24.12.2014 Views

diteng - Amos Africa

diteng - Amos Africa

diteng - Amos Africa

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

DITENG

Maikaelelo a thuto ya Beibele dipolasing 2

Khoso e e ka dirisiwa sentle jang 3

Moralo o tlhokegang o amanang le Bukana e e senang Mafoko 6

1. O ka tlhaloganya molaetsa otlhe wa Beibele 8

GAUTA

2. Go na le Modimo wa nnete o le mongwe fela mme o go rata thata 10

3. Modimo o ipolela gore One ke mang 12

4. Modimo o itse tsotlhe tsa gago – O go itse le ka leina la gago 14

LESWE

5. O tletse sebe, mme ga o kgone go ipholosa 16

6. Beibeleng Modimo o bolelela seo sebe e leng sone 18

7. O ka se kgone go subela Modimo sebe sa gago 20

BOHIBIDU

8. Modimo o roma Jesu Morwa wa gagwe go tla go go pholosa 22

9. Ke Jesu fela yo o ka kgonang go go pholosa,gonne ga a tshwane 24

le batho botlhe ba bangwe

10. Ga go tlhokege gore o dire matlhabelo sebakeng sa sebe sa gago 26

BOPHEPA

11. Fa o dumela mo go Jesu o tla nna le kitso ya gore o pholositswe 28

12. O tshwanetse go dumela mo go Keresete 30

13. Le fa o ka tshela sentle, o sala o le molato fa o sa dumele

mo go Keserete 32

14. Sala mo go Keresete fela – O tla go sireletsa mo go yo o bosula 34

15. Ditiro tsa gago di supa gore o a dumela ya gago 36

BOTALA JWA BOJANG

16. Fa o le ngwana wa Modimo, botshelo jwa gago bo tshwane le

ba ga Jesu go feta 38

17. O tshwanetse go itse gore karolo e o e badileng mo Beibeleng,

e dumellana jang le dikarolo tse dingwe tsa Beibeleng 40

18. Mowa o o Boitshepo o batla go laola botshelo jwa gago

letsatsi lengwe le lengwe 42

19. Seo o se bolelang le seo o se dirag di dumalane 44

20. Fa o rata go tshela jaaka Jesu, o tlhope ditsala tse di siamang 46

21. O tshwanetse go direla Morena mmogo le Bakeresete ba bangwe 48

22. Latela fela baeteledipele ba kereke ba ba dirang tse di kwadilweng

mo Beibeleng 50

BOTALA JWA LEGODIMO

23. Jesu o tla boa gape go tla go tsaa bana ba gagwe 52

24. O ipaakanye ka gonne Jesu a ka boa nako nngwe le nngwe 54

MAIKAELELO A THUTO YA BEIBELE DIPOLASING

Beibele e ruta ka mokgwa wa tlhamalalo gore fa monaya-tiro le modiredi wa gagwe ka

bobedi ba dumela mo go Keresete, ba tshwana jaaka bakaulengwe le dikgaetsedi (1

Timotea 6:2 le Filemone 15-16). Khumiso ya semoyeng e monga polasi le badiredi ba

ka e amogela fa ba reetsa lentswe la Modimo mmogo, ba tataiswa ke lone mmogo, e

kgolo go gaisa jaaka ba bantsi ba akanya. Sentle-ntle monga tiro yo o sa kopaneng

mmogo le badiredi go ithuteng lentswe la Modimo, o latlhegelwa ke matlhogonolo a

mantsi thata. Ga go ka ke ga nna botlhofo ka metlha fa go na le pharologanyo ya dipuo

e tla kgoreletsang dipuisano, fela e tla nna e ntse e le khumiso ya semoya. Ka

maitemogelo a ka ke ithutile go se reetse lentswe la Modimo mmogo le “bagaetsho”

fela. Ke ithutile segolo-bogolo ka batho ba dipuo le ditso tse dingwe, le ka ditlhopa tsa

badiri. Ka fa letlhakoreng le lengwe ke amogetse dilo tse di ntse go Morena tse ke

ratang go di arolelana le bone.

Fa e le gore baagi ba polasi ba batla katlego le go una khumo sentle, botlhe ba

tshwanetse go rwala maikarabelo mme ba tshepagale. Se se ka diragala ka ntlha e le

nngwe fela, fa botlhe ba dumela mo go Jesu Keresete, ba ntšhafetswe mme ba fetogile

mo botshelong. Motheo o o siameng oo ka ona o ka agang setshaba sa polasi le

botshelo bo bo ntsha ke ka lefika Jesu Keresete. Tsela e ntle ya go aga setshaba se,

ke ka katiso ya thuto ya Beibele dipolasing gangwe le gape, go ithuta lentswe mmogo

le go e diragatsa mo polasing.

Maikaelelo a katiso e ya ntlha ya thuto ya Beibele Dipolasing, e Project Amose a

neyanang ka yone ke a:-

1. Go naa ba ba sa dumeleng sebaka sa go amogela Keresete.

2. Go ruta badumedi dinnete tsa tumelo ya Sekeresete.

3. Go naya ba ba dumelang bopelokgale le bokgoni jwa go pakela ba bangwe

sentle ka nonofo.

4. Go tsweletsa dipuisano pele polasing mmogo le go aga matshelo le

bokamoso bo bo dumellanang le Evangedi ya ga Keresete.

A thuto e ya Beibele dipolasing e ke e nne le maitemogelo a a bopang a na

le katlego mo go lona.

A thuto e ya Beibele dipolasing e ke e nne le maitemogelo a bopang a nang le katlego

mo go lona.

Mokwadi

Bala tlhe

MOKGWA O O SIAMENG WA GO DIRISA KATISO E KE OFE

2

KHOSO E E KA DIRISIWA SENTLE JANG

1. Dikarolo tse tsotlhe tse masome a mabedi a metso e mene di diretswe go naa

batho molaetsa o simololang wa Beibele ka thuso ya Bukana e senang Mafoko.

Dithuto tse di tlhaga ka mokgwa o bonolo, ka go dirisa mebala, ditshwantsho tse

di itsiweng, ditemana tsa Beibele, le dipotso tsa puisano. Ka gone dithuto tse di

thusa thata go ruta batho molaetsa o simololang wa Beibele gore ka tumelo mo

go Keresete ba tle ba pholosiwe mme ba tshele ka tebogo tlotlisong ya Modimo.

E kete le batho ba ba sa itseng go bala ba thusiwa thata ke katiso e.

2. Ke tlwaelo e ntle, gore tsatsi lengwe le lengwe, botlhe ba phuthege mmogo e sa

le phakela pele go tiro, go simolola ka palo ya Lentswe la Modimo le ka thapelo.

Ka bomadimabe, go dira se, ga go kgonagale ka metlha. Go ka nna botlhokwa

fa o ka tsaa metsotso e le mashome a mararo ka beke sebakeng sa go tshwara

Thuto ya Beibele Dipolasing. Katiso e e kwadilwe ka maikaelelo ao.

3. Ee ke katiso. Se se bolela gore e se ka ya dirisiwa ka go e balela batho ka

metsotso e se mekae phakela. E batla gore go buisanwe, go ithutwe le go dirwa.

Fa o ba balela dikerolo fela di se ke tsa nna le mosola thata. Fa o paletswe go

fetsa puisano ya karolo ka nako e e beilweng, o ka tswelela ka yona kopanong

e e tlang. O se ke wa itlhaganela go fetsa thuto. Go ka nna molemo thata gape

fa o ka boeletsa thuto e ka dinako tse dingwe. Ee, o ka boeletsa thuto yotlhe ga

bedi gore ba tlhaloganye molaetsa sentle.

4. Mo thutong nngwe le nngwe go na le nnete ya mo gare e lengwe fela. Nnete ya

mogare ke se o batlang gore motho a se gopole kwa morago. O tshwanetse go

itse go akaretsa molaetsa wa gago ka polelo e le nngwe fela. Go botlhokwa gore

nnete e e lenngwe e boeletswe makgetlo a se makae. Ka mokgwa oo nnete e

e tlhomamisiwe.

Motho o gopola bonnye ba 10% fela ya tse a di utlwileng. Mme o gopola 50%

ya tsotlhe tse a di utlwang le go di bona. Ka gone, manega nnete e ya mo gare

ka metlha gore e bonagale sentle go batho botlhe. Fa motlhamong le kopana

felong le le rileng ka metlha o ka tlogela dinnete tse, mmogo le ditshwantsho tse

di dumeletsanang mo leboteng. A setlhopa se boeletse nnete e ka lentswe le le

utlwagalang ka dinako tse dingwe. Fa setlhopa se bua mmogo ka mokgwa oo,

o ka se thusa go gopola 80% ya molaetsa.

5. Setshwantsho se se bonagalang tshimologong, se na le ditiro tse tharo. Jaaka

ketapele e maatla, e gape megopolo ya mongwe le mongwe mo setlhopeng,

gore o nne le bonnete ba gore ba reetse sentle. Ntlheng ya bobedi ke boiteko

ba go thusa setlhopa go gopola molaetsa ka go o bapisa le dikgang tse dingwe.

Ntlheng ya boraro ke tse di bonwang setshwantshong tse di thusang go gopola

molaetsa sentle.

Mme ka metlha re gopole gore setshwantsho sengwe le sengwe se na le

tekanyetso. Fa go kgonagala, leka go dira gore ba tlhaloganye setshwantsho se

se mo leboteng ka go ba supetsa dilo tse dingwe sentle. Se se ka thusa thata

3

go gagamatsa molaetsa. Sekao, ketapele ya nomoro ya 4 e ka tlhaloswa ka go

tshameka. Nomorong ya 18 go ka bewa leotwana la steering la kgale le

lekgwatlho mo tafoleng. Nomorong ya 20 le ka ya go sheba ka mo haka ya

terekere e leng ka teng. Dira matsapa-ruri o tla bona maungo ka gona.

6. Ke boela ke go naa mananepalo go go nametsa go manega dinnete tsa mogare,

go dirisa dikarete, go dira dilo tse di tlhalosang thuto, le go naana ka nako e

lekaneng sebakeng sa go dira dipuisano tse di lebaganeng le thuto. Tlhagiso ya

ditshwantsho tse, e tla go thusa go di gopola sentle.

O a gopola:

10% ya tse o di utlwang

50% ya tse o di utlwang

le go di bona

80% ya tse o di utlwang o di bonang le go buisana

90% ya tse o di utlwang le tse o di

bonang, o di bolelang le go di dira

7. Go botlhokwa go gopola gore melaetsa e ga e ya siamela bana ba banyenyane – ke gore ba fa

tlase go dingwaga di le leshome. Bana ba banyenyane ba tlholega go akanya ka botlalo. Ke ka

gone ba tlhaloganyang ka thata pharologanyo pakeng tsa setshwantsho se se dirisiwang le

molaetsa.

8. O newa ditlhopa tse tlhano tsa Bukana e e senang Mafoko mmogo le katiso e. O reke ditlhopa

tse di lekaneng e le gore mongwe le mongwe a nne le dibukana tsa gagwe. (Gongwe badiri ba

kgona go ithekela). Setlhopa se na le dibukana tse pedi. Bukana e e senang Mafoko le bukana

e mo molaetsa wa Bukana e e senang Mafoko e tlhalosegang ga kgutsane ka puo e bonolo. Lefa

Bukana e senang Mafoko e ka rekiwa e le nngwe sebakeng sa batho ba sa kgoneng go bala, go

molemo go ba naa dibuka tse ka bobedi. Bontsi ba bone ba na le ngwana kgotsa tsala e itseng

go bala ba ka ba balelang yone. Bukana e e senang Mafoko e dirisiwa gotlhe katisong e.

9. Gape go ka nna molemo fa modiri mongwe le mongwe a ka nna le khoso ya boikatiso ya gagwe

(le dikarete), se se tla mo thusang go tlhalosetsa batho mo gae le go fetisetsa molaetsa le go bala

4

gape ditemana tsa Beibele le go e seka-seka gape. Badiri bao e leng batsamaisi ba semoya le

baeteledipele ba dikereke tsa bone, ba tshwanetse go ituelela khoso e.

10. Go botlhokwa gore badiri ba gago ba ba setseng ba pholositswe ba newe tshiamelo ya go

tsamaisa Thuto ya Beibele Dipolasing. Ka tsela e ba newa nako ya go ikatisa sebakeng sa go

neela ba bangwe Lentswe la Modimo. Go feta moo, go botlhokwa gore le wena monga tiro o tsee

karolo mme o tsamaise borapedi ba polasi ka dinako tse dingwe.

11. Go molemo ka metlha go ithuta ditemana tsa Beibele ka tlhogo. Ka dinako tse dingwe setlhopa

se itlhopele temana eo se ratang go ithuta yone. A mongwe le mongwe a ipatlele temana eo

Beibeleng mme a e tshwaye. Ka gone ba tla ithuta yone le go e gopola ka bonolo. Temana e ba

ka ithuta yone kwa gae mo gare ga beke.

12. Fa go tlhokagale gore ditemana tsotlhe tse di tlhagang mo khosong di balwe kopanong. Mme go

botlhokwa go di bala fa o ipakanyetsa kgotsa o dira dipatlisiso ka morago.

13. Go botlhokwa thata go dira taletso mo bathong nako le nako le go ba naa tshiamelo ya go

amogela Jesu Keresete jaaka Mopholosi wa bone ka sebele. Dirisa Bukana ee senang Mafoko

sebakeng sa tsamaiso ya go isa motho go Keresete. Fa motlhamong o kopane le mathata

mabapi le boloi jalo-jalo, tse o sa kgoneng go di rarolola, o ka kopana le Projeke Amose.

14. Fa khoso e e sa dirisiwe sebakeng sa Thuto ya Beibele Dipolasing, mme e le sebakeng sa

dikopano tse dingwe, go ka diragala gore dipotso tse di leng mo bokhutlong ba thuto nngwe le

nngwe di se ka tsa dirisiwa. Kgetha dipotso tsa gago sebakeng sa puisano.

15. Khoso e yotlhe e theilwe mo godimo ga mebala ya Bukana e e senang Mafoko. Ka gona, dintlha

tse latelang tse di amanang le bukana e,ke tsa botlhokwa.

5

MORALO O TLHOKEGANG O AMANANG LE BUKANA E E SENANG

MAFOKO:

1. BUKANA E E SENANG MAFOKO KE ENG

Molaetsa wa botlhokwa wa Beibele o ka akarediwa ka dintlha tse thataro tse kgolo. Ntlha nngwe le nngwe

e dumelana le mmala o rileng. Bukana e senang Mafoko ke bukana fela kantle ga mafoko. E na le

mebala e le merataro fela. Ka lebaka leo bana le bone ba sa rutegang ba ka e “bala” le go e tlhaloganya.

Ke gone melaetsa o gopolwa ka nako eo mebala e bonwang. Ditekanyo tsa mebala ke tse di latelang:-

Q Gauta - Modimo ke Morena

Q Leswe - Sebe se dira leswe mo botshelong jwa gago

Q Bohibidu - Madi a ga Jesu

Q Bophepa - Bana ba Modimo ba a phepafatswa

Q Botala jwa bojang - Go gola semoya(semela se se tala se a gola)

Q Bobududu jwa

Legodimo - Jesu o tla boa gape (Legodimo, mo Jesu a tswang teng, le na

le mmala o bobududu)

2. KE KA NTLHA YA ENG BUKANA E SENANG MAFOKO E LE TSHWANEDI

MOTHONG GO MONGWE LE MONGWE

Gompieno borapedi ba Sekeresete ga ba ananelwa jaaka nako ya go feta. Mefuta yotlhe ya borapedi e

tsewa gore e a lekana. Borapedi ba Sekeresete ga bo tlhole bo sirelediwa le go ntshetswa pele ke

Mmuso. Bakeresete jaanong ba tshwanetse go ipolela le go supa se ba se dumelang. Ke ka gone go

tlhokagalang thata gore batho ba itse tse di latelang:-

* Kgang ya setlhogo ya tumelo ya Sekeresete ke efe

* molaetsa wa Beibele ke ofe

* nka pholosiwa jang

* nka isa ba bangwe jang go Keresete

Mo godimo ga dipotso tse tsotlhe Bukana e senang Mafoko e go naa karabo e

khutsanyane e bonalang e nepagetseng.

3. KE KA NTLHA YA ENG BUKANA E SENANG MAFOKO E PHATLALATSWE

GAGOLO MO BAAGING BA DIPOLASI MO LEFATSHENG LA RONA

Akanyang sentle maemo ao badiri ba dipolasi ba leng mo go one gompieno. Wena ga wa ka wa golela

mo legaeng la Sekeresete. Jaaka ngwana o ne o ya ka sewelo kerekeng. Ke gore jaanong ga o na kitso

sepe, kgotsa o na le kitso e bokoa ya Beibele fela. Moshe le Paulose ke maina a mabedi a wena o sa a

itseng; Morago o ile wa ya kerekeng gangwe. Melaetsa e ile ya farologana go tloga mo go “Abrahama

yo dirang Isaka setlhabelo ‘go fitlhela’ o tshwanetse go fa kereke madi”. Ke fa o filwe Beibele ya gago.

Dingwaga tse mashome a mararo tse di fetileng o ile wa pasa setlhopa sa boraro sekolong sa polasi. Go

tloga go Sub A go fitlhela Standard 5 o dutse klaseng e le nngwe. O rutilwe ke morutabana yo o pasitseng

Standard 6 fela. Go raya gore o itse go bala go le gonnye fela. O simolotse go bala Beibele ya gago go

tloga mo go Genese, mme fa o kgone go bala go fitlhela mo go Eksoda. Fa o akanya sentle go tla go

tsaya nako e kae go bona gore Beibele e bua ka eng Gopola gore batho ba bantsi ba ba leng mo

kerekeng Sontaga sengwe le sengwe, ga ba kgone go go tlhalosetsa molaetsa wa Beibele.

Ee, batho ba bantsi ga ba tlhaloganye kgang e! Ba tshwanetse go thusiwa ka bonako go utlwa Evangedi

ka mokgwa o mokhutsanyane, o utlwagalang,o bonagalang. Bukana e senang Mafoko, ka tlhaloso ya

yone e bonagalang, ke yone e ka thusang thata.

6

4. MOSOLA O MONGWE WA BUKANA E E SENANG MAFOKO

* Molaetsa wa Beibele o tlhopisiwa sentle ka tatelano. Melaetsa ya Bukana e senang Mafoko e

tlhopisitswe ka tsela ya gore dikgang tsa molaetsa wa Beibele di latelane sentle mme go bonagale

kamano pakeng tsa tsone, se se thusa batho gore ba gopole molaetsa le go o fetisetsa go batho

ba bangwe. Motho o gopola 1,2,3,4,5,6 ga bonolo go na le 5.3.4.6.2.1

* Ke ka thuso-bogare e ntle ya go isa motho mo go Keresete. Ka gonne Bukana e e senang

Mafoko e tshwere molaetsa o magareng wa pholoso e ka dirisiwa sentle dipuisanong tse di

amanang le boammaaruri ba tumelo. Gape e ka thusa thata dipuisanong le bana le ba ba sa

rutegang.

* Bukana e senang Mafoko e rwele molaetsa wa Evangedi; Ka gonne ditlhaloso tsa Bukana e

senang Mafoko di fetoletse bonye dipuong tse supa. Motho mongwe le mongwe a ka bua le

batho ba mefuta e mengwe ka Evangedi.

