotsi ya go bona HIV thatathata.• Fa o na le HIV, o na le kgonagalo e e kwa godimo ya gotshwaetsa molekane yo o robalanang le ene fa o na le STI e e sabonang kalafi.STIs (Ditshwaetso tse di fetelelang kathobalano)• STI: Ditshwaetso tse di fetelelang ka thobalano ke tshwaetsonngwe le nngwe e o e boneng ka go kopana ka thobalano lemapele a motho yo o tshwaeditsweng. Seno se tsenyeletsathobalano e e tlwaelegileng, ya molomo le ya phinya. Seno keona tsela eo o ka bonang STI.• Ke dikgeleswa fela tse di ka fetisiwang ka go sunana ka molomo.• Syphilis, gonorrhoea, herpes, chlamydia le hepatitis B tsotlhe kedi STIs.• STI nngwe le nngwe e bakwa ke mogare o o farologaneng.• HIV, mogare o o bakang AIDS, le ona ke STI – fela e ka fetisiwagape ka madi le ka maši a letsele.Itshireletse• O ka itshireletsa le go sireletsa molekane yo o robalanang le enekgatlhanong le di STI, go tsenyeletsa le HIV, fa o dirisa kgotloponako le nako fa o dira thobalano.• Fa o dira thobalano e e sa sireletsegang ya molomo ( go latswaserwe sa monna go dira thobalano, go momona serwe sa sesadi)le motho yo o nang le STI o ka nna wa tshwaetsega.• Ga go a tlwaelega go ka bona HIV ka thobalano ya molomo.E fetisetswa go yo mongwe go le gantsi ka thobalano e e sasireletsegang ya sesadi le ya mo phinyeng.• O ka tswa o bone ditshwantsho tse di maswe tsa di STI mmewa nagana gore o ka se tlhole o dira thobalano le motho yo olebegang jalo! Mo dikgatong tsa ntlha tsa tshimologo bontsi jwa diSTI di a bonala. O ka nna le go nya mme o sa o ele tlhoko. Felale fa o sa bone sepe, di STI di na le tshwaetso e e kwa godimomme di ka fetisediwa bonolo go ba bangwe.Dikgang tse di itumedisang kegore bontsi jwa di STI di a alafega.Bonako jo o yang ka jona kwatleliniking, go tla nna bonolo go ealafa.Di STI le HIV• O seka wa abelana ka dipilisi tsa gago.• Fa o na le STI go dira bonolo go bona HIV.• Go nya go tswa mo di STI go na le HIV e ntsi. Fa o dira thobalano le mothoyo o nang le STI mme gape a na le HIV, diedi tse di ka go tshwaetsa kaHIV bonolo.• Fa o na le HIV e ka dira mesego e mennye kgotsa go phanyega moletlalong. HIV e ka tsena mo mading ka yona mesego kgotsa go phanyegago gonnye go.• Fa o na le HIV le dikgeleswa (herpes), o na le kgonagalo e e kwa godimoya go tshwaetsa molekane yo o robalanang le ene ka HIV le dikgeleswa(herpes).• Dikgeleswa (herpes) di ka alafiwa ka acyclovir. O tshwanetse go simololaka kalafi ka nako eo o utlwang go tsikitlega mo ditshikeng, e e gobolelelang gore leroborobo le a simolola.• Dikgeleswa (herpes) di nna mo mmeleng le fa go se na matshwao. Gae tshwaetsege fa go sena matshwao. Matshwao a ka tlhagelela ka nakonngwe le nngwe – le e fa le gore GA O DIRE thobalano le mongwe. Gonna le mofikela, kgatelelo, kotlo e e sa siamang, tsotlhe tse di ka dira goreleroborobo le lešwa le tlhagelele.Fa o na le HIV, o na le kgonagaloe e kwa godimo ya go tshwaetsamolekane yo o robalanang le ene fao na le STI e e sa bonang kalafi.Dirisa kgotlopo nako le nako fa odira thobalano.

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!