* Jaaka pampitshana e ka phatlalatswa ka bontsi ka gonne e le bukana e nyenyane ya theko e kwa

fa tlase e ka phatlalatswa ka bontsi phuthegong sebakeng sa go tlhokomela badumedi. Ditlhopa

tsa batho ba ba dirang tiro ya barumiwa di ka tsa tse dintse le go di tlogela moo. Di ka

phatlalatswa le mo gare ga badiredi.

5. KA KAKARETSO:

Dipuo:

Bukana e e senang Mafoko e setse e le teng ka Se Afrikaanse; Senyesemane; Sesotho; Sezulu;

Sepotokisi; Sexhosa le Setswana

7

1. O KA TLHALOGANYA MOLAETSA OTLHE WA BEIBELE

KETAPELE:

* Bona mo ke na le setshwantsho sa Beibele(supa karata ya 1A). Molaetsa wa setshwantsho se

ke o reng “Modimo o mongwe fela mme o go rata thata”. Fa nka sega setshwantsho ka diripana

ka di tswakanya; di tla nna jaana. (Fetola karata mme o supe 1B). Fa nka simolola go go

supetsa setshwantsho sa dimika ga o kitla o tlhaloganya molaetsa o o leng sone. O tshwanetse

go bona molaetsa otlhe pele. Jaanong go tla nna bonolo go itse gore semika sengwe le sengwe

se tsena kae le gore molaetsa wa sone ke ofe

* Jaanong bothata ba rona ke ba ka metlha fa re bala Beibele, re sheba semika se le sengwe fela

Beibeleng. Re bala kwa le kwa. Ke ka gone re sa tlhaloganyeng sentle gore karolo e e tsena

jang kgotsa kae molaetseng otlhe.

* Jaanong fa o sa tlhaloganye molaetsa wa Beibele otlhe, o tla tlholega go tlhaloganya se dimika

tse o di badileng di se bolelang. Motlhamong wa ipotsa gore o tla kgona jang go tlhaloganya

molaetsa otlhe wa Beibele.

MOLAETSA: Gompieno ke go tsetse dikgang tse di molemo. Le fa o sa tsaa nako e telele kwa sekolong,

le fa o sa itse go bala sentle ga go dire sepe(kgomaretsa nnete ya bogare ya nomoro 1). LE WENA O

KA TLHALOGANYA MOLAETSA OTLHE WA BEIBELE, gonne ke itse bana ba bantsi ba e seng ba

tsene sekolo, mme ba setse ba tlhaloganya molaetsa o. Jaanong ga go dire sepe gore o ngwana kgotsa

8

o motho o godileng. O KA TLHALOGANYA MOLAETSA OTLHE WA BEIBELE Go bonolo fela. Tlo

ke go rute molaetsa o gompieno. Fa o itse se molaetsa otlhe o leng sone, ke tla go ruta ka moo o ka

tlhalosetsang ba bangwe ka teng.

O KA TLHALOGANYA MOLAETSA OTLHE WA BEIBELE, gonne mo Beibeleng go buiwa ka dilo tse

thataro fela. Go go nolofaletsa go tlhaloganya molaetsa otlhe wa Beibele, re tla akaretsa tsotlhe ka

bukana e (Bontsha bukana e senang Mafoko go setlhopa). Re e bitsa Bukana e e senang Mafoko. Ke

bukana e senang Mafoko mo kgang nngwe le nngwe ya dikgang tse thataro tsa Beibele e tlhaloswang ka

mmala. O ka gopola molaetsa ka go sheba mebala fela kgotsa go akanya ka yone. Tlo ke go rute

molaetsa wa tsebe e nngwe le e nngwe.

GAUTA: Tsebe e e rata go go gopotsa gore o ka bala Beibeleng gore Modimo ke mang e bile o dirang.

O tla bona gore go teng Modimo wa boammaaruri o le mongwe fela, mme o go rata thata. O rata go go

dira ngwana wa gagwe.

Leswe: Molaetsa wa tsebe e ke gore batho botlhe ba tletse dibe. Sebe se senya botshelo jwa motho.

Batho botlhe ga se bana ba Modimofela jalo. Sebe se re thiba go tla go Modimo. Mongwe le mongwe

o tshwanelwa ke kotlhao diheleng.

BOHIBIDU: Tsebe e e re bolelela ka maikaelelo a a gakgamatsang a Modimo a a dirileng go re tshwarela

dibe tsa rona. O rometse Morwa wa gagwe Jesu Keresete go tla go swa sebakeng sa rona sefapaanong

gore sebe sa rona se tloswe. Ka madi a gagwe dibe tsotlhe tsa rona di ka tlhatswiwa.

BOPHEPA: Molaetsa o o gakgamatsang wa tsebe e ke o: Fa o dumela mo go Jesu Keresete, fa o

dumela gore o rwele kotlo ya sebe sa gago, o tla go tshwarela dibe tsotlhe tsa gago. O tlhatswa botshelo

jwa gago mme o go dira ngwana wa Modimo.

BOTALA JWA BOJANG: Tsebe e e re ruta gore mongwe le mongwe yo e leng ngwana wa Modimo o

tshwanetse go gola semoya. Go bolela gore bana botlhe ba Modimo ba tshwanetse go itse Jesu go feta

(mang kgotsa mang). Ba tshwanetse go tshela jaaka Jesu go feta ka metlha.

BOBUDUDU JWA LEGODIMO: Tsebe e e re gopotsa gore Jesu o tla tla gape ka maru. Ka go boa ga

gagwe gape o tla tsaa botlhe ba ba mo amogetseng, bana botlhe ba gagwe, go nna le Ene ka metlha

yotlhe. Ka gonne Modimo o rata gore botlhe ba pholoswe le wena, o tshwanetse go bolelela ba bangwe

ka Jesu, gore le bone ba tle ba pholoswe ba dule ba ipaakantse go fitlhela a boa gape.

A oa bona Ga go thata ga kalo. O KA TLHALOGANYA MOLAETSA OTLHE WA BEIBELE. Fa o

setse o o tlhaloganya, o tla tlhaloganya ga bonolo se o se badileng ka metlha fa o bala seripana se se

rileng fela. Jaaka karata ya diripana e re e boneng tshimologong. O tla tlhaloganya ka moo molaetsa wa

semika seo o se badileng, se dumelana le molaetsa o mogolo o le mongwe wa Beibele.

Khoso e o tla ithuta sebakeng sengwe le sengwe ka tsebe e nngwe le e nngwe ya Bukana e senang

Mafoko. O tla ithuta ka metlha sengwe go feta, mme o tla boelela le tse o ithutileng tsone gompieno.

TAO:

1. Arola jaanong ka ditlhotswana. A mongwe le mongwe a tsee Bukana e e senang Mafoko ya

gagwe a leke go gopola molaetsa wa mmala o mongwe le o mongwe o leng sone. Thusanang

mo setlhotswaneng go bona molaetsa o o nepagetseng. Boelela molaetsa ka makgetlo a se

makae.

2. Phuthegang gape jaaka setlhopa se le sengwe. A moikutlwapelo a bolelele

botlhe se molaetsa otlhe wa Beibele o leng sone go ya ka Bukana e e senang

Mafoko

9

2. GO NA LE MODIMO WA BOAMMAARURI O LE MONGWE FELA MME O GO

RATA THATA:

Gauta

Gonne

Modimo ke Kgosi

Tlhokomela gore mongwe le mongwe a nne le Bukana e e senang Mafoko.

KETAPELE:

* A o sa ntse o gopola se o se ithutileng lekgetlo la ntlha Molaetsa wa tsebe ya gauta ke ofe

* Ke ka ntlha ya eng re kgethileng gauta go re gopotsa Modimo (Ka gonne Modimo ke Morena,

le gauta ke mmala wa Borena)

* (Kgomaretsa karata ya bogare jwa boammaaruri ba nomoro ya 2.)

MOLAETSA: Selo sa botlhokwa se Modimo a re rutang sone ka Ene mo Beibeleng ke se: Tshimologong

go ne go sena sepe fa e se Modimo fela. Ke fa a tlhola tsotlhe; e leng tsotlhe tse di bonwang le tse di sa

bonweng, tse o ka akanyang ka tsone le tse o se ka keng wa akanya ka tsone. Tsotlhe tseo o ka di

utlwang; amang; moutlwalo; le nkgang. Se se gakgamatsang thata se se dirilweng ke Modimo ke motho.

Le wena o bopilwe ke Ene. Ka jalo o bidiwa Mmopile.

Modimo ga a ka a tlhola lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone, mme morago a di tlogela fela. O ntse a di

babalela tsotlhe tse di tlhodilweng ke Ene. O tlhokomela dina ledi tse di tona gore di se ka tsa tswa mo

madulong a tsone. Mme o tlhokomela le tsone dirobele le dibokonyana tse di nyenyane. O babalela le

bone batho.

10

Ka gonne Modimo e le Mmopi wa tsotlhe, ga go sepe kgotsa motho yo mo fetang ka bogolo; bokgoni,

botlhale, maatla le botlhokwa. Ke ene Modimo wa boammaaruri a le mongwe. Fa e le gore go teng

sengwe kgotsa motho yo botlhokwa mo go wena go feta Modimo o, se se bolela gore o direla Modimo wa

diseto gonne Modimo wa boammaaruri o mongwe fela. Ka lebaka le ga wa dumelelwa go rapelela kgotsa

o se khubamele kgotsa o ise tlotlo go sengwe le sengwe se se dirilweng ke Modimo, o se tsenye sebakeng

sa Modimo, le fa e le wena, batho ba bangwe; meya, kgotsa baengele.

Modimo o fapaane gotlhelele le dilo tse di tlhodilweng ke Ene. O bona tsotlhe o itse tsotlhe. Le fa o sa

kgone go mmona o teng ka metlha mafelong a otlhe. Tsotlhe tse a batlang go di dira a ka di dira. Sengwe

se teng se Modimo a se ka keng a se dira, ke sebe. Modimo o boitshepo ga a na sebe.

Se se gakgamatsang thata ke se: Modimo o o boitshepo o, O a go rata. Le fa Modimo a le mogolo ga

kalo a sa tlhoke motho kgotsa selo, o itse leina la gago mme o rata go go direla molemo. Ga go tlhokagale

gore o leke go reka lerato la Modimo ka matlhabelo kgotsa dimpho. Ga go tlhokagale gore o itshega

kgotsa o itlhokofatse a tle a go rate kgotsa a go thuse. O go rata jaaka o ntse.

O rata go nna Modimo wa gago, mme o rata gore wena o nne ngwana wa gagwe. Fela go teng sengwe

se se thibang gore wena ka bowena o iphetolele ngwana wa Modimo. Tsebe e leswe e tla go ruta gore

selo seo ke eng.

TAELO:

1. Ya o ye go kgetla mefuta ya malomo; bojang; matlhare; le makalanyana a a farologaneng.

Motlhamong a mabedi kgotsa a mararo, a nngwe le nngwe ya tsone e tla lekana. A tsotlhe di na

le mmala o o tshwanang A monkgo wa tsone wa tshwana A moutlwalo wa tsone wa tshwana

A kamo ya tsone ya tshwana Ke mang yo o di dirileng tsotlhe Bala Genese1:1 le 1:11-12. A

go na le mongwe o sele yo o itseng go dira dilo tsotlhe tse.

2. A o krona go apaya senkgwe o serang bope. A o ka roka seaparo o serang lesela A o gotsa

mollo o serang dikgong Nyaa, motho a ka dira sengwe fela fa o na le sengwe. Modimo o

farologana gotlhelele. O dirile tsotlhe tse re di bonang mo tikologong ya rona jaang Bala

Bahebere 11:3.

3. Ke mang yo o dirileng letsatsi, le ngwedi le dina ledi. Ke mang yo o di tlhomileng mo mannong

a tsona Genesi:14-19 le Pes 48:3-6. A go na le yo o gaisang Ene yo o dirileng tsotlhe tse

4. Ditiro 17:24-25. Ke mang Modimo o re balang ka Ona mo Beibeleng A go na le mongwe kgotsa

sengwe se se mo gaisang ka botlhokwa A go na le yo o ka dirang go gaisa Ene

5. Fa o tlhoka thuso, kgakollo le tlhokomelo ke mang yo o ka go thusang go gaisa

6. Jesaya 45:22. Modimo wa nnete o le nosi o go laletsa go tla go Ene go pholosiwa. A o tla

amogela taletso e Fa o batla gore ke go thuse, sala morago fa re fetsa thuto e, re rulaganye

nako le tulo.

7. Ithute Jesaya 45:22.

(O ka bona ditemana tse tlhamaletseng ka tsebe ya Gauta mo Bukaneng e e senang Mafoko.)

11

3. MODIMO KA SEBELE O IPOLELA GORE ENE KE MANG:

Molaetsa oo o tsamaya mmogo le tsebe ya gauta, gonne o go ruta thata ka tsa Modimo.

KETAPELE:

* O ka itse motho yo o seng o mmone jang (A setlhopa se ntshe maikutlo)

MOLAETSA: Gompieno ke batla go go bolelela ka mekgwa e meraro e o ka ithutang motho yo o seng

o mmone ka teng (kgomaretsa karata 3). Lebelela setshwantsho. Se tla go thusa go gopola mekgwa e

meraro e re tla buang ka yone gompieno.

Mokgwa wa ntlha oo o ka itseng motho ka one ke go lebelela se a se bopileng le se a se dirileng. Fa o

lebelela ntlo e ntle e motho a e agileng o, ke moagi tota. Fela jalo o ka ithuta thata ka tsa Modimo, ka go

lebelela fela tse a di dirileng le ka mokgwa oo a di babalelang ka teng. Jaanong bala Baroma 1:19-20.

Akanya gape ka tse o ithutileng tsone ka lekgetlo le le fetileng. Mo popong Modimo o go bolelela gore Ene

o na le matla otlhe. O bopile tsotlhe kantle ga gore a nne le sengwe se a se dirisitseng. O babalela

letsatsi,ngwedi le dina ledi madulong a tsone. Mo popong Modimo o go bolelela gore o botlhale thata.

Bona ka mokgwa o gakgamatsang oo a go dirileng ka ona. EE, MO POPONG MODIMO O IPOLELA

GORE ENE KE MANG (kgomaretsa bogare ba boammaaruri ba nomoro3). Mme ka lebaka la sebe re

tlholega go tlhaloganya sentle se Modimo a se bolelang ka bo Ene tlholegong. Ka lesego ga go tlhokagale

gore o ithute go itse Modimo ka mokgwa oo fela.

12

Go na le mokgwa wa bobedi oo ka one o ka ithutang motho yo e seng o mmone. Ke ka go bala makwalo

a a kwadilweng ke ene ka sebele. Fa o bala makwalo a motho o ithuta ka bonako gore motho yo ke mang

mme o jang. O ithuta se e leng botlhokwa mo go ene, se a se ratang le se a sa se rateng. O ithuta ka

moo motho yo a akanyang ka teng, le go ikutlwa ka teng. Jaanong sentle-ntle Beibele ke lekwalo la

Modimo mo go rona. BEIBELENG Modimo KA SEBELE O BOLELA GORE ENE KE MANG. Le fa

Modimo a dirisitse batho go kwala Beibele, o ile a ba bolelela ka Mowa o o boitshepo se ba tshwanetseng

go se kwala. Bala 2 Timotheo 3:16 le Petoro 1:20-21. Ka jalo Beibele ga se buka e tlwaelegileng, ke

Lefoko la Modimo. Modimo KA SEBELE O BOLELA GORE ENE KE MANG. Fa Modimo a sa bolele

gore Ene ke mang re tla tlholega go mo itse ka tshwanelo Modimo o go neile Beibele ka gonne a go rata

thata mme o rata gore o mo itse ka tshwanelo.

Batho ba bantsi ba bantsho ga ba rate go dumela se se kwadilweng mo Beibeleng. Ba re ke buka ya

batho ba basweu. Se ga se nnete. BEIBELENG MODIMO KA SEBELE O BOLELA GORE ENE KE

MANG. Mme Diabolo ke rramaaka (Johanne 8:44) mme ke ene yo dirang gore batho ba bolele maaka

le gore ba bangwe ba se dumele. Ga a rate gore batho ba itse Modimo mme ka lebaka le ga a batle gore

batho ba itse mme ba dumele tse di kwadilweng mo Beibeleng. Beibele ga se dikinane tse batho ba

ikgopoletseng tsone mme ba di kwale. Ga se buka e e tswang mo bathong ba basweu. Beibeleng

Modimo o bua le batho botlhe ba dipuo tsotlhe - batho ba dipuo; setso, ditshaba le mefuta yotlhe.

Beibeleng o bua le nna le wena; MOO O GO BOLELELA GORE ENE KE MANG.

Rona re se ka ra itsela tshwetso ka borona gore Modimo ke mang le gore o dirang. Go itse Modimo ka

nepo, re tshwanetse go bala Beibele le go reetsa se a se buang le se a se bolelang ka boene. GONNE

Modimo KA SEBELE O BOLELA GORE ENE KE MANG.

Mme go na le mokgwa wa boraro oo o ka itseng motho kawona yo e seng o mmone. Ke ka go itse bana

ba motho sentle thata. Modimo o itshenoletse rona ka go roma Morwa wa gagwe Jesu Keresete go tla

go nna le rona. Bala Johanne 1:14 le 18 le Johanne 14:6-11. Ka mantswe a mangwe fa o rata go itse

Modimo ka nepo,o ithute Morwa wa gagwe, Jesu Keresete. Ka Morwa wa gagwe. Modimo O BOLELA

GORE KE ENE MANG.

Gopola, o ka itse Modimo ka nepo fela fa o reetsa se a se bolelang ka boene.

TAELO:

1. Ke ka ntlha ya eng Beibele e se buka e e kayang ba basweu fela, mme e le buka e e kayang

batho botlhe - le wena Ke ka ntlha ya eng o tshwanetse go dumela le go amogela se se

kwadilweng moo

2. Ke ka ntlha ya eng o ka dumela tsotlhe tse di boletsweng ka Modimo mo Beibeleng A oa dumela

gore Modimo a ka bolela dilo ka ga Ena e se boammaaruri Bala Numeri 23:19.

3. A batho ba ba sa baleng Beibele le ba ba sa itseng se se kwadilweng moo, ba ka go ruta ka tsa

Modimo Ke goreng o rialo

4. A o setse o itse Jesu Morago mo khosong e o tla ithuta thata ka Jesu. Ka gone o se ka wa

tlhokega mo thutong. Tlo ka metlha gore o tle o itse Modimo wa boammaaruri, a le mongwe.

Modimo o a gakgamatsa, gonne o rata wena thata.

*2 Timothea 3:16 Lefoko le legolo le thata la “ka tlhotlheletso ya Mowa” kgotsa “bodutsweng ke Mowa” le tlhaga fela sebakeng se

Beibeleng. A nke ke go tlhalosetse tekanyo ya lona. Ka gonne Modimo o re ratile thata, o eleditse go re bolelela dilo tse dintse.

Mme Modimo ga wa ka wa tsaa pene le pampiri, le go kwala. O feditse ka go dirisa batho ba ba tlwaelegileng. Ka lebaka le Mowa

o Boitshepo wa Modimo o thusitse batho ba ba tlwaelegileng go kwala sentle se a ratileng gore ba se bolelele. Jaanong se ba se

kwadileng se tswa go Modimo, mme ke boammaaruri.

13

4. MODIMO O ITSE TSOTLHE TSA GAGO – O GO ITSE KA LEINA LA GAGO:

Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe ya gauta, gonne e go ruta ka tsa Modimo.

KETAPELE:

* Ke leng, gape ke goreng fa batho ba ikitsisa

* Fa motlhamong Mopresidente wa naga ya rona a etela polasi ya lona, ke goreng go sa tlhokagale

go mo itsise batho

* A Mopresidente o tla itse maina a batho botlhe ba polasi, kgotsa ba tshwanetse go itsisiwa go

ene

* Ke goreng fa botlhe ba itse Mopresidente,mme ene a sa ba itse

Botlhe ba itse Mopresidente gonne ke motho wa botlhokwa, mme ene ga a ba itse botlhe. Modimo ga a

jalo. Le fa a le mogolo, e le wa botlhokwa o itse batho botlhe,mme ba bantsi ga ba mo itse.

PALO YA LEFOKO: Bala Pesaleme 139:1-6 le 13-16 (Kgomaretsa bogare ba boammaruri ba nomoro

4)

MOLAETSA: Ga go tlhokagale gore wena le batho ba polasi ya lona le itsisiwe Modimo. O ITSE

TSOTLHE TSA GAGO, O GO ITSE KA LEINA LA GAGO. Ke ka lebaka le batho ba bua maaka fa ba

bolela gore Modimo o mogolo mme ga a na sepe le wena le tsotlhe tse o di dirang letsatsi lengwe le

14

lengwe. Morago ga gore Modimo a tlhole tsotlhe tshimologong, ga nka a tlogela popo ya gagwe le batho.

Pesaleme 139:13-16 Modimo a re ga wa tsalwa fela ka bowena. Ke Ene a go bopileng mo popelong ya

ga mmaago. Ke gone o go itse go tloga motsotso wa ntlha, pele go tsalo ya gago. Ditemaneng tsa ntlha

tsa Pesalema e, Modimo o bolela gore o itse tsotlhe tse o akanyang ka tsone le tse o di bolelang. O itse

se o ikaeletseng go se dira motshegare le bosigo. Go itshupa gore: MODIMO O ITSE TSOTLHE TSA

GAGO - O GO ITSE KA LEINA LA GAGO.

Motlhamongwe o simolola go tshaba fa o gopola gore Modimo o itse tsotlhe tsa gago. Go jalo, fa o rata

go dira dilo tse di maswe le tse di sa siameng, o na le lebaka la go boifa. Mme fa o le ngwana wa Modimo,

ke kgang e e siameng, e e gakgamatsang gore Modimo a itse se o se tlhokang, gape o itse se o se

boifang. O itse motlhang o o utlwiswang botlhoko, o swabile,o sena kgotso. O rata go nna Modimo wa

gago, go go thusa le go go babalela le go go tlhokomela. Wena o wa botlhokwa thata mo go Ene.

Modimo wa boammaaruri, a le nosi, Ene yo o tlhodileng legodimo le lefatshe, le wena o go bopile. O GO

ITSE KA GOTLHE, O GO ITSE KA LEINA LA GAGO. A ga se selo se se gakgamatsang Ga go

tlhokagale gore o iketsise mo go Ene. O go itse go feta wena ka moo o ikitseng ka teng. O a go rata le

wena, gape o rata go go naya botshelo jwa nnete. A o batla go itse Modimo yo o gakgamatsang yo ka

mokgwa o fetisisang

TAELO:

1. A o itse palo ya meriri wa gago A o itse palo ya meriri wa monna wa gago kgotsa wa mosadi wa

gago e sita le mongwe wa bana ba gago O leke go bala meriri wa o mongwe. A o tla kgona go

dira se

Bala jaanong Mattheu 10:29-31. A Modimo o itse tsotlhe tsa gago

2. O itse jang gore o wa botlhokwa go Modimo le gore o go rata thata

3. O ikutlwa jang ka boammaaruri jo jwa gore Morena Modimo, Mothatayotlhe, Motlhodi wa legodimo

le lefatshe, o itse wena ka sebele le tsotlhe tsa botshelo jwa gago

4. Fa e le Modimo ka sebele yo o bopileng lesea le le mo popelong ya ga mma - lone, a o na le

tshiamelo diya a go bolaya ngwana a e se a tsalwe, mme ka gone go senya tiro ya Modimo Mo

Pesalema 139 re ithuta gore motho ga se motho fela morago gore a tsalwe. Go tloga motsotsong

wa ntlha ke motho ka botlalo. Se se bolela gore fa a ntsha mpa, ka mafoko a mangwe, go bolaya

lesea le e seng le tsalwe, ke polao. A o dumela se

5. Modimo o go itse gotlhelele. Wena o mo itse jang (Fa o rata go mo itse go feta,bala ditemana tsa Beibele

tse di tlhagelang mo tsebeng ya gauta)

6. Ya o bale gape Pesalema 139 kwa gae.

15

5. O TLETSE SEBE, MME GA O KGONE GO IPHOLOSA:

Leswe

Sebe se senya

Botshelo jwa gago

Tlhomamisa gore mongwe le mongwe o na le Bukana e e senang Mafoko.

KETAPELE:

* A o sa gopola molaetsa wa tsebe e leswe

* Ke ka goreng re tlhopile leswe go re gopotsa sebe (Ka gonne sebe se leswefala le go senya botshelo jwa

gago,. Gopola ga se mmele wa gago o o senyegang,mme ke bone botshelo jwa gago bo bo leswefadiwa ke sebe).

* (Kgomaretsa karata le bogare ba boammaaruri ba nomoro 5).

MOLAETSA: Kgang ya botlhokwa e Modimo o re rutileng yone Beibeleng ka ga sebe ke e:-

Batho ba pele ba ba tlhodilweng ke Modimo e leng Adama le Eva, ga ba nka ba gapeletswa ke Modimo

gore ba mo rate. O ba bopile e le batho ba ba na le maatla a go itherela gore a ba tla mo rata le go mo

utlwa kgotsa nyaa. Satane o ile a ba faposa mme ka lebaka leo ba ile ba tsaa tshwetso ya gore ga ba ka

ke ba utlwa Modimo. Ba ile ba dira sebe. Jaanong motho mang le mang yo o tsalwang o tshwana le

Adama le Eva, ke gore ke baleofi. Ka lebaka la boleofi jo, le wena o setse o dira dilo tse di bosula ka

bowena, le fa go sena motho yo o go rutang go di dira. Ka gonne batho botlhe ba tsalwa ba setse ba le

baleofi, batho botlhe ba dira sebe. Ga go motho yo o senang sebe (Baroma 3:23)

Mme sebe ke eng Modimo ka sebele sa gagwe o re bolelela Beibeleng gore sebe ke eng. Sebe ke go

se utlwe Modimo. Gape, ke go se rate Modimo mmogo le batho ba bangwe. Fa o sa rate Modimo le

batho ba bangwe, o akanya le go bua le go dira dilo tse di bosula le tse di ba amang. O rera ka moo o

ka utlwisang motho o mongwe botlhoko, kgotsa ka moo o ka bonang dilo tsa gagwe ka teng. O roga batho

mme o bolelela maaka. O wa ba seba ka go bolelela ba bangwe dilo tse di bosula mabapi le bone. O

gana go dira, mme o utswa dilo tsa ba bangwe. Le fa o roba dilo tsa batho, kgotsa o di fisa, o supa gore

ga o ba rate. Go ntsha mpa (e leng polao ya ngwana yo e seng a tsalwe) tlhalano ya ba ba nyalaneng,

16

go betelela le tlhekefetso ya bana, ke dilo tse di bosula thata matlhong a Modimo. Yo o dirang jalo o supa

gore ga a rate Modimo le batho ba bangwe. Ka lebaka leo dilo tseo ke boleo.

Mme le fa o sa dire e nngwe ya dilo tse di bosula tse di boletsweng, o sa ntse o le moleofi, gonne fa o sa

dire seo Modimo a ratang gore o se dire, o tlhoka kutlo.

Jaanong, o tla tshwanela go dira eng Modimo o batla gore o mo rate, o mo utlwe, o mo khubamele, O

rate batho ba bangwe jaaka o ithata. Tsotlhe tse o ratang gore ba bangwe ba go direle tsone, le wena

o ba direle tsone. Fa o sa dire jalo, o dira sebe.

Ka lebaka leo bothata jwa gago jo bogolo thata. Ga se fela sebe se o se dirang se se go kgoreletsang

gore wena ka bowena o itire ngwana wa Modimo, mme le bone boemo ba gago ba boleofi, bo a go

kgoreletsa. Tshwanedi ke gore Modimo a go betse ka kotlo e e isang go sa khutleng kwa diheleng, mme

ga go sepe se wena o ka se dirang go phologa kotlo e.

Le fa go le jalo, go na le molaetsa o molemo. Ka gonne Modimo a go rata gakalo, o ile a dira morero o

o gakgamatsang. O tla ithuta ka morero oo tsebeng e e latelang ya bohibidu.

TAELO:

1. Ke ka ntlha ya eng batho ba direla batho ba bang dilo tse di bosula Ke ka ntlha ya eng fa ba

rogakana le go omana le ba bangwe Ke ka ntlha ya eng fa ba utswa dilo tsa ba bangwe Ke

ka ntlha ya eng fa basadi ba betwa le bana ba tlhekefetswa

Fa o rata batho ba bangwe, a o tla ba direla dilo tse di bosula Bala Baroma 13:8-10.

2. Fa o sa dire dilo tse di bosula, a se se bolela gore ga o na sebe

3. Efe e nepagetseng dipolelong tse

* Ka gonne o dira sebe, o moleofi!

* Ka gonne o le moleofi, o dira sebe!

4. Ke goreng o tlholega go ituelela molato wa sebe sa gago

5. O tla dira eng ka sebe sa gago Ke mang yo o tla go thusa go se tlogela

6. Ithute Baroma 3:23

(Ditemane tsotlhe tse di amanang le tsebe e leswe o tla di bona mo Bukaneng e e senang Mafoko).

17

6. BEIBELENG MODIMO O GO BOLELELA SEO SEBE E LENG SONE

Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe e leswe gonne o go ruta ka tsa sebe.

KETAPELE:

1. Monna yo o bone jaang gore sefatlhego sa gagwe se leswe

2. Seipone se supeditse monna yo gore sefatlhego sa gagwe se leswe, mme a a ka tlhatswa

sefatlhego sa gagwe ka seipone

3. Monna yo o tlhoka eng go phepafatsa sefatlhego sa gagwe

Jaaka fa motho a tlholega go bona leswe mo sefatlhegong sa gagwe, le wena o tla tlholega go bona sebe

sa gago.

PALO YA LEFOKO: Diane 16:2 le Baroma 3:20 le 23.

MOLAETSA: Beibele e tshwana le seipone. O ka akanya gore ga o na sebe, mme fa o bala Beibele o

tla bona gore botshelo jotlhe jwa gago bo leswe, bo tletse sebe. (Kgomaretsa bogare ba boammaaruri

ba nomoro 6) BEIBELENG Modimo O GO BOLELELA SEO SEBE E LENG SONE.

18

Fa o bala Beibele, o lemoga gore dilo tse o di akanyang, o di buang, o di dirang fa e se tse Modimo a

batlang gore o di dire. Go na le dilo tse dintse tse Modimo o batlang gore o di dire, mme o sa di dire. Le

seo ke sebe. Beibeleng Modimo o bolela gore go tloga tshimologong motho e ntse e le moleofi. Adama

le Eva ba ne ba tlhoka kutlo. Tiro ya bone e dirile gore batho botlhe ba ba tlhagang jaanong ba tshwane

le bone. Motho mongwe le mongwe o tsalwa e le moleofi. (Pesaleme 51:7 le Baroma 3:23). A ke tle ke

tlhalose ka ditshwantsho tse pedi. Ka gonne tau e tsetswe e le tau, e tla tlhola e tshwere dipodi fa e

tshwerwe ke tlala. Thaga ka gonne e tswile jaaka thaga, le fa go se motho yo o e rutang go aga sentlhaga

sa thaga, e tla se aga. O a bona gore di dira dilo tse ka gonne di tsetswe jalo. Le ka tsela e, motho

mongwe le mongwe, ka gonne a tsetswe jaaka moleofi, o tla nna a dira sebe.

Ke ka lebaka le rona, ka borona re sa itseng se sebe e leng sone. Re tlwaetse sebe, le yone phoso e re

e dirang, e siame mo matlhong a rona. (Bala gape Diane 16:12). Ke ka lebaka leo re reng tsotlhe tse re

di dirang di siame. Sekao: wena wa re: Nka nna ka robala le mosadi wa monna yo mongwe, gonne

mosadi wa me o ntira jaana le jaana. Ke tla dira se ke se ratang ka madi a me ka gonne ke a diretse. Ke

tla goga gonne ke makgwafo le botshelo jwa me. Ga ke a tshwanela go thusa monna yo gonne ga a

siama, ga a tshwanela go thusiwa. Ga nka ke ka utlwa molao o, gonne ga se mokgatlo wa me o o dirileng

molao o. Mme ka tsela e o tswelela pele. Tsotlhe tse o di dirang di siame matlhong a gago.

Beibeleng Modimo o bolela gore motho ka boene ga a itse se se siameng le se se bosula. Ke Modimo

fela yo o itseng se se siameng le se se bosula. Jaaka monna yo o na le sefatlhego se se leswe o ne a

tlhoka seipone, le wena o tlhoka Beibele go go bolelela gore se sebe e leng sone, gonne BEIBELENG

Modimo O GO BOLELELA SEO SEBE E LENG SONE. Bala Baroma 3:20 (Lefoko la “Molao” le tseelwa

go re “Beibele”)

Seipone se supeditse monna yo gore o tlhoka sesepa le metsi go iphepafatsa. Modimo ga o re fela o

senyegile mme o tletse sebe. O bolela le ka moo sebe sa gago se ka tlosiwang ka gone. Bala jaanong

1 Johanne 1:7-9 Ee, ka madi a ga Jesu re tlhatswa dibe tsotlhe tsa rona.

Ke gone o se ka wa dumela fela dipuo tsa batho tse di buiwang ka go siama le bosula. Batho ba bolela

ga bonolo gore selo se siame le fa se le phoso. Go molemo go bala Beibele gonne BEIBELENG Modimo

O GO BOLELELA SEO SEBE E LENG SONE. Beibeleng o go bolelela le se a se dirileng go go thusa

go go golola sebeng sa gago. Ka lebaka leo o tla ithuta gape ka ga Jesu Keresete mo katisong e.

TAELO:

1. Goreng fa batho botlhe ba dira sebe

2. Goreng o tlholwa ke go dira tshwetso ka bowena gore tshiamo le bosula ke dife

3. Fa bontsi jwa batho ba bolela gore selo se siame, a se siame ka metlha (Bala Eksoda 23:2)

4. Bolela dilo di se kae tseo batho ba reng di siame, mme tse Modimo o di bolelang mo Beibeleng

gore di phoso.

19

7. O KA SE KGONE GO SUBELA MODIMO SEBE SA GAGO:

Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe ya leswe gonne e go ruta gape ka sebe. Gape e tsamaelana le

tsebe ya gauta gonne e go ruta ka tsa Modimo yo o bonang le go itse tsotlhe.

KETAPELE:

* Go tla nna molemo go dira tekelelo e fa le kopana.

* Naa setlhopa R20 (kgotsa selo sengwe sa botlhokwa). Ba bolelele gore mang kgotsa mang yo

o kgonang go suba mo teng ga botlolo e o tla ba naang yone, o e fitlhile gore ba bangwe ba se

ka ba e bona, mme bo o ba naa botlolo ya galase e bona letsang.

* Goreng re tla tlholega go suba madi a mo teng ga botlolo eo.

O tla tlholega go suba madi mo teng ga botlolo eo, gonne botlhe ba tla bona se se mo teng ga botlolo.

Beibeleng Modimo o re ga go sepe se re tla mo subelang sone, gonne o bona tsotlhe tsa rona. O itse

tsotlhe ka mongwe le mongwe wa rona.

PALO YA LEFOKO: Bala Pesalema 139:1-4, Diane 5:21 le Jeremia 23:23-24 (Kgomaretsa karata le

bogare ba boammaaruri ga mogo le nomoro 7)

20

MOLAETSA: Mongwe le mongwe wa rona re rata go fitlha diphoso tse re di dirang. Re di tshwara jaaka

sephiri; ga re batle gore ba bangwe ba itse ka ga sona. Fa re ka tshwarwa re le phoso go thata go rona

go dumela gore re fositse. Re pega molato go yo mongwe. Bonang se se diragalang fa sediriso se

latlhegetswe kwa polasing. Mongwe o pega molato go yo mongwe. Mme gopola Pesalemeng ya 139:1

re bala gore Modimo o re bona ka gotlhe jaaka re bona se se mo teng ga botlolo. O TLHOLEGA GO

SUBELA MODIMO SEBE SA GAGO.

Fa gongwe o thula ka bene kgotsa lesereng le a swa mongwa polasi ga a yo, o ka akanya go bua maaka.

Ga a kitla a itse se se diragetseng mme Modimo one wa itse. O ka subela mongwa gago sebe sa gago,

mme O TLA TLHOLEGA GO SUBELA MODIMO SEBE SA GAGO. Ee, o ka dira bojalwa mo sephiring

wa rekisetsa ba bangwe mo nakong ya bosigo kwa ntle ga molao. O ka iphitla ka fa tlung, o ka tima

lebone le go lotlela mojako pele o goga matekwane. Tseo ga di thuse sepe. Beibele e re ruta gore ga go

motho yo o ka kgonang go itshuba felong le le sephiri ka ntle gore Modimo a mmone (Jeremia 23:24)

Modimo o bona sentle mo lefifing bosigo jaaka a bona ka teng motshegare fa letsatsi le tlhabile (Pesalema

139:11-12) mme ke gona O TLA TLHOLEGA GO SUBELA MODIMO SEBE SA GAGO. Gongwe wena

mongwa polasi o dira e ka re o tlotla badire ba gago mme fa o le mo gare ga batho ba kwa ga lona o a ba

tlhaopala wa re ga se ba botlhokwa e bile ke dieleele, ga ba siama. Ga ba ka ke ba itse, mme gopola O

TLHOLEGA GO SUBELA MODIMO SEBE SA GAGO.

Modimo o itse le gore o bolela metlae efe fa mosadi kgotsa moruti a le siyo. Fa o senang nnete mo

kgwebong ya gago le teng Modimo o a itse.

Motho ga a na molato fa maphodisa kgotsa motho mongwe a ka go tshwara. O setse o le molato

motlhang Modimo a go tshwarang. Gape gopola gore o dira phoso o ntse o akanya ka yone. Modimo wa

e itse (Bala gape Pesalema 139:2-4)

Ka nako nngwe le nngwe Modimo wa go tshwara. Go leka go suba sebe sa gago ga go thuse, ga o ka

ke wa kgona. O TLHOLEGA GO SUBELA Modimo SEBE SA GAGO.

TAELO:

1. Bolela dikao di se kae tsa dibe tseo le di dirang, tseo le lekang go di subelana.

2. Motho o molato leng O dira sebe leng Ke fela motlhang o tshwarwang ke batho ba bangwe

kgotsa ke lephodisa

3. O TLHOLEGA GO SUBELA Modimo SEBE SA GAGO. Ka lebaka leo ga go thuse go ka leka

jalo. Jaanong o tla dirang ka sebe sa gago Fa o batla gore Modimo a go tshwarele sebe sa

gago, mme a go direle molemo, o tshwanetse go dira eng Bala Diane 28:13. Bala le tsholofelo

e e gakgamatsang mo go 1 Johanne 1:9.

4. Fa o sitetse yo mongwe, yaa o baakanye le ene dikgang. Kopa gore Modimo le motho yoo ba go

tshwarele.

21

8. MODIMO O ROMA JESU MORWA WA GAGWE GO TLA GO GO PHOLOSA.

Bohibidu

Gonne

Madi a ga Keresete

a ka go tlhatswa dibe

tsotlhe tsa gago

Tlhokomela gore mongwe le mongwe a nne le Bukana e e senang Mafoko.

KETAPELE:

* A o sa gopola molaetsa wa tsebe e khibidu

* Goreng re tlhopile bohibidu go re gopotsa Jesu (Jesu o re swetse sefapaanong. Teng o re

dueletse dibe tsa rona ka madi a gagwe. Bohibidu bo re gopotsa mmala wa madi).

* (Kgomaretsa karata le bogare ba boammaaruri ba nomoro 8)

MOLAETSA: Kgang ya botlhokwa ka go feta eo Modimo o go rutang ka ga Jesu mo Beibeleng, ke e:

Le fa batho botlhe ba dira sebe, Modimo ga wa ka wa tlogela go rata motho gonne Modimo o lorato (1

Johanne 4: 8-10). Mme Modimo ga a lorato fela. Go feta moo, o boitshepo e bile o na le tolamo. O tlhoile

sebe, ka lebaka leo o tshwanetse go se otlhaya. O tla tlhaloganya bogolo jwa lorato la Modimo mo go

wena, jaaka moleofi fa o simolola go lemoga gore Modimo o ile a dira tshwetsho ya gore Jesu ka sebele

sa gagwe, o tla go rwalela kotlo ya dibe tsa gago. E le gore a dire jalo, go ne go tlhokega gore a rome

Morwa wa gagwe go tla mo lefatsheng moo a neng a tshwanetse go tsalwa jaaka motho. Se se diragetse

jang Modimo o dirile motlholo. Maatla a Mowa o Boitshepo wa Modimo o ile wa fologela mo godimo ga

kgarejana; mme a bonwa e le moimana. Se se diragetse mo lekgarajaneng le le e seng le robale le

monna. Modimo o rile leina la ngwana le nne Jesu, gonne ke ene yo o tla pholosa batho dibeng tsa bone.

Ke gona Jesu ke Modimo ka sebele le motho ka sebele.

Jaaka motho, Jesu o ile a raelwa ke Satane, mme a nna a utlwa Modimo. Ga a ka a dira sebe le fa e le

ka motlha. Ke ka lebaka leo a ileng a kgona go re tsholela dibe. O swetse sebakeng sa ka le wena

sefapaanong.

22

Ka gonne Jesu e ne e le Modimo ka sebele, o ile a tlhola loso ka go tsoga mo basweng ka morago ga

malatsi a le mararo. Ka tsogo ya gagwe o tlhotse Satane le medemona e e bosula. O tlile go re golola

thateng a sebe. Malatsi a le masome a mane ka morago ga tsogo ya gagwe, o ile a boela legodimong.

Morago ga malatsi a lesome, Ene le Modimo Rraagwe ba ile ba roma Mowa o Boitshepo mo go rona. Ke

Mowa o Boitshepo o nayang batho tumelo ya gore Jesu o swetse dibe tsa bone sefapaanong.

Jesu ke ene Mmueledi a le mongwe fela (Timotheo 2:5).

Sebe se ile sa kgaoganya batho le Modimo. Ka gonne e le Jesu fela yo o senang sebe, ke Ene fela yo

o tla kgonang go kopanya batho le Modimo gape. Se o se dirile fa a ne a akgega kwa sefapaanong

magareng ga legodimo le lefatshe. Teng o tlisitse kagiso ka madi a gagwe ka go kopanya batho le

Modimo.

Batho botlhe ba dirile sebe. Mongwe le mongwe o tlhoka Mmueledi le Mopholosi. Ka lebaka leo motho

yo o jalo ga a ka ke a go thusa go kopana le Modimo. Go bolelela gore Maria(mmaagwe Morena Jesu)

le bone badimo ga ba ka ke ba go thusa. Le fa e le moporofeta kgotsa moruti kgotsa yo mongwe yo e leng

motsamaisi wa baporofeta bo bo rileng, ba tlholega go go boelanya le Modimo. Ke Jesu fela yo o ka

dirang jalo! Bala Johanne 14:6.

TAELO:

1. A o tla ithaopa go ya teronkong dingwaga tse 20 sebakeng sa motho yo o go tlhoileng

A o tla baa botshelo jwa gago tsietsing sebakeng sa go pholosa botshelo jwa motho o mongwe

yo bosula

2. A re na le bopaki bofe ba gore Modimo o re rata thata-thata Bala 1 Johanne 4:10 le Baroma 5:8.

3. Ke goreng e le Jesu fela yo a ileng a rwala sebe sa rona, mme ke goreng e le Jesu fela yo o

kgonneng go re lopolola maatleng a sebe

4. A batho ba borapedi bo bongwe ba ba rapelang medimo e mengwe ba tla pholosiwa

5. O ithuta eng mo kerekeng ya gago A kereke ya gago e go ruta gore o tla pholoswa ka tumelo

mo go Jesu Keresete fela

6. Fa kereke ya gago e rera boammaaruri, e tshwanetse go go ruta eng A e go ruta gore o tla

pholosiwa jang le gore o ka tla go Rrara jang Bala Johanne 14:6.

7. Ithute Johanne 14:6

(O tla bona ditemane tsotlhe tse di leng mo tsebeng e hibidu mo Bukaneng e e senang Mafoko).

23

9. KE JESU FELA YO O KA KGONANG GO GO PHOLOSA, GONNE GA A

TSHWANE LE BATHO BOTLHE BA BANGWE.

Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe e khibidu gonne e go ruta thata ka tsa ga Jesu. Kgomaretsa

karata 9.

KETAPELE:

* O ka dira eng pele ga mmidi o tlhoga mo mmung

* Go tla diragala eng fa o baakanya mmu, o sa jwale sepe

* E re gongwe, go diragala gore mmidi o tlhoga mo o sa jwalwang teng, se se diragetseng ke eng

Fa mmidi o tlhoga mo o sa jwalwang teng se ke motlholo o o diragalang. Mo go Luka re bala ka motlholo

o mogolo go feta.

PALO YA LEFOKO: Bala Luka 1:26-38

MOLAETSA: Moengele wa Morena o boleletse Maria gore o tla ithwala mme o tla belega mosimane. O

ne a tshwanetse go mo naa leina la Jesu (Se se bolela Molopolli kgotsa Mopholosi) Mattheu 1:21 Maria

o ne a sa tlhaloganye se. Ene le Josefa ba ne ba ise ba nyalane, mme ka gonne ba ne ba rata Modimo,

ga ba nka ba robala mmogo pele go lenyalo. Maria e ne e le lekgarejane; se se bolela gore o ne a ise a

robale le monna. Ka lebaka leo moengele

O mo naa karabo e e gakgamatsang. Bala Luka 1:35.

24

Maria o tla ithwala ka mokgwa o o sa tshwaneng le wa basadi botlhe ba bangwe. Jesu ga a tshwane le

bana ba bangwe ba setseng ba belegwe, le bone ba ba ntseng ba tlile go belegwa. O gopole gore

Modimo ga a palelwe ke sepe (temana 37). A dira metlholo. Pelegi ya gagwe e ne e le motlholo o jalo,

gonne Jesu o imilwe le go belegwa ko ntle ga gore peo ya monna e tsenywe mo go Maria. O itse: KE

JESU FELA YO KA KGONANG GO GO PHOLOSA, GONNE GA A TSHWANE LE BATHO BA

BANGWE. (Kgomaretsa bogare ba boammaruri ba 9).

Jesu ke motho e le tota, gonne o belegwe jaaka rona rotlhe, ka mosadi yo o tlwaelegileng. Ka lebaka leo,

o a go itse mme o go tlhaloganya jaaka motho. Mme go feta moo Jesu ke Modimo ka sebele, ka gonne

Maria o imme ka motlholo le maatla a Modimo. Ga a ime ka peo ya monna. Ka lebaka leo re bala gore

o tla bidiwa “Morwa MagodiModimo” (temana 32) le “Morwa wa Modimo” (temana 35). Gape Beibele e

mmitsa “Yo Boitshepo” (temana 35 - 1 Johanne 6:69), go raya gore yo o senang sebe. Ke gone o gopole.

KE JESU FELA YO O KA KGONANG GO GO PHOLOSA, GONNE GA A TSHWANE LE BATHO

BOTLHE BA BANGWE.

Fa o wela mo letamong, mme o kgangwa ke metse gonne o sa itse go thuma, a motho yo o sa itseng go

thuma a ka go pholosa Nnyaa gonne le ene o na le mathata a tshwanang le a gago. Le ka tsela ya

motho yo o tletseng sebe o tla palelwa ke go go pholosa sebeng sa gago. KE JESU FELA YO O KA

KGONANG GO GO PHOLOSA, GONNE GA A TSHWANE LE BATHO BOTLHE BA BANGWE.

Peo e tshwanetse go lengwa pele ga semela se tlhoga. Le jalo peo ya monna e tshwanetse go nontsha

mosadi pele ga lesea le ka belegwa. Mme, Maria ga nka a ithwala ka mokgwa oo. Ka lebaka leo ke Jesu

fela yo e leng Modimo ka sebele. Ka jalo ke JESU FELA YO O KGONANG GO GO PHOLOSA, GONNE

GA A TSHWANE LE BATHO BOTLHE BA BANGWE.

TAELO:

1. A go na le batho ba iseng ba dire sebe Bala ditemane tse di latelang:-

* Pesaleme 51:7

* Moreri (Moeklesia) 7:20

* Baroma 3:23

* Baroma 3:23

Karabo: Nyaa, ga gona motho yo o itseng go go pholosa. Ga o kitla o pholoswa ke yo mongwe wa lotso la gago kgotsa

motho yo botlhokwa, kgotsa moeteledipele wa borapedi, tsala, le fa e le mang kgotsa mang yo o belegweng. KE JESU

FELA YO KA KGONANG GO GO PHOLOSA, GONNE GA A TSHWANE LE BATHO BOTLHE BA BANGWE.

2. A Jesu o dirile sebe Bala ditemana tse di latelang:

* Johanne 8:46

* Baheberu 4:15

* Baheberu 7:26:28

* 1 Petoro 3:18

Karabo: ke Jesu fela yo sa keng a dira sebe. Ke Jesu fela yo o ganneng go dira sebe. Ke Ene fela yo e seng a dire

sebe. Ke ka gone, KE JESU FELA YO O KGONANG GO GO PHOLOSA, GONNE GA A TSHWANE LE BATHO BOTLHE

BA BANGWE. Ke Ene fela yo ka itseng go tlosa sebe sa gago.

3. A go na le nngwe fa e se Jesu fela, yo o kgonang go go pholosa Bala tse di latelang:

* Johanne 14:6

* Ditiro 4:12

* 2 Bakorinthe 5:21

* 1 Timothea 2:5-6

Karabo: Nyaa, ga gona yo mongwe, Beibele e re ruta gore Jesu ke ene Mopholosi a le nosi. KE

JESU FELA YO O KGONANG GO GO PHOLOSA, GONNE GA A TSHWANE LE BATHO

BOTLHE BA BANGWE.

4. Go tla nna molemo fa o ka ithuta nngwe ya ditemana kgotsa go feta, go tse di boletsweng gore

o di itse le go di dirisa sentle.

25

10. GA GO TLHOKAGALE GORE O DIRE MATLHABELO SEBAKENG SA SEBE

SA GAGO.

Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe e khibidu gonne e go ruta gore Jesu o duetse melato yotlhe ya

sebe sa gago ka setlhabelo sa gagwe ko sefapaanong.

Kgomaretsa karata 10.

KETAPELE:

* O bona eng mo setshwantshong se

* Fa o tlhagisa tshupatefo (receipt) e e bolelang gore madi otlhe a molato wa gago a duetswe, a

motho yo o neng o mo kolota, a ka go gapeletsa gore o mo duele gape

* Ke goreng a tla tlholwang ke go dira seo

* O tla reng fa o fitlha ko lebentleleng go duela molato wa gago, mme malebentlele a go bolelela

gore: “Motho mongwe o setse a duetse molato wa gago. Tshupatefo ke e” A o tla latlha

tshupatefo, mme o bolele gore o batla go duela molato oo ka bowena

O setse o ithutile gore botlhe re baleofi - e bile le wena! Re molato fa pele ga Modimo. Mme Modimo ka

sebele o duetse molato wa rona. Ka lebaka leo: GA GO TLHOKAGALE GORE O TLISE MATLHABELO

SEBAKENG SA MOLATO WA GAGO (Kgomaretsa bogare boammaaruri ba nomoro 10).

26

PALO YA LEFOKO: Johanne 19:30 le Baheberu 10:11-18(ela tlhoko thata temane 12 le 18)

MOLAETSA: Beibeleng re ithuta gore molato wa sebe o ka duelwa fela ka madi. Modimo le batho ba

ka boelana fela ka madi (Baheberu 9:22) Bala morago kwa gae tsa Balefi (Levitiko) 16 le 17:11). Ke ka

lebaka leo Testamente ya Kgale matlhabelo a a farologaneng a ile a diriwa. Diphologolo di ile tsa tlhabiwa

le madi a ile a tshologa. Le go rupeng ga basimane go ile ga tshologa madi.

Testamenteng e Ntsha re bala gore Modimo o dirile phetso e e gakgamatsang ka lebaka la lorato la

gagwe. O dirile Morwa wa gagwe Jesu setlhabelo gore a swele dibe tsa rona sefapaanong. Pele ga Jesu

a swa o rile “Tetelesthai” Go raya go re: “Go weditswe” Gongwe ke lone lefoko le le ileng la dirisiwa

nakong ya kgale, le le ileng la kwala mo godimo ga tshupatefo fa motho a feditse go duela melato yotlhe

ya gagwe. Ka mantswe a mongwe fa Jesu o rile “Go weditswe (Johanne 19:30). O boletse gore o setse

a duetse molato otlhe wa ka le wa gago. Kwa sefapaanong Jesu o sentse lekwalo la tshupo ya melato

ya rona (o le fedisitse o le phimotse (Bakolose 2:14) mme o re neile tshupatefo. Ka lebaka leo, GA GO

TLHOKAGALE GORE O DIRE MATLHABELO SEBAKENG SA SEBE SA GAGO.

Mo go Baheberu 10:18 Morena o bolela gore setlhabelo sebakeng sa sebe ga se tlhokagale gape. Ka

setlhabelo Modimo ga a batle tshologo ya madi gape. Madi a ga Jesu a lekane. GA GO TLHOKAGALE

GORE O DIRE MATLHABELO SEBAKENG SA SEBE SA GAGO.

Batho ba bantsi gompieno ba re re tshwanetse go tlisa matlhabelo sebakeng sa sebe sa rona. Ba bangwe

ba re o tshwanetse go duela madi pele moeteledipele wa gago wa semowa a ka go tshwarela sebe sa

gago. Ba bua maaka, gonne Modimo o bolela gore GA GO TLHOKAGALE GORE O DIRE

MATLHABELO SEBAKENG SA SEBE SA GAGO. Ba bangwe ba bolela gore fa o tlhaba kgomo kgotsa

podi Modimo ga nka ke a go ngalela,mme wena o tla boela o tswelelapele. Se ke maaka, gonne Modimo

a re: GA GO TLHOKAGALE GORE O DIRE MATLHABELO SEBAKENG SA SEBE SA GAGO. Jesu

o setse a duetse melato yotlhe ya gago. O tshwanetse fela go dumela gore o go diretse sone. Batho ba

bantsi ba re o ka duela kgotsa o tshwanetse go dra tse di siameng. Ba re fa o ka dira dilo tse di siameng

ka go lekane, Modimo o tla go tshwarela melato yotlhe ya gago. Le se ga se boammaaruri. Modimo o

bolela gore fa o dumela mo go Jesu o setse a go tshwaretse melato yotlhe ya gago, gonne Jesu o setse

a duetse tsotlhe. Gongwe o akanya gore fa o ikutlwa gore o tlhomogile mme o a inyatsa mme ka metlha

o a ikatlhola ka lebaka la dilo tse o di dirileng kgale, a Modimo o tla go tshwarela Le se ga se

boammaaruri. Modimo a re: GA GO TLHOKAGALE GORE O DIRE MATLHABELO SEBAKENG SA

SEBE SA GAGO.

Fa motho yo mongwe a duela molato wa gago mme a go neile tshupatefo, ga o ka ke wa e gagola le go

leka go duela molato wa gago, ka bowena, a ga go jalo Ka lebaka leo o se ka wa iteka go duela molato

wa gago. Amogela tshupatefo e Jesu a go naang yone mme O mo leboge thata.

TAELO:

1. Ke ka mekgwa efe o lekang go dira sengwe sebakeng sa go itse gore a Modimo o tla go

tshwarela sebe sa gago

2. A o setse o amogetse tshupatefo eo Jesu a go neileng yone A o setse o lebogile Modimo ka

lebaka la seo

3. Goreng go sa tlhokagale gape go tlisa matlhabelo sebakeng sa sebe sa gago

4. Yaa, o bolelele batho ba bangwe kgang e e molemo ya gore ga go tlhokagale gore ba duele

molato wa sebe sa bone. Ga go tlhole go batlege gore ba dire matlhabelo sebakeng sa sebe sa

bone.

27

11. FA O DUMELA MO GO JESU O TLA NNA LE KITSO YA GORE O

PHOLOSITSWE.

Bophepa

Gonne

Bana ba Modimo ba

phepafaditswe

Ka madi a ga

Keresete.

Tlhokomela gore botlhe ba nne le Bukana e e senang Mafoko.

KETAPELE:

* A o sa gopola molaetsa wa tsebe ya bophepa

* Goreng re tlhopile bophepa gore gopotsa gore mongwe le mongwe yo o dumelang, ke ngwana

wa Modimo (Ka gonne bana botlhe ba Modimo ba phepafaditswe ka madi a ga Keresete. Bala le Tshenolo 7:13-14)

* (Kgomaretsa jaanong karata le bogare ba boammaaruri ba nomoro 11)

MOLAETSA: Selo sa botlhokwa se Modimo o re rutang sone Beibeleng malebana le bongwana ke se:

Jesu Keresete o setse a dirile tsotlhe tse o di tlhokang gore a go dire ngwana wa Modimo. O rata le go

tlosa dibe tsa gago tsotlhe gore botshelo jwa gago bo nne phepa. Mme kitso e ka bo yone ga e go dire

ngwana wa Modimo. O tshwanetse go dumela gore tsotlhe tse Jesu a di dirileng, o di diretse wena. O

di amogele e nne tsa gago. Kgang e e ka tshwantshwa ka sejana se se tletseng dijo. Go itse fela gore

sejana se se jalo se gone, ga go ka ke ga thiba tlala ya gago. Go feta moo go tsaa dijo tseo o di baa mo

pele ga gago mo godimo ga tafole, le teng ga go kitla go thiba tlala. E le gore tlala e fele o tshwanetse

go di tsaa o di je. Ka tsela e jalo, o ikamogelele gore Jesu o ile a swa sebakeng sa gago.

28

O seka wa re Jesu o otlhailwe sebakeng sa dibe tsa gago, mme o mo amogetse. Jaanong o ka nna wa

tswelela pele ka go dira dibe. O tshwanetse o itlama gore o tla tlogela dibe tsotlhe, o utlwe Modimo fela.

Fa o dira jalo, gongwe o tla tlogelwa ke ditsala tsa gago, gonne o gana go dira dilo tse di bosula le bone

jaaka pele. Jesu o rile lefatshe le tla tlhoya ba ba dumelang mo go Ene, gonne le Ene le ne le mo tlhoile.

Ka lebaka leo ga go bonolo go nna ngwana wa Modimo. Le fa go le jalo o ithaope go latela Jesu, gonne

ke Ene fela yo o ka go pholosang dibeng tsa gago le yo o ka go naang botshelo jo bo sa khutleng. Dira

tshwetso gone jaanong.

Fa o rata go amogela Jesu, o ka rapela thapelo e: “Morena Jesu ke swabile ka lebaka la dibe tsa me,

mme ke a itse gore ga gona sepe se ke tla se dirang gore ke ipholose. Ke dumela gore o

nthwaletse kotlhao ya dibe tsa me. A o ko o intshwarele dibe tsa me tsotlhe mme o ntire ngwana

wa gago. A o ko onthuse gore metlheng e tlang ke dire se se ratwang ke wena” O ka nna wa dirisa

mafoko a gago.

Fa o amogetse Jesu, Modimo o go supetsa mo go Johanne 1:12 le 1 Johanne 5:12-13 gore o ngwana wa

gagwe le gore o na le botshelo jo bo sa khutleng. Ka lebaka leo o ka itse ka boammaaruri gore o

pholositswe,e seng ka gonne o ikutlwa jalo, mme ka gonne Modimo o re jalo. Ka gonne o amogetse Jesu

jaaka Mopholosi wa gago, ka Mowa o Boitshepo o o ikagetseng mo go wena. Mowa o Boitshepo o tla go

naa katlego ya go tshela jaaka ngwana wa Modimo. O tla go naa le kitso e e sa belaetseng ya gore

Modimo jaanong ke Rraago.

Ka gore Keresete o phimotse dibe tsa gago tsotlhe, Modimo o re mo go wena o siamisitswe. A sa tla go

otlhaya ka lebaka la dibe tsa gago. Ka lebaka leo tebogo ya gago e go kgweletse go tshelela Modimo fela

le go mo utlwa ka metlha.

TAELO:

1. O itse dilo ka ga Jesu. Bolela dilo tse dintsi tse o di itseng. A go lekane go itse fela dilo tse

tsotlhe O dire jang go pholosiwa

2. Ke dife tse di siameng le tse di phoso mo dipolelong tse di latelang

* O tshwanetse go akanya sentle pele o dira tshwetso ya go latela Jesu, gonne ga go kitla gonna

bonolo go mo latela ka metlha.

* O tshwanetse go dumela mo go Jesu fela mme morago o ka boela o dira sebe gape.

* O tshwanetse go dumela mo go Jesu fela, ga go tlhokege gore botshelo jwa gago bo fetoge.

* Ga go bonolo ka metlha go tshela jaaka ngwana wa Modimo.

* Ka metlha o tshwanetse go ikutlwa o le ngwana wa Modimo, gonne fa o ikutlwa go sele ga o

ngwana wa gagwe.

3. A motho o tshwanetse go solofela fela gore o tla tsena legodimong kgotsa o ka nnetefatsa

boammaaruri ba gore jaanong o pholositswe Bala 1 Johanne 5:12-13 le Baroma 8:14-16.

4. O ithute 1 Johanne 5:12-13

(O tla bona ditemana tsotlhe tse di amanang le tsebe ya bophepa Bukaneng e e senang Mafoko).

29

12. O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO KERESETE!

Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe ya bophepa, gonne e go ruta ka se Jesu a se dirileng sefapaanong

se se ka go pholosang, sa go naa botshelo jo bontsha ka teng.

(Kgomaretsa karata 12)

KETAPELE:

* Namane e e mo setshwantshong e bobola thata. Mo botlolong go na le setlhare se se siameng

se se ka kgonang go boloka botshelo jwa namane. Go tshwanetse go diragalang pele ga setlhare

se ka boloka botshelo ba namane

* Ee, setlhare se tshwanetse go tsengwa mo namaneng ka nnalete. Fa o dirile seo mme namane

e fodile, ke eng se se bolokileng botshelo jwa namane A ke nnelete le kgotsa setlhare

Ke setlhare se se bolokileng botshelo jwa namane, mme le yone nnalete e a batlega sebakeng sa go

tsenya setlhare mo namaneng. Ke ka mokgwa o o Beibele e ruta gore ke Jesu yo o pholosang, mme le

tumelo e a batlega go amogela pholoso e.

PALO YA LEFOKO: Ditiro 16:31 le Baroma 321-26

MOLAETSA: Beibele e re ruta gore moweng re sule ka lebaka la melato le dibe tsa rona (Baefese 2:1-4)

Ga gona mokgwa o mongwe o re ka ipholosang ka one. Ka gonne Modimo o go ratile thata, o romile

Morwa wa gagwe, Jesu Keresete go re swela sefapaanong ka lebaka la dibe tsa gago.

30

Jaanong potso ke e: A dilo tsotlhe tse Jesu a ileng a go direla tsone kwa Golgotha, e ka nna tsa gago ka

mokgwa ofe Di tla tsena botshelong jwa gago jang gore o tle o pholosiwe ka tsone Beibele e neelana

ka karabo e le esi: O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO JESU KERESETE (Kgomaretsa bogare ba

boammaaruri ba nomoro 12). Ka tumelo mo go Keresete fela o tla fapoga loso lo lo sa feleng(dihele). O

tshwanetse go dumela gore setlhabelo seo Jesu a se dirileng sefapaanong, se dirilwe ka lebaka la sebe

sa gago. O tshwanetse go dumela gore o dirile seo ka lebaka la gago, gonne o go ratile gakalo.

Fa gongwe mong wa namane a bona setlhare, a itse gore se siame, gape a bolelele badiri gore setlhare

se ke se se gakgamatsang - a namane e tla fola ka boyone Nyaa, ga go a lekana go itse leina la

setlhare, go bua ka sone, o bala pampitshaneng gore o siame jang. Setlhare se se tshwanetse go entelwa

gonne ko ntle ga seo ga go thuse sepe. Ka mokgwa o jalo ga go a lekana go itse leina la ga Jesu. Ga

go a lekana go itse fela dikai le metlholo eo a neng a e direla batho nakong ya kgale Beibeleng. Go itse

fela seo Jesu a se diretseng batho ba bangwe, ga go kitla go go thusa. Le go bua fela ka tse di

diragetseng kwa sefapaanong ga go thuse sepe. O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO JESU

KERESETE.

Tseo Jesu a di dirileng sefapaanong di tla nna le mosola mo go wena fela fa o simolola go dumela mo go

Jesu. O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO JESU KERESETE, mme o tla bolokega (Ditiro 16:31).

Fa o itse fela ka ga Jesu, mme gongwe o bua ka Ene, O sa ntse o latlhegile, o sule mo dibeng tsa gago,

mme o tla nne o otlhaiwe ke Modimo.

O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO JESU KERESETE. O mo amogele. Ka tumelo o amogele gore

o duetse molato wa sebe sa gago, mme Modimo o go naa tetla ya go nna ngwana wa gagwe(Johanne

1:12)

Jaanong ko ntle ga tumelo mo go Keresete, ga o ka ke wa pholosiwa. Mme o gopole ka metlha gore ga

se tumelo ya gago e e go pholosang. O pholosiwa ke Jesu. Tumelo e jaaka nnalete. Le fa e se tumelo

ya gago e e go pholosang, tumelo ya tlhokagala, gonne ka yone Jesu o a go pholosa. Ko ntle ga tumelo

Keresete ga se sepe mo go wena. Keresete o dula ko ntle ga gago, kgakala le wena, jaaka botlolo ya

setlhare e mo godimo ga raka, mme e sa entelwe mo namaneng.

TAELO:

1. Fa o setse o dumela mo go Keresete, o mo leboge o mo pake ka gonne o rwele kotlhao ya gago.

Mo boke ka tetla e o na le yone ya go nna ngwana wa Modimo.

2. Laletsa botlhe ba ba ratang go amogela Jesu jaaka Mopholosi wa bone gone jaanong go sala

morago ganyane. Laletsa le ba bangwe ba o ba itseng gore ba setse ba pholositswe, go go thusa

ka ba ba setseng kwa morago.

Thusa batho go tsaa megato e e latelanang go dumela mo go Keresete go ya ka Bukana e e senang

Mafoko. Ba tshwanetse go ipolela sebe sa bone le go kgaogana le sone. Ba tlhomamisetswe gore Mowa

o o Boitshepo o tla ba thusa go tshela jaaka bana ba Modimo. Gopola gore fa o dumela mo go Jesu, o

tla nna le boammaaruri ba gore o pholositswe. Johanne 1:2 le 1 Johanne 5:12-13 ke ditemane tsa

botlhokwa mo.

31

13. LE FA O KA TSHELA SENTLE, O SALA O LE MOLATO FA O SA DUMELE

MO GO KERESETE.

Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe ya bophepa, gonne e go ruta gore LE FA O KA TSHELA SENTLE,

O SALA O LE MOLATO FA O SA DUMELE MO GO KERESETE.

Kgomaretsa karata le bogare ba boammaaruri ba nomoro 13.

KETAPELE:

* O BONANG MO SETSHWANTSHONG SE (Lekwalo la go kgweetsa)

* Setefane ga a na lekwalo la go kgweetsa. O tsaa vene mme o ya toropong. O kgweetsa sentle

mme o ikokobeleditse melao yotlhe ya tsela. A o molato kgotsa ga a na molato Goreng

Ruri Setefane o molato gonne ga a tshegetsa molao wa ntlha (e leng selo sa botlhokwa). Ga a tshwanela go nna mo

tseleng a kgweetsa koloi ko ntle ga laesense. Go nna le tetla ya go kgweetsa, o tshwanetse go nna le lekwalo la go

kgweetsa pele.

Go na le batho ba bantsi ba ba tshelang sentle, mme ga ba ise ba pholosiwe, gonne ga ba utlwe taelo ya

botlhokwa ya Beibele. Reetsa sentle, o tla utlwa gore taelo e ke efe.

PALO YA LEFOKO: Johanne 3:18 le Johanne 16:9 le 1 Johanne 3:23.

32

MOLAETSA: A o na le bonnete ba gore o pholositswe Gonne go na le batho ba bantsi ba ba reng ba

pholositswe, mme go se jalo. Fa ba tshwanetse go tlhalosa gore a ba na le bonnete, ba bua ka dilo tse

dintsi tse dintle tse ba di dirang, mme ba sa re sepe ka Jesu Keresete. O tshwanetse go itse: LE FA O

TSHELA SENTLE, O SALA O LE MOLATO FA O SA DUMELE MO GO JESU. Ba dira phoso e e tona

fa ba akanya gore dilo tse dintle tse ba di dirang di ka ba pholosa.

A le wena o dumela gore ka letsatsi lengwe o tla gololwa ke Modimo, mme o tla tsena legodimong ka

gonne o dirile dilo tse di rileng tse di siameng A o mongwe wa batho ba ba reng: “Nna ke Mokeresete

gonne ke ya kerekeng ka metlha yotlhe. Ke bala Beibele ya me. Ke modiredi yo o siameng mme ke a

solofela mo dilong tsotlhe. Ke ntshetsa tiro ya Modimo madi. Ee, ke tshela botshelo jo bo phepa. Ke rata

go thusa batho ba bangwe” Tse tsotlhe di a kgatlisa, mme ga se tsone tse di tlang go go pholosa. LE FA

O TSHELA SENTLE, O SALA O LE MOLATO FA O SA DUMELE MO GO JESU. Ka gone, selo sa ntlha

se, o se dire sa ntlha. O tshwanetse go dumela pele mo go Jesu.

O ka se ipholosa ka go dira dilo tse di siameng. Fa o dumela mo go Jesu, O a go pholosa. Morago moo,

tsotlhe tse o di dirang tse di bolelwang ke Beibele, di na le thuso. Mme jaanong tse o di dirang ke tebogo,

gonne o setse o pholositswe, e seng gonne o rata go pholosiwa ka tsone.

A o mongwe wa batho ba ba dumelang gore ba tla tsena legodimong, gonne o sa dire dilo tse di bosula.

A le wena o bua jaaka ba bangwe. “Ga ke gapele badiredi ba me. Ga ke senye dilo tsa mong wa me,>

Ga ke beta mosadi wa me. Ga ke goga, le fa e le go nwa bojalwa. Ga ke fitlha ka morago ga nako tirong.

Le fa go se yo o re tlhokometseng, ke a dira, ga ke itshube” Fa o akanya gore o tla pholosiwa ka lebaka

la go sa dire dilo tse di bosula, k nnete o dira phoso. Sebe ga se go dira fela dilo tse di bosula tse di rileng.

Le fa o sa dire dilo tse di bosula, o ntse o le molato.

Selo sa botlhokwa seo Modimo a go bolelelang sone mo Beibeleng, ke gore o dumele mo go Morwa

gagwe, Jesu Keresete. Bala Johanne 6:29 le 1 Johanne 3:23. Fa o sa dumele, o dira sebe(Johanne

16:9). Mme fa o sa dumele, Modimo ga o ka ke wa go tshwarela dibe, mme o tla nna o le molato. Ka

gone, o gopole: LE FA O TSHELA SENTLE, O SALA O LE MOLATO FA O SA DUMELE MO GO JESU

Molao wa ntlha wa tsela ke e: Le fa o itse go gweetsa sentle o tahoka laesense ya go gweetsa. Go seng

jalo o phoso. TAELOlo ya ntlha ya Modimo: Dumela mo go Jesu. Ka jalo, LE FA O PHELA SENTLE,

O MOLATO FA O SA DUMELE MO GO JESU.

TAELO:

1. Nagana gape ka ga thuso mo tsebeng e e mase mabapi le sebe le tsebe e e khibidu ka ga Jesu

jaaka Mopholosi a le nosi. Ke goreng o ka se kgone go ipholose ka go dira se se molemo

2. O tshwanetse go dira eng go pholosiwa Bala 1 Johane 5:12-13 le Ditiro 16:31.

3. A o dumela mo go Jesu Keresete A o setse o mo amogetse jaaka Mopholosi a nosi wa gago

Fa o batla go ineela mo go Ene kajeno o sale morago ga tlelase gore re rulaganye lefelo le nako

ya go buisana.

4. Fa o na le laesense ya go gweetsa o ka tsamaya ka fa o ratang ka teng, kwa ntle ga go

tlhokomela melao ya tsela

Fa o dira taelo e kgolo ya Beibele ka go dumela mo go Jesu Keresete a ke gore go tloga foo o ka

phela ka fa o ratang ka teng A ke gore o ka latlha ditaelo tse dingwe tsa Beibele. Goreng o bua

jalo

5. Taelo e kgolo e e gaisang tse tsotlhe tse dingwe ke goreng Bala Matheo 22:36-39 / Baroma

13:8-10 / 1 Johane 3:23.

33

14. SALA MO GO KERESETE FELA – O TLA GO SIRELETSA MO GO YO O

BOSULA.

Molaetsa o o dumelana le tsebe e khibidu le ya bophepa gonne e go ruta gore Keresete o sireletsa

bana botlhe ba Modimo. Kgomaretsa karata ya 14.

KETAPELE:

* Katse le tlhapi di ka bonana Katse e ka atamela tlhapi mme ya e ngapa ka bogale Goreng fa

katse e paletswe go tshwara tlhapi Ke eng se se sireletsang tlhapi

Galase ke tshireletso e sa bonagaleng e e thibang gore katse e ka dira tlhapi sengwe, le fa e ka dira jang.

Beibeleng re bala gore sengwe se teng se se ka sireletsang bana ba Modimo mo go Diabolo le matla a

a bosula a gagwe a a sa bonagaleng. Fa re buisaneng gore ke eng kgotsa ke mang

PALO YA LEFOKO: 1 Johanne 4:4 le 5:18-20 (Kgomarela bogare ba boammaaruri ba nomoro 14).

MOLAETSA: Keresete ke ene tshireletso ya bana botlhe ba Modimo. Ka mafoko a mangwe, fa o dula

mo go Keresete, satane o tla tlholega go go dira sengwe. O tla leka ka bojotlhe, mme Keresete o tla go

sireletsa. O se ka wa tshameka le diabolo. O bogale thata go feta katse. Beibele e mmitsa tau e e

rorang(1 Petrose 5:8).

34

Fa o bona diabolo le bogale botlhe jwa gagwe o gopole; ga a kitla a go dira sengwe, fa fela o sala mo go

Keresete. Ga go tlhokagale gore o tshabe batho ba ba ratang go go loya. SALA MO GO KERESETE

FELA - O TLA GO SIRELETSA MO GO YO BOSULA. Diabolo a ka go ama fela fa o sa dule mo go

Keresete. Jesu o feta diabolo ka matla. Mo go Baefese re bala gore Jesu o na le matla le borena go feta

botlhe le tsotlhe. O setse a tlhotse matla otlhe a a bosula.(Baefese 1:18-23)!

Le fa o sa bone Jesu Keresete, o boloka bana botlhe ba Modimo. O na le bone, o ba potile, o mo go bone.

Ka gone ga go tlhokagale gore o sube dilo tse di farologaneng gaufi le ntlo ya gago go e sireletsa. O se

ka wa sireletsa ntlo ya gago ka “metsi a a Boitshepo”, o se ka wa pega dinaka tsa podi mojako go thibela

bosula. Tse ke dilo tse di suleng tse di sa itseng sepe, tse di sa kgoneng go dira sepe. Keresete o a

tshela mme Ene ke tshireletso e le nnosi ya gago. Fa o ka tlwaetsa go dira tse le go di solofela go go

sireletsa, o sitelwa Modimo, ka gonne o bolela gore Jesu ga a na matla go go sireletsa, SALA MO GO

KERESETE FELA - O TLA GO SIRELETSA MO GO YO BOSULA.

O se ka wa tshaba gore batho ka ditlhapa tsa bone ba ka go tlisetsa malwetse a mefuta. SALA MO GO

KERESETE FELA - O TLA GO SIRELETSA MO GO YO BOSULA. Ga go thuse go golega ngwana ka

megala mo lethekeng. Mogala o suleng ga o ka ke wa thibela malwetse. Ke Keresete fela yo o tla go

fodisang (bapisa Eksoda 15:26). Beibeleng re bala gore mewa e leswe e e tlisang malwetse ka mefuta

mo bathong ka metlha e lelekwa ke Jesu. (Mareka 1:21-28 / 5:1-13 / 9:14-29). Jesu o ne a le teng o sa

le teng o tla sala a le matla go feta yo o bosula. Ke ka gone a itseng go laela mewa go tswa mo bathong

e be e mo utlwe e rata kgotsa e sa rate.

SALA MO GO KERESETE FELA - O TLA GO SIRELETSA KGATLHANONG LE YO O BOSULA.

Motho o sala jaang mo go Keresete O sala mo go Ene fa o dumela le go mo reetssa ka metlha. Fa o

tlhaselwa ke mewa e e bosula o ka bua ka lentswe o re: “Satane le bathusi ba gage ga ba na matla mo

go nna, ka sala mo go Keresete e bile o gaisa satane ka matla. O fentse Satane.” Ka jalo Jesu o laela

bana ba gage fa ba rapela Thapela ya Morena go kopa ka metlha gore Modimo o ba golole mo bosuleng.

(Matheo 6:13). Le wena o tshwanetse go kopa la letsatsi le letsatsi tshireletso ya Modimo. O tla dira jalo.

Gopola, tlhapi e sireletswa mo galaseng, le wena o sireletswa fa o sala mo go Jesu.

TAELO:

1. A go na le dilo tse o di tshabang Ke goreng o di tshaba

Gonne ga go sepe kgotsa ope, yo o matla le botlhale go gaisa Modimo wa boammaaruri. Ga wa tshwanela go boifa ope

kgotsa sepe fa o dumela go Modimo. A ka go sireletsa kgatlanong le mewa o bosula,boloi,ditlhapa le dikano. Akanya

gape ka dikgaolo tsa ntlha tse di buang ka Modimo jaaka kgosi (tsebe ya gauta).

2. O batla le tshireletso kae A dilo tse di suleng le batho le mewa di ka go thusa

3. Goreng fa e le Jesu Keresete fela a ka go sireletsang

4. Modimo o tla dira eng fa batho ba ba bosula ba go tlhapaola jaaka ngwana wa Modimo Bala

Diane 22:12 le 26:2.

5. Ke fa kae mo o sa tshwanelang go batla thuso le tshireletso teng Bala dikgaolo tse di latelang:

* Deutoronomia 18:9-14 * Jesaya 8:19-20

* Jeremia 10:1-5 * O ka bala le Levitike 20:27 le 2 Dikgosi 21:1-6

6. Fa o batlile thuso le tshireletso mo go mongwe kgotsa sengwe nako e e fetileng, bolela gone

jaanong o kope Modimo go go tshwarela. Rapela o kope Keresete go go tshwarela.

7. Jaanong latlha dilo tse dingwe tsotlhe (megala: “muti” ditlhare, dingaka jj) Go tla nna botoka go

fisa tsotlhe. Fa dilo tse di go naa mathata,kopana le rona kwa Projeke Amose.

8. Bala Pesalema 91 kwa gae. Batla thuso le tshireletso ya gago go Morena.

35

15. DITIRO TSA GAGO DI SUPE GORE O A DUMELA.

Molaetsa o o dumelana le tsebe ya bophepa. O go ruta gore batho ba tshwanetse go bona gore o a

dumela.

(Kgomaretsa karata 15.)

KETAPELE:

* Akanya e ka re badiri ba ntsha dikgetsi mo setorong go di pega mo loring. Ka tshoganyetso

monna yo mongwe o bona noga mo gare ga dikgetsi. A gowa a re: “Noga!Noga!” Badiri ba

bangwe ba tla dira eng fa ba mo dumela

* Ba tla dira eng fa ba sa mo dumele

Fa motho a gowa a re: “Noga!Noga!” mme o mo dumela a o tla siya, o shebe gotlhe Fa o sa dumele

o tla mo sheba fela o tswelelepele ka tiro ya gago. Gonne bona, fa o dumela ditiro tsa gago di tla supa.

Beibeleng re bala gore ga o kitla o dumela kwa ntle ga go dira sengwe.

PALO YA LEFOKO: Jakobo 2:14-26

MOLAETSA: Go batho ba bantsi e setse e le tlwaelo ya go ipitsa badumedi kgotsa Bakeresete. Botlhe

ba re ba a dumela. A mme ba dumela e le ruri A o dumela mo go Keresete Seo o se dirang fa o utlwile

molaetsa, se tla supa gore o a dumela molaetsa oo kgotsa nyaa

36

Beibeleng re ithuta gore DITIRO TSA GAGO DI SUPE GORE O A DUMELA. Modimo a re mo go Jakobo

2:17 le 26, gore tumelo e senang ditiro e sule. Ee, jaaka phologolo e sa tlholeng e hema- e sule. Tumelo

e jalo ga e ka ke ya go pholosa.

Fa nka go botsa gore: “O pholositswe,” motlhaope o tla araba wa re: “Ke na le kereke ya me,”. Se se

bolela gore ga e se o pholosiwe. Ke bothata jo Jakobo a nnileng le bone le batho bao a neng a ba

kwaletse go ya ka taelo ya Modimo. Ba ne ba na le kereke ya bone, le bone ba ne ba re ba a dumela.

Mmme ba ne ba ikaketsa (1:22) ba ne ba sa dire sepe go supa gore ba a dumela, mme tumelong e e

senang ditiro ga e go dire Mokeresete. Ke ka gone Jakobo a ba kwaletseng mmogo le wena. Katisa

loleme la gago, o se ka wa ikgantsha le go ikgogomosa, o se ka wa dira dilo tse di diriwang ke ba ba sa

dumeleng. O ikanye mo Modimong o se ka wa dira batho ba bangwe bosula. Fa o tshela jalo,batho ba

tla bona gore o a dumela.

Tumelo ga se se o ka se subang. Tumelo ya boammaaruri e bonwa ka metlha. E bonwa mo dilong tse

o di dirang. Fa o dumela ka pelo yotlhe, o tla tshela ka mokgwa o o neng o sa tshele ka one pele. O tla

rata Modimo le batho ba bangwe. O tla direla ba bangwe jaaka o batla ba go direle. O ka se ke wa re o

dumela mo go Jesu Keresete mme o tlhapaole batho ba ba dirilweng ka setshwantsho sa Modimo (Jakobo

3:1-12) DITIRO TSA GAGO DI SUPE GORE O A DUMELA. Fa ore o dumela mo go Jesu mme o

lwantsha ba bangwe ka gonne o ithuta mme o eletsa dilo tsa ba bangwe le go bua mmaaka (Jakobo 4:1-

3). Fa o jabetsa ba bangwe o sa ba duelle ka fa o tshwanetsng ka teng, o supa gore ga o na tupelo. Ditiro

tsa gago di supa gore o a dumela kgotsa nyaa. Monna yo o tlhokomedisitseng ba bangwe ka noga, o ne

a batla gore ba dire sengwe. Ba ne ba tshwanetse go tlola. Fela jalo Modimo o solofetse gore nna le

wena fa re dumela mo go ene, re tla dira sengwe. Batho ba ba dumelang mo go Keresete, ba tshele ka

mokgwa o o rileng. Mo tsebeng e tala o tla ithuta gore o tshele jaaka Jesu go feta. Fa o ntse o tshela

jaaka Jesu, ditiro tsa gago di supe gore o a dumela.

TAELO:

1. A o dumela mo go Jesu ka nnete kgotsa o rialo fela gonne o le lokollo mo kerekeng

2. Fa o dumela,tumelo ya gago mo go Keresete e fetotse botshelo jwa gago jang Ka mafoko a

mangwe:

* O ne o dira eng pele, se o sa tlholeng o se dira jaanong

* O ne o sa dire eng pele, seo o se dirang jaanong ka gonne o a dumela

(A moKreste mongwe le mongwe a bue kgang e rileng.)

3. Ke dilo dife tse motho yo o dumelang a sa tlhole a di dira Bala Bagalata 5:19-21.

4. Ke dilo dife tseo di leng teng polasing ya lona, dilo tse di sa siamang

5. Ke dilo dife tseo o ntseng o di dira ka metlha Ke nako ya gore o ipolelele mme o di tlogele.

6. DITIRO TSA GAGO DI SUPE GORE O A DUMELA. A o tshela jalo gore batho ba polasi ba

bone Goreng o bua jalo

37

16. FA O LE NGWANA WA MODIMO, BOTSHELO JWA GAGO BO TSHWANE LE

BA GA JESU GO FETA.

Botala jwa bojang

Gonne

Jaaka ngwana wa

Modimo

O tshwanetse go gola

moweng

Tlhokomela gore mongwe le mongwe a nne le Bukana e e senang Mafoko.

KETAPELE:

* A o sa gopola molaetsa wa tsebe e tala ya bojang

* Goreng o akanya gore re tlhopetseng botala go go gopotsa gore o gole moweng (Dimela tse di

tlogang di na le mmala wa botala. Botala bo go go roba go tloga kgoba go gola.)

* (Kgomaretsa jaanong karata le bogare ba boammaaruri ba nomoro 16).

38

MOLAETSA: Selo sa botlhokwagadi se Modimo a re rutang sone mo Beibeleng ka go gola moweng ke

se:-

Fa o amogetse Jesu, o bo o le ngwana wa Modimo, o bo o pholositswe mme o tshwane le setlhajana se

se tala se se tshwanetseng go gola gore se tiye. Ka gone o tshwanetse go gola semowa. O ithute go itse

Modimo go feta, o mo utlwe gantsi fela. Go supa tebogo ya gago ka lebaka la pholoso ya gago, o tshele

jaaka Jesu. Bala Bakolose 2:6-7 le 1 Johanne 2:6. O ka gola moweng ka go dira tse di latelang:-

* Bala mme o utlwe Beibele, ithute se se kwadilweng moo. Gopola gore Beibele e bua ka dikgang

tseo le yone Bukana e e senang Mafoko e buang ka tsone. Fa o bala Beibele ipotse gore tse o

di badileng di na le kamano jang le nngwe ya mebala e merataro ya bukana e.

* Rapela go Modimo: O rile gore nako nngwe le nngwe o bue ka kgang nngwe le nngwe le Ene.

Fa o kopa go Modimo ka leina la ga Jesu dilo tse di dumelanang le thato ya gagwe, o go solofetsa

gore o tla utlwa thapelo ya gago. Modimo ga o reetse dithapelo tsa batho ba ba ikgopolelang.

Ithute thapelo e Jesu a e rutileng barutwa ba gagwe(Matheo 6:9-13).

* Fa o le ngwana wa Modimo, o gopole gore Modimo o go pholositse ka maikaelelo. O batla gore

o bolelele ba bangwe (go paka) gore o mogolo e bile o siame jang. Ka seo o se buang, o se

dirang, o ba supetse gore Modimo le bone o a ba rata. O batla go ba dira bana ba gagwe. O ka

dirisa Bukana e e senang Mafoko go go thusa gore o bolelele batho ka Modimo.

* Le fa o le ngwana wa Modimo le go tlhoa sebe, o ile go dira sebe gape. O se ka wa simolola go

belaela gore a o pholositswe. O se ka wa tswelela pele ka go dira sebe. O ipolele dibe tsa gago

ka metlha o kope Modimo. O tla go tshwarela le go go thusa gore o se ka wa di dira gape.

* Mowa o Boitshepo o tla go thusa go gola moweng, mme Modimo o batla gore bana ba gagwe ba

thusane. Ke ka gone o tshwanetseng go batla ditsala tsa Bakeresete. O ineele kwa kerekeng

kgotsa phuthegong ya ga Keresete. O gopole gore bana botlhe ba Modimo ba tlhokana.

O se ka wa lapa go dira tse tsotlhe, gonne Jesu o dirile tsholofetso e e kgakgamatsang, tsebe ya botala

jwa legodimo e tla go ruta ka yone.

TAELO:

1. Fa o dumela mo go Jesu, ke goreng o tshwanetse go gola semowa

2. A dipolelo tse di latelang ke boammaaruri kgotsa ga se tsone

* Ga go tlhokagale gore ke bolelele batho ba bangwe ka Jesu, fa fela nna ke pholositswe.

* Fa batho ba ntshotla, ga go tlhokagale gore ke tshele jaaka Jesu.

* O tlholwa ke go gola moweng ka bowena, o ineela mo kerekeng.

* Ga o a tshwanela go bua le Modimo mo kerekeng kgotsa mo tlung ya gago fela.

3. Fa o dira sebe gape, lefa o leka thata go sa se dire, a go raya gore ga o tlhole o le ngwana wa

Modimo

4. O dire eng fa o dira sebe gape

5. Ithute 1 Johanne 2:6

(Ditemane tsotlhe tse di mo tsebeng e tala o tla di bona Bukaneng e senang Mafoko).

39

17. O TSHWANETSE GO ITSE GORE KAROLO E O E BADILENG MO

BEIBELENG E DUMELANA JANG LE DIKAROLO TSE DINGWE TSA

BEIBELE.

Molaetsa o o dumelana le tsebe e tala gonne e go ruta gore o bale Beibele sentle o e tlhaloganye gore

o gole moweng. Kgomaretsa karata 17.

KETAPELE:

* Monna yo o mo setshwantshong o amogetse lekwalo le le tswang go morwadie yo o dirang kwa

toropong. Monna yo o bala lekwalo mme o bala polelo e e mo gare ga lekwalo. Go kwadilwe: “Ke

tlhoile rre wa me”

- O akanya monna yo o ile a ikutlwa jang

* Monna yo o isa lekwalo kwa gae o le latlhela fa pele ga mosadi wa gagwe. “Reetsa fela seo

ngwana a se kwadileng”, o bala polelo eo fela gape. Mosadi wa gagwe a le tsaa a le bala go tswa

tshimologong. E rile a feditse a se ka a tlhaloganya gore ke eng monna wa gagwe a bifile. O ile

a lemoga se se bolelwang mo lekwalong. Go ne go ya ka tsala ya morwadi wa bone, o ne a tlile

go kopa kgakololo gonne rraagwe o ne a tagwa mme a mo tlhekefetsa. Ke tsala ya gagwe ye e

ne e re: ”Ke tlhoile rre” Mo karolong e nngwe ya lekwalo moradi wa bone o kwala gore ka

mokgwa o a ratang batsadi ba gagwe ka teng le gore o leboga Modimo ka batsadi ba ba le

gakgamatsang bao a mo neileng bone.

- Ke goreng fa mosadi a ne a itumetse fa a ne a bala lekwalo, mme monna wa gagwe ene

a ne a bifile

Beibele ke lekwalo la Modimo mo go nna le wena. Re tshwanetse go le bala ka go nepagala gore re seka

ra le tlhaloganya ka mokgwa o o sa siamang.

40

PALO YA LEFOKO: 2 Petrus 3:14-16.

MOLAETSA: Go tlhaloganya Beibele sentle, O TSHWANETSE GO ITSE GORE KAROLO E O E

BADILENG MO BEIBELENG E DUMELANA JANG LE DIKAROLO TSE DINGWE TSA BEIBELE.

(Kgomaretsa bogare ba boammaaruri ba nomoro 17).

Ke Mowa o o Boitshepo o o thusang bana ba Modimo go tlhaloganya Beibele sentle (bala 1 Bakorinthe

2:13-14 le 2Petrose 1:20-21). Ka lebaka leo o tshwanetse, go kopa pele ga o bala Beibele gore Mowa

o Boitshepo o go thusa go tlhaloganya karolo e Modimo a batlang go go bolelela yone. Mowa o o

Boitshepo ga o age mo bathong ba ba sa pholosiwang. Ke ka gone o tshwanetseng go tlhokomela go sa

reetse batho ba ba sa pholosiwang. Gantsi batho bao ba tsaa temana fale le fale ba go naya tlhaloso e

e seng yone. A ke tle ke go neele sekao se le sengwe. Motho a re mo Beibeleng ga go pharologano

magareng ga motho le phologolo. Ga gona selo se se jaaka botshelo jo bo sa khutleng, ke gore legodimo

kgotsa dihele. Ke ka gone motho a tshelang jaaka a rata, gonne fa a sule o sule. O tshwana le ntšwa e

suleng. Go supa seo a se bolelang, bala Moreri 3:18-21 ka gonne motho ka boene a sa pholosiwa a sa

tlhaloganye se go buiwang ka sone bukeng ya Moreri kgotsa Beibeleng. Mo dibakeng tse dintsi Modimo

a re badumedi ba tla nna le ene kwa legodimong mme ba ba sa dumeleng ba tla otlhaiwa kwa diheleng.

Go tlhaloganya Beibele, O TSHWANETSE GO ITSE GORE KAROLO E O E BADILENG MO

BEIBELENG E DUMELANA JANG LE DIKAROLO TSE DINGWE TSA BEIBELE.

Go tla go thusa thata go tlhaloganya molaetsa wa karolo fa o ntse o ipotsa ka metlha: A karolo e ke e

badileng e dumelana le molaetsa wa Beibele yotlhe Akanya ka molaetsa wa mebala yotlhe ya Bukana

e e senang Mafoko. Karolo ya reng ka Modimo le lorato lwa gagwe mo bathong A karolo e bua ka sebe

A go na le selo sengwe se o ka ipolelang sone go Modimo mme o se tlogele O reng ka karolo e o e

badileng ka Jesu Keresete le setlhabelo se a se tliseditseng dibe tsa gago Fa o bala Testamenteng ya

kgale ka matlhabelo a diphologolo o a lebise go setlhabelo se segolo e leng Jesu (Bahebere 10:11-14).

Karolo e o e badileng ya reng ka tumelo go Modimo Rara, Jesu Keresete, Morwa le Mowa o Boitshepo

E bolelang ka tshwarelo ya dibe le boammaaruri gore o ngwana wa Modimo A karolo e e bua ka kgolo

ya semowa A karolo e e bolela sengwe ka go tla ga Jesu le se o tshwanetseng go se dira le go

ipakaanya. Go tlhaloganya Beibele sentle O TSHWANETSE GO ITSE GORE KAROLO E O E

BADILENG MO BEIBELENG E DUMELANA JANG LE DIKAROLO TSE DINGWE TSA BEIBELE.

A ke go nee sekao gongwe o bala ka taelo ya ga Jesu go barutuwa ba gagwe, Matheo 10:5-7. A se se

bolela gore Jesu ga a batle gore rona re se ka ra bolelela baheitene(batho ba ba sa dumeleng). Go ya

ka ene se se bolela gore Jesu o batla fela batho ba setshaba sa Israele ba utlwe molaetsa wa gagwe

Mo tsebeng e tala le bobududu jwa legodimo, o ithutile gore Jesu o batla gore bana ba gagwe ba bolelele

botlhe ka ene. O batla gore batho ba dipuo tsotlhe,lotso,setshaba ba utlwe molaetsa mme ba mo dumele

(Matheo 24:14 / 28:16-20 / Ditiro1:8 / Baroma 10:9-17) Jaanong fa o bala karolo e thata e o sa e

tlhaloganyeng sentle, o tshwanetse go sheba sentle seo kgaolo yotlhe le buka e se bolelang. Sheba se

se kwadilweng felong lengwe mo Beibeleng ka kgang e. Go tla go thusa go tlhaloganya dikarolo tse di

thata. Tlhokomela gore o se ka wa dira phoso jaaka monna yo mo setshwantshong. O badile polelo e

le nngwe fela a ba a akanya gore o itse gore e bolelang. Go tlhaloganya Beibele sentle. O

TSHWANETSE GO ITSE GORE KAROLO E O E BADILENG MO BEIBELENG, E DUMELANA JANG

LE DIKAROLO TSE DINGWE TSA BEIBELE.

TAELO:

1. O tla dira eng gore o tlhaloganye molaetsa wa Modimo mo Beibeleng sentle

2. Fa o sa tlhaloganye sengwe mo Beibeleng, o ka botsa mang go go tlhalosetsa

O se ka wa botsa mang

3. Goreng o tshwanela go tlhokomela fa o se ka wa dumela gore motho yo e seng Mokeresete, a

go bolele temana e le nngwe fela mo Beibeleng

4. Diabolo o ile a dira eng fa a ne a batla gore Jesu a dire sebe Jesu o ile a reng gangwe le gape

Bala Matheo 4:1-11

41

18. MOWA O BOITSHEPO O BATLA GO LAOLA BOTSHELO JWA GAGO

LETSATSI LENGWE LE LENGWE.

Molaetsa o o dumelana le tsebe e tala gonne o go ruta gore Mowa o o Boitshepo o go thusa go tshela

jaaka Modimo o batla.

Kgomaretsa karata 18.

KETAPELE:

* Pharologano magareng a setering le lekgwatlho ke efe

* A o batla go kgweetsa sebaka se se telele, kwa ntle ga lekgwatlho

* A o kile wa ipotsa fa o ntse o kgweetsa “Ke eletsa e ka re nka tlhoka lekgwatlho

O akanya jang A Modimo o batla gore o dire ka Ene jaaka o dira ka lekgwatlho sa gago, kgotsa Modimo

o batla go nna “setering” se se laolang botshelo jwa gago A re batleng karabo mo Beibeleng.

PALO YA LEFOKO: Baroma 8:14 le Bagalata 5:16-25 (Bala temane 16 le 25 gabedi mme o kgomaretse

bogare ba boammaaruri ba nomoro 18).

MOLAETSA: Ga gona motho yo o batlang go pagama a sena lekgwatlho, ga gona ope yo o eletsang gore

a tla tlhoka lekgwatlho. Lekgwatlho se botlhokwa mme motho o se baa ka tlase ga vene a se lebale.

Nako nngwe o sheba gore a le sa ntse le le teng, a le sa ntse le tletse mowa. Fa o ntse o tsamaya,

lekgwatlho ga se dire pharologano mo veneng, vene e tsamaya sentle kwa ntle ga lone.

42

Gantsi batho ba dira Morena jaaka lekgwatlho. Ba amogela Jesu mme morago ba a mo lebala. Ka nako

e nngwe ba ya kerekeng go bona gore ruri Modimo o teng fa ba ka mo tlhoka. Ga ba neye tshono ya go

fetola matshelo a bone. Go phoso thata go ka dira Modimo jaaka lekgwatlho, gonne MOWA O O

BOITSHEPO O BATLA GO LAOLA BOTSHELO JWA GAGO LETSATSI LENGWE LE LENGWE.

Mo go Bagalata 5:24-25 ga twe wena yo o leng wa ga Keresete o ka se ke wa lebala ka Modimo. O

dumele Mowa o boitshepo go laola boitshwaro jwa gago. Temane 16 ya re botshelo jwa gago bo laolwe

ke Mowa o o Boitshepo. Go bolela gore Mowa o o Boitshepo o batla go nna setering sa gago. Ga ke re

ke lone le le laolang koloi moo e tla tsamayang teng Gape, o se ka wa le dirisa ka motso e metlhano fela,

mme morago o le lebale. O tshwanetse go le dirisa nako yotlhe. Le ka tsela e Mowa o o Boitshepo o batla

go laola botshelo jwa gago letsatsi lengwe le lengwe. Mowa o o Boitshepo o batla go nna setering sa

gago.

Fa o dumelela Mowa o o Boitshepo go nna setering sa gago, go laola botshelo jwa gago letsatsi lengwe

le lengwe, ga o ka ke wa nna wa wela mo sebeng. Beibele ya re, wena jaaka Mokeresete o se ka wa

tshela ka bofefe, o se ka wa robala le mosadi yo mongwe fa e se fela yo o tseneng le ene mo lenyalong

ka molao. Go se ka ga nna le sengwe se se botlhokwa mo go wena go feta Modimo. Gape o se ka wa

rapelela medimo ya batho ba bangwe, kgotsa badimo fa gonne ke batho jaaka wena. O tlogele boloi ka

gone o se ka wa kopa moloi go loya batho ba bangwe. O tlogele go ganetsa le go lwana, o seka wa beta

mosadi le go boulela ka batho ba bangwe. O se ka wa tagwa. Modimo wa re batho ba ba dirang jalo, ga

ba laolwe ke Mowa o o Boitshepo, mme ka gone, ga ba ka ke ba pholosiwa (Bala Bagalata 5:19-21)

MOWA O O BOITSHEPO O BATLA GO LAOLA BOTSHELO JWA GAGO LETSATSI LENGWE LE

LENGWE. Ke Mowa o o Boitshepo o o go thusang go rata batho ba bangwe. O go naya bopelotelele le

bopelotlhomogi mo go ba bangwe. Fa Mowa o o Boitshepo o laola botshelo jwa gago, ga o ka ke wa

akanya go se thuse batho ba bangwe. Ee, o tla nna le boitshwaro. Ee, o tla gana fa ba bangwe ba batla

gore o nwe mmogo le bone kgotsa go dira dilo tse di bosula. Ga o kitla o tlhapaola le go kgoba fa o bifile.

FA MOWA O O BOITSHEPO O BATLA GO LAOLA BOTSHELO JWA GAGO LETSATSI LENGWE LE

LENGWE, o tla tshela go ya ka Bagalata 5:22-23.

Gopola, ngwana wa Modimo a ka se ka a dira seo a se ratang(Bagalata 5:17). O tshwanetse go dira se

Mowa o o Boitshepo o se ratang. MOWA O O BOITSHEPO O BATLA GO LAOLA BOTSHELO JOTLHE

JWA GAGO LETSATSI LENGWE LE LENGWE. Ka metlha o kope go nna setering sa botshelo jwa gago.

TAELO:

1. Re badile gore fa o laolwa ke Mowa o o Boitshepo, ga o ka ke wa dira sepe se se bosula, jaaka

go rapela medimo ya diseto le boloi. Ke goreng fa dilo tse re balang ka tsone mo go Bagalata

5:19-21 di ntse di diragala dipolasing tse dintsi

2. Le ka dira eng go fedisa mathata a polasi ya lona

3. Gongwe wena le mosadi wa gago ga le bone bana, a le tla batla thuso ya baswi, mewa, boloi,

baprofeta le baitseanape A Mowa o o Boitshepo o tla le isa go kopa thuso mo go bone(Bala

Levitike 19:31 le 20:27)/Deutonomia 18:9-14/Pesalema 113:9).

4. A o itse motho yo o na leng mathata a nno, yo o nwang thata mafelo a beke O tla mo naa

kgakololo efe A ka gololwa jang mo mathateng a

5. A botshelo jwa gago bo laolwa ke Mowa kgotsa o dirisa Modimo jaaka lekgwatlho motlhang o leng

mathateng

6. Rapelang mmogo jaanong mme o kope Morena go laola botshelo jwa gago.

43

19. SEO O SE BOLELANG LE SEO O SE DIRANG DI DUMELANE.

Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe ya botala jwa bojang, o tla go ruta go tshela sentle le go gola

moweng.

KETAPELE:

* Go tla nna molemo fa o ka ba ruta kgang e ka tiriso-tsupetso. Bulela telebishene mme o time

modumo go bonagale setshwantsho fela. Bulela seyalemowa thata fela. Ka tsela e setshwantsho

sa telebishene ga se dumelane le modumo wa seyalemowa. Jaanong botsa dipotso tse di

latelang.

* A o tla rata go sheba ditshwantsho tsa telebishene o ntse o reeditse modumo wa seyalemowa

Goreng

Le mo Beibeleng re bala gore Modimo a re dipolelo le ditiro tsa Mokeresete di dumelane.

PALO YA LEFOKO: Bala Bafilipi 1:27 le Timothea 2:19. (Kgomaretsa jaanong karata le bogare ba

boammaaruri ba nomoro 19.)

MOLAETSA: Go setse go diragetse gantsi motho a mpolelele a re: “Fa motho yoo e le Mokeresete, nna

ga ke na kgatlego ya go nna Mokeresete Bona seo a se dirang!” O bua maaka le go fora botlhe, mme

Sontaga o teng mo kerekeng ka sefatlhego sa moitemokanyi. SEO O SE BUANG LE SEO O SE DIRANG

DI DUMELANE. Le batho ba bangwe ba tla eletsa go nna bana ba Modimo.

44

Le mo polasing gantsi go jalo. Ka dingwaga tse dintsi tse di fetileng nna le mosadi wa me re ne re agile

polotong kwa ntle ga Bloemfontein. Batho ba ba farologaneng ba ne ba ntirela. E sa gopola monna

mongwe yo a neng a bidiwa Lentikile. Go tloga letsatsi la ntlha fela, o ile a mpolelela gore ene ke

Mokeresete. O ne a rata go bua ka ditemane go tswa mo Beibeleng, mme gantsi a tshwarela batho

ditirelo tsa kereke. Mme mo gare ga batho ba ba ntiretseng Lentikile e ne e le motho yo ditiro tse di

“maswe”, go feta botlhe. Gantsi o ne a nwa go feta tekanyo. Gantsi, mosadi wa gagwe e leng Mokeresete

wa boammaaruri, o ile a mpitsa bosigo ka ura ya bone kgotsa ya botlhano. Lentikile a tle a tagilwe fa a

tswa koo, a batle go mo beta, ke be ke tshwanetse go mo thusa ka go mo sireletsa. Jaanong ga

gakgamatsa, fa ke sa utlwe ka motho yo o sokologileng ka lebaka la sesupo le dithero tsa gage. SEO O

SE BUANG LE SEO O SE DIRANG DI DUMELANE, gonne kwa ntle ga seo, batho ba bangwe ga ba ka

ke ba dumela seo o ba bolelelang sone ka Jesu Keresete.

Gantsi badiri ba tlholega go dumela gore mongwa tiro ke Mokeresete gonne fa dikgang di sa siame, o

shimolola go ba goeletsa le go ba tlhapaola. Ka gongwe mongwa tiro go thata mo go ene go dumela gore

badiri ba gagwe ke Bakeresete, gonne gantsi mafelong a beke ba nwa go feta tekano, mme ba a

lwantshana lefa ba ipitsa Bakeresete. Mo nageng ya rona mo go batho ba ba lesome, ba robedi ba bolela

gore ke bakeresete, mme mo go lesome, ba robedi ga ba tshele go ya ka moo Modimo o bolelang gore

Bakeresete ba tshele ka teng. Bahiri ba tiro le badiredi, balemi, le badiredi ba bone, ee, botlhe ba ba

ipitsang bakeresete, ba tshwanetse go tshela le go itshwara jaaka Bakeresete.

SEO O SE BUANG LE SEO O SE DIRANG DI DUMELANE, gonne fa o sa dire jalo, o tla tlaedisa batho

thata. Ga ba ka ke ba go dumela fa o re o Mokeresete, le seo o se buang se sa supe gore o dumelane

le setshwantsho sa gago(mokgwa wa go tshela ga gago).

TAELO:

1. Goreng fa o akanya gore ke selo sa botlhokwa fa dipuo le ditiro tsa Mokeresete, ke gore tseo a

di buang le tseo a di dirang, di dumelane

2. Bao ba e seng Bakeresete (baheitene) ba dira eng fa dipuo le ditiro tsa Bakeresete di sa

dumelane Bala Baroma 2:24.

Ha mongwa tiro le badiredi ba bangwe ba bolela gore ke Bakeresete, ba tshwanetse go dira tse di

latelang:-

3. Naa mongwa tiro sebaka sa go bolelela badiredi ba Bakeresete gore se ba se buang le se ba se

dirang ga di dumelane. Gopola fe Mokeresete o se ka wa bifa fa motho yo mongwe a go bolelela

diphoso tsa gago ka lorato. Go molemo fa o ka ipolela dilo tse di bosula, le go di tlogela.

4. Naa badiredi sebaka sa go bolelela mongwa tiro dipuo le ditiro tsa gagwe tse di sa dumelane.

Gopola jaaka Mokeresete o seke wa bifa fa motho yo mongwe a go bolelela diphoso tsa gago ka

lorato. Go molemo ha o ka ipolela dilo tse di maswe, le go di tlogela.

5. Fa le rapela mmogo, lo ipolele dilo tsotlhe tseo le di dirang tse di sa dumelaneng le boipolelo ba

lona jaaka Bakereste. Gape, le rapele gore Modimo a gopotse Mokeresete mongwe le mongwe

yo a leng mo polasing; SEO O SE BUANG JAAKA MOKERESETE LE SEO O SE DIRANG DI

DUMELANE.

45

20. FA O RATA GO TSHELA JAAKA JESU O TLHOPE DITSALA TSE DI

SIAMENG.

Pele ga le simolola ka kopano e, le ka ya go sheba haka le pene ya terekere ya kgale le kolotsana ya yone

ya kgale; ela tlhoko gore e fedile jang. Molaetsa o o tsamaya mmogo le tsebe e tala, gonne e go ruta

gore o tlhope ditsala tse di siameng fa o batla go gola moweng.

Kgomaretsa karata ya bogare ba boammaaruri ba nomoro ya 20.

KETAPELE:

* Fa o sheba haka ya terekere ya kgale o bona eng Goreng fa lesoba leo pene e tsenang mo go

lone le sa tlhole le le potokwe jaaka mo terekereng e ntsha

* Goreng fa pene ya kgale e le tshesane ntlheng e nngwe go feta mo go tse dingwe

Karabo e bonolo! Mo ntlheng eo terekere le kolotsana di kopanang teng ditshipi di a gotlhana. Ka lebaka

leo dihaka tsa terekere, kolotsana le pene di fetogile. Re ka re di a gotlhana. Beibeleng re bala gore

ditsala di a gotlhana. Ka lebaka le, FA O RATA GO TSHELA JAAKA JESU O TLHOPE DITSALA TSE

DI SIAMENG.

PALO YA LEFOKO: Diane 27:17

MOLAETSA: Modimo o dirisa batho go gogela batho ba bangwe kwa go Ene. Ka go tlhoka lesego, ke

46

oammaaruri gore Diabolo o dirisa batho gore ba digele ba bangwe mo sebeng. Fa gongwe o ka botsa

motho yo mo kgolegelong: “Go tlile jaang gore dilo di se ka tsa tsamaya sentle” Karabelo e be e tla

jaana: “Ditsala tse di sa siamang di tsentse batho ba bantsi mo bothateng”. Temane ya rona ya re, tshipi

e loodiwa ka tshipi. Le ka mokgwa oo ditsala di a lootsana, di a gotlhana. Fa o kopana ka metlha le batho

ba ba nwang, ba ba utswelang ba bangwe le ba ba ikaelelang bosula, ba tla dira gore le wena o nne yo

o bosula jaaka bone. Ke ka gone Beibele e go lemogisang gore ditsala di ka go direla bosula. FHa o

simolola go ithuta mekgwa e bosula ya ditsala, o wela mo bosuleng jwa botshelo (Bapisa Diane 18:24 le

22:24-25).

Tlogela batho ba ba dirang ba bangwe bosula. (Diane 1:8-19). O se ka wa nna tsala ya batho ba ba

nwang go tloga phakela go fitlhela bosigo (Jesaya 5:11) (Diane 23:29-35). Fema basadi ba ba raelang

banna (Diane 5). Fa batho ba e le ditsala tsa gago, ba tla go bopa gore le wena o nne bosula jaaka bone.

O bo o tsene mathateng a mefuta. Go robala le basadi ba bantsi kgotsa banna ba ba farologaneng, go

tla go bakela malwetse a a bolayang. Go nwa ka metlha go ka senya tlhaloganyo le sebete sa gago, o

bo o bobola ga bonolo fela. Tloga mo bathong ba ba dirang dilo tse.

Fa o le Mokeresete yo o ratang go gola moweng, FA O RATA GO TSHELA JAAKA JESU, O LEKE O

TLHOPE DITSALA TSE DI SIAMENG. Tlhopa ditsala tse di tla go thusang go utlwa Modimo. Tlhopa

ditsala tse di ka go lemogisang fa di bona gore o batla go dira dilo tse di maswe. Tlhopha ditsala tse di

amogetseng Jesu jaaka Mopholosi wa bone. FA O RATA GO TSHELA JAAKA JESU O TLHOPHE

DITSALA TSE DI SIAMENG. Ke ka lebaka leo Morena a reng o tlhokomologe batho ba ba rutang thuto

e e fapogileng.

Ke batho ba ba buang ditlhamane tsa bona, ba ba ba re ke seo Modimo a se buang. Tlogela le batho ba

ba reng ke barapedi ba ba yang kerekeng, mme morago kereke ba a tagwa, ga ba tshele jaaka

Bakeresete (2 Timothea 3:1-5). Fa batho ba ba jalo e le ditsala tsa gago, ammaaruri ba tla go gogela

kgakala le Modimo. Morago ga foo, ga o ka ke wa tshelela Jesu.

Mokgwa o bonolo wa go latlha ditsala tse di bosula ke go tshelela Jesu ka tlhoafalo le ka mafolofolo.

(Baroma 12:11). O tla bona: Ga go tlhokagale gore o tlogele ditsala tse di sa siamang, nyaa bone ba tla

go tlogela!

Mo go 1 Johanne 2:6 go kwadilwe: Mokeresete o tshela jaaka Jesu! FA O RATA GO TSHELA JAAKA

JESU, O TLHOPE DITSALA TSE DI SIAMENG. Tlhopa ditsala tse di direlang Jesu. Fa ditsala tse di

go fetola go nna yo o siameng, go siame, gonne di tla fetola gore le wena o tshele jaaka Jesu.

TAELO:

1. A ditsala tsa gago ke Bakeresete

2. Ditsala tsa gago di tshela jang A ba na le tlhotlheletso e e siameng kgotsa e e maswe mo go

wena A Morena o na le kagiso ka ditsala tsa gago A ga a batle gore gongwe o latlhe ditsala

tse dingwe tsa gago Bo mang

Gopola, ga go twe o direle batho bosula. O nne le botsalano le lorato go batho ba ba bosula,

mme o dule kgakala le bone gore ba seka ba go tlhotleletsa gore o nne bosula jaaka bone.

3. Fa e le kgang ya botlhokwa go tlhopa ditsala tse di siameng, a ga se ya botlhokwa gape go tlhopa

molekane (monna kgotsa mosadi) yo o siameng Fa o le Mokeresete, potso ya botlhokwa go feta

ke efe pele ga o tsaa tshwetso ya go nyala mongwe Bala 1 Bakorinthe 7: 39 le 2 Bakorinthe

6:14-15).

4. Fa Beibele e re ditsala di a gotlhana, bonnete ke gore batsadi ba bopa bana. O direla bana ba

gago sekao sefe Ba tla dira eng fa ba setse ba godile A ba tla tshela jaaka Jesu fa ba sala

sekao sa gago morago

47

21. O TSHWANETSE GO DIRELA MORENA MMOGO LE BAKERESETE BA

BANGWE!

Molaetsa o o dumelana le tsebe e tala, gonne e go ruta gore o ka gola moweng fela fa o direla Morena

mmogo le Bakeresete ba bangwe.

KETAPELE:

* Go diragalang ka kutu ya legong e o ntshang mo molelong o e beela kwa thoko A e tla tuka fa

e beilwe kwa thoko jalo

Gore kutu ya legong e tuke sentle, e tshwanetse go nna le dikutu tse dingwe mo molelong. Fa o e ntsha

mo molelong o e beela kwa thoko, e tuka ganyane go fitlhela e kua fela. Go diragala jalo le mo go

Bakeresete ba ba sa direleng Morena mmogo le Bakeresete ba bangwe. Ka bonako ba swa moweng –

fa ba sa tlhola ba direla Morena.

PALO YA LEFOKO: Baefese 2:19-22, 3:6 le 4:3-6 le 4:16. (Kgomaretsa bogare ba boammaaruri ba

nomoro 21.)

MOLAETSA: A o tlhokometse gore ditemaneng tseo re di badileng ga mmogo ga go buiwe ka

Mokeresete a le mongwe kgotsa modumedi a le mongwe fela. Modumedi yo mongwe le yo mongwe o

kopanngwa le setlhopha sa badumedi ba bangwe. Ga mmogo badumedi ba bidiwa ditokololo tsa legae

la Modimo ga mmogo le ditene tsa moago. Ga mmogo ke ditokololo tsa mmele wa ga Keresete, ga

mmogo ba dira setshaba sa Modimo, mme mmogo le badumedi ba bangwe ba nna le karolo dilong tseo

Modimo a di ba solofeditseng.

Gape go kwadilwe gore fa mongwe le mongwe a ka dira karolo ya gagwe, tiro ya gagwe e diragetse,

phuthego yotlhe e tla gola moweng.

48

Ka foo O DIRELE MORENA MMOGO LE BAKERESETE BA BANGWE, gore le kgone go thusana go

gola moweng. Mme kana badumedi ba ka thusana jang go gola moweng le go tshela jaaka Jesu Gagolo

Testamenteng e Ntsha, Morena o ruta bana ba ona go dira seo jaang

* A re badumedi ba rapelane (Bakolose 1:9-11 le 4:2-4) O TSHWANETSE GO DIRELA MORENA

MMOGO LE BAKERESETE BA BANGWE, gonne ka mokgwa o o tla itse go ba rapelela ka

metlha. O ka kopa gore le bone ba go rapelele. Fa le rapelana, Morena o tla le thusa botlhe go

gola moweng le go tshela jaaka Jesu.

* O TSHWANETSE GO DIRELA MORENA MMOGO LE BAKERESETE BA BANGWE, gonne

jaaka badumedi le tshwanetse go nametsana go rata Modimo le batho ba bangwe le go dira dilo

tse di siameng (Bahebere 10:24). Le tshwanetse go nametsana thata gore o se ka wa sala o le

esi kwa gae fa badumedi ba bangwe ba kopane (Bahebere 10:25).

* O TSHWANETSE GO DIRELA MORENA MMOGO LE BAKERESETE BA BANGWE, gore

gongwe fa o wela mo sebeng, go nne le mongwe yo o tla go thusang sentle. Fa motho yo

mongwe a dira sebe, o tshwanetse jaaka o le Mokeresete o mo thuse ka mokgwa o siameng

(Bagalata 6:1 le Bahebere 3:13-14). Bakeresete ba tshwanetse go rwalelana merwalo. Go bolela

gore o thuse ba bangwe fa ba imelwa, le wena ba go thuse fa o imelwa, o le mathateng(Bagalata

6:2).

* O TSHWANETSE GO DIRELA MORENA MMOGO LE BAKERESETE BA BANGWE, gonne le

ka thusana go gola moweng le go tshela jaaka Jesu. Fa o lapile, o nyemile moko, fa o imetswe

o sa kgone go utlwa Modimo, gonne ba lotso la gago le bone ba sa mo dumele, o tshwanetse go

nna le Bakeresete ba bangwe gore ba go nametse ba go thuse. O nametse le ba bangwe ba ba

nyemileng moko (1 Bathesalonika 5:14).

A oa tlhaloganya jaanong goreng O TSHWANETSE GO DIRELA MORENA MMOGO LE BAKERESETE

BA BANGWE Ke ka gonne le tlhokana. Fa o batla go tsamaya tsela o le esi, ha o sa kopane le

Bakeresete ba bangwe, ga gona ope yo o tla go thusang fa o sa tlhaloganye Beibele; go se ope yo o tla

go kgalemelang ha o dira sebe. Fa o tsamaya tsela o le esi, Diabolo a ka go raela go dira sebe. Ke mang

yo o tla go rutang go tshela jaaka Jesu, fa o tsamaya tsela le ba ba sa dumelang Ke mang yo o tla go

thusang gore o se ka wa lapa mo tseleng le go tlogela Keresete Morena o batla go dirisa Bakeresete

ba bangwe go go thusa. Ke ka gone O TSHWANETSE GO DIRELA MORENA MMOGO LE

BAKERESETE BA BANGWE. O se ka wa tshwana le kutu ya logong e e kwa thoko, gonne e kwa thoko

ga e kitla e tuka. E tla swa.

TAELO:

1. Bontsi jwa batho ba ba dirang kwa dipolasing ga ba kgone go tla kerekeng mo toropong ka

metlha. Wena jaaka modiri wa polasi ke eng se o ka se dirang go tla kerekeng ka metlha, le fa

go le kgakala

2. Borapolasi ba ya toropong ka mabaka a farologaneng. Wena rrapolasi jaaka Mokeresete a o

ikaeletse go isa badiredi ba gago ka sepalangwang dikopanong tsa kereke A go lekane fa ba

ya gangwe kerekeng mo dikgweding tse tharo

3. Go diragetse gantsi gore badiredi ba ba adimilweng koloi go ya kerekeng ka yone ba e senye

kgotsa ba e dirisetse maikaelelo a sele. Nako e nngwe batho ga ba fitlhe le kwa kerekeng kgotsa

fa kereke e tswa ba tsamaya ditsela tse dingwe, ba fitlhe kwa polasing ba tagilwe. Fa selo se e

le mathata kwa polasing ya lona, se ka rarabololwa jang

4. Le ka akanya leano lefe go ka thusa Bakeresete ba ba agang dipolasing go tla kopanong ka

metlha gore ba gole moweng A le setse le akantse ka ditlhopa tsa barutuwa kgotsa ditirelo tsa

kwa gae

5. A Bakeresete ba polasi ya lona ba kopana ba le bangwe mo polasing, kgotsa le ba ba sa

dumeleng ba kgona go tsena mo dikopanong ka metlha A go botlhokwa gore Bakeresete ba

kopane ba le bangwe ka dinako tse dingwe Bala Ditiro 19:9 Goreng

49

22. LATELA FELA BAETELEDIPELE BA KEREKE BA BA DIRANG TSE DI

KWADILWENG MO BEIBELENG.

Molaetsa o o dumelana le tsebe e tala, gonne fa o rata go gola semowa, o tshwanetse go sala morago

moeteledipele wa kereke yo o dirang se se kwadilweng mo Beibeleng.

(Kgomaretsa karata ya bogare ba boammaaruri ba nomoro 22.)

KETAPELE:

* Mo setshwantshong se go na le ditlhare tse pedi tsa terebe. A o a dumela

* Ke sefe se e leng setlhare sa nnete sa terebe Goreng fa o rialo

* Fa o batla go itse ditlhare tsa maungo, bojang, kgotsa dithunya ke mokgwa ofe o bonolo go ka

di itse O tla sheba jang

Go a utlwagala gore o tla sheba maungo, dipeo le dithunya. Ka tsone o tla itse dimela ga bonolo.

Le mo Beibeleng re bala gore o tla itse jang baporofeta ba ba sa ikanyegeng (baeteledipele ba semowa)

ka teng.

PALO YA LEFOKO: Bala Matheo 7:15-20

MOLAETSA: Metlheng e go na le dikereke tse dintsi, baperesita le baporofeta ba bantsi, baruti, baboledi

le bagolo, babishopo le baapostola. Botlhe ba bolela gore ba rometswe ke Modimo le gore ba bua

boammaaruri. Mme ga ba rute batho botlhe dilo tse di tshwanang. O tla sala mang morago Gongwe

go thata mo go wena go ka itse gore yo o gasang boammaaruri ke mang, gonne le wena ga o itse Beibele

sentle. Sentlentle ga go thata mo go kalo, sheba se moeteledipele wa kereke a se dirang. Sheba leungo

leo a le rweleng. E tla nna gone o tla itseng gore moeteledipele yo o rometswe ke Modimo kgotsa nyaa,

gore ke moeteledipele wa boammaaruri kgotsa yo o sa ikanyegeng. Gopole, LATELA FELA

BAETELEDIPELE BA KEREKE BA BA DIRANG TSE DI KWADILWENG MO BEIBELENG.

50

Go na le batho ba ba ratang go nna ba botlhokwa. Ka jalo ba tlhoma dikereke tsa bone le go ipea

baeteledipele ba kereke. Fa ba ntse ba amogela batho ba ba tsenang mo kerekeng kgotsa mo

phuthegong ya bone, ba ikutlwa ba le botlhokwa. Ka lebaka le, ga ba bolelele batho seo Modimo a se

buang. Ba bolelela batho seo ba batlang go se utlwa (2 Thimotea 4:3). Ga ba bolelele batho gore ba sira

selo se se sa siamang, gonne batho ga ba batle go reetsa tseo. Baeteledipele ba ba dikereke ba bolela

dilo tse dintle fela gore batho ba ba rate(Juda 16). Ba kolobetsa mongwe le mongwe, ba rekisa makwalo

a kolobetso le go fitlha botlhe e ka re ba ya legodimong. Ka mokgwa o jalo dikereke tsa bone di a gola

e bile ba amogela madi a mantsi. Tlhokomelang baeteledipele ba ba jalo. Modimo ga wa ba tlhomamisa

go nna baeteledipele ba semowa. LATELA FELA BAETELEDIPELE BA KEREKE BA BA DIRANG TSE

DI KWADILWENG MO BEIBELENG.

Go na le baeteledipele ba bantsi ba dikereke, gantsi mo gare ga batho ba bantsho, ba ba rutang batho

ka Jesu mme ba tlhompha le go rapela badimo. Go na le ba ba buang ka setlhabelo se Jesu a re

tliseditseng sone ka ntlha ya sebe, mme le bone ba dira setlhabelo dipodi,dinku, kgotsa dikgomo. Go na

le baeteledipele ba ba re rutang gore Modimo o tla go sireletsa, mme le bone ba kopa bosangoma kgotsa

baporofeta go kgatsa matlo a bone ka metsi a a boitshepo go leleka mewa (Moporofeta o porofeta ka tse

di sa itsewing mme tiro ya gagwe e tshwana le ya sangoma). O itse gore moeteledipele yo o ntseng jalo,

ga a diriwa moeteledipele wa semowa ke Modimo, le fa a bua jalo. O itlhomile mme ke moporofeta yo o

sa ikanyegeng. Molaetsa wa gagwe, ga o tswe go Modimo. Moporofeta wa boammaaruri o apola sebe

mme o rera tshokologo.

Baporofeta ba ba sa ikanyegeng ga ba rwale maungo a a dumelanang le tshokologo. Ga ba dire se se

kwadilweng mo Beibeleng. Ke ka gone ba rutang batho gore Modimo ga O tlhokomele matshelo a bone.

Ba ruta batho gore ba rapele badimo le Modimo O se ka wa ba reetsa. Moeteledipele wa kereke yo o

romilweng ke Modimo o tshela jaaka Modimo a batla gore bana ba gagwe ba tshele ka teng. O tshele

jaaka Jesu! O rwale maungo a a dumelanang le tshokologo. LATELA FELA BAETELEDIPELE BA

KEREKE BA BA DIRANG SE SE KWADILWENG MO BEIBELENG.

Tlhokomela baeteledipele ba kereke ba ba buang ka tlhapaolang, ba ba lerata, ba ba gogang le go nwa

ba tagile, ba ba robalang le basadi ba bantsi le ba ba ratang go gatelela tsa kereke. Tlhokomelang

baeteledipele ba ba sa ikokobetseng, ba ba sa tlhokomeleng ditokololo tsa kereke. Baeteledipele ba

boammaaruri ba kereke ba direla badumedi, ba ba tlhokomela ka lorato le ka maikutlo a ga Jesu(Johanne

10:1-14/1 Petrose 5:1-5) Tlhokomela baeteledipele ba ba bolelelang phuthego gore e dire eng, mme bone

ba sa se dire. Fela jaaka o itse setlhare ka maungo a sone, o ka itse moeteledipele yo o sa ikanyegeng.

LATELA FELA BAETELEDIPELE BA BA DIRANG SE SE KWADILWENG MO BEIBELENG.

TAELO:

1. Ke mokgwa ofe o bonolo wa go lemoga gore moeteledipele wa kereke ke motho wa Modimo

kgotsa nyaa O ka lemoga jang gore a Modimo o mo romile le gore o mo latele

2. Bala Miga 3:8 le 2 Timotheo 4:3. Bolela pharologano e le nngwe magareng ga moporofeta wa

boammaaruri le yo o sa ikanyegeng

A moeteledipele wa gago wa kereke ke moporofeta wa boammaaruri kgotsa yo o sa ikanyegeng

3. Letshwao la moeteledipele yo mongwe le yo mongwe le tshwanetse go nna jang Bala Mareka

9:35 le 10:42-45

4. Bala Matheo 7:21-23. Go tla diragalang ka batho ba ba itirang jaaka o ka re ba dira mo leineng

la Morena, mme ba sa dire se se kwadilweng mo Beibeleng.

5. A moeteledipele wa gago wa semowa o rera gore a Jesu ke Keresete yo o nnileng motho Fa

go se jalo Modimo a reng mo go 1 Johanne 4:1-3 ka moeteledipele yo o ntseng jalo

6. Fa o le moeteledipele wa kereke, botshelo jwa gago bo bonagala jang Ipatlisise mo leseding

la molaetsa o.

51

23. JESU O TLA BOA GAPE GO TLA GO TSAA BANA BA GAGWE

Botala jwa

legodimo

Gonne Jesu o tla tswa

kwa legodimong

A le mo godimo ga leru

Tlhokomela gore mongwe le mongwe a nne le Bukana e e senang Mafoko

KETAPELE:

* A o sa gopola molaetsa wa tsebe ya botala jwa legodimo

* Goreng o akanya gore re tlhopetseng botala jwa legodimo go go gopotsa ka go boa ga Jesu gape.

(Ka gonne mmala wa legodimo e le botala jwa legodimo. Jesu o tla tswa kwa legodimong a le mo godimo ga leru).

* (Kgomaretsa karata ya bogare ba boammaaruri ba nomoro 23.)

MOLAETSA: Kgang ya botlhokwagadi e Modimo a re rutang yone mo Beibeleng ka go boa gape ga jesu

ke e:

Ga ke re Jesu o tsogile baswing. O a tshela! Pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, o ile a solofetsa

barutuwa ba gagwe gore o tla boa go tsaa bana ba gagwe (Johanne 14:3).

Ga gona yo o itseng gore Jesu o tla tla leng, mme re na le boammaaruri ba gore o tla boa gape ruri go

nnetefatsa ditsholofetso tsa gagwe. Go boa go tla diragala ka tshoganyetso. Go tla be go sena nako ya

go baakanya tse di sa siamang. Nako ga e kitla e nna teng ya gore batho ba sokologe.

Fela ba ba ipaakantseng ba tla ya le Jesu. Fa o amogetse Jesu, ga gona pharologano ya gore oa tshela

kgotsa o sule. Le bone bana ba Modimo ba ba suleng, ba tla tsoga ka mmele o montsha. Le bone ba tla

amogela tsotlhe tse Modimo a ba solofeditseng tsone.

52

Fa wena o dumela mo go Jesu, le wena o tla tla a go tsaa, kwa legodimong ga o nkitla o dira sebe gape.

Ga go yo o tla tlhola a swa. Ga go sepe se se bosula se se go diragaletseng mo botshelong, ga se sa

tlhola se tla go diragalela. Ga o kitla o tshwarwa ke tlala, go utlwa botlhoko kgotsa pelo botlhoko. Ga

mmogo le bana ba Modimo o tla nna le Modimo ka bo sa khutleng. Ke monate o se ka keng wa o tlhalosa.

Botlhe ba tla boka Modimo mme ba mo obamela.

Fa Jesu a boa gape, o tlile go otlhaya batho botlhe ba ba neng ba sa dumele mo go Ene. O tla ba tlosa

mo go Ene. A ba otlhaele go tlhoka tumelo le dibe tsa bone. Ba tla utlwisiwa botlhoko jo bogolo kwa

diheleng ka metlha.

Le fa Jesu a ka boa gape nako nngwe le nngwe, o se ka wa nna bogatlhapa o sa dire sepe. O tswele pele

ka go itirela le go babalela legae la gago. O se ka wa nna mosalagae wa solofela mmuso le batho ba

bangwe ba go tlamele. Ka gonne Jesu o tla boela a tla ka nako e e sa bolelwang, o utlwe Modimo o tshele

botshelo jo bo phepa le jo bo boitshepo.

Lebaka le lengwe fela le le thibelang go tla ga Jesu gape, ke ka gonne Modimo o pelotelele. O naya batho

nako ya go sokologa. Ke ka gone a go nayang taelo ya go bolelela batho ba bangwe ka Jesu gore le bone

ba dumele mo go Ene.

A o ipaakantse Fa o ipaakantse, o se ka wa tshaba go boa ga Jesu. O ka nna le tebelelo gonne go tla

kgakgamatsa! O kope ka metlha mo dithapelong gore, Jesu o boela a tla gape.

TAELO:

1. O tshwanetso go dira eng go ipaakanyetsa go boa ga Jesu

2. Bana ba Modimo ba ka dira eng go diragatsa go tla ga Jesu ka bonako

3. Le tla bolelela mang ka ga Jesu Keresete A lo tla se dira

4. Le fa Jesu a ka boa nako nngwe le nngwe, ga re a tshwanela go iketla mme re dire ka thata.

Modimo o reng mo go 2 Bathesalonika 3:6-15. Bala temana mme lo buisanye ka yona.

5. Bala Baroma 8:18-25. Go tla diragalang ka bana ba Modimo le tlholego yotlhe motlhang Jesu a

boang gape

6. Bala le Tshenolo 21:1-8. Bana ba Modimo ba ka lebelela eng

7. Ithute 1 Johanne 3:2-3 kgotsa Johanne 14:

(O tla bona temane e tletseng ka tsebe e tala ya legodimo mo Bukaneng e e senang Mafoko).

53

24. O IPAAKANYE GONNE JESU A KA BOA NAKO NNGWE LE NNGWE.

Molaetsa o o tsamaya mogo; le tsebe ya botala jwa legodimo gonne e go ruta ka go boa gape ga Jesu

Keresete.

Kgomaretsa karata 24.

KETAPELE:

* Ke bomang mo gare ga lona badiredi ba ba ileng ba tshwarwa ke mongwa polasi yo o ileng a boa

pele ga nako malatsing a boikhutso

* Fa mongwa polasi a boa go tswa boikhutsong mme a bona badiri ba bangwe ba se mo tirong,

mme ba dira dilo tse di maswe ka go nwa, o tla dira eng ka bone

* Ke badiredi bafe ba ba sa tshabeng gore mongwa bone a ka boa ka nako e e se lebelelwang

Jaaka badiredi ba tshwanetse go ipaakanya letsatsi lengwe le lengwe fa mongwa bone a ka tla

ka tshoganyetso, le rona re ipaakanye ka gongwe Jesu a ka tla ka tshoganyetso.

54

PALO YA LEFOKO: Bala Matheo 24:45-51. Kgomaretsa bogare ba boammaaruri ba nomoro 24.

MOLAETSA: Pele ga go swa le go tsoga ga Jesu, o ile a re go barutwa ba gagwe, morago ga tsogo ya

gagwe o tla ya kwa legodimong. Gape o ile a ba solofetsa gore o tla boa gape go tla go ba tsaa(Johanne

14:3). Ka lone letsatsi la tlhatlogo ya gagwe baengele ba ba bedi ba ile ba naya batho tsholofelo eo. Jesu

o tla boa gape(Ditiro 1:9-11). Ke ka gone o ka itse gore Jesu o tla boa gape. Ke seo re se balang mo

bokhutlong jwa kgaolo ya Beibele.

Jaanong re a itse gore Jesu o tla boa gape, fela ga re itse gore e tla nna leng. Beibele ya re e ka nna nako

nngwe le nngwe.(Matheo 24:44). O akanya gore e tla nna morago ga nako e telele. Ka lebaka leo fa

mongwe a bua le wena a re o amogele Jesu jaaka Mopholosi o bo o re: Eseng jaanong gongwe ka

moso” O itse jang gore go tla nna le ka moso Jesu a ka tla nako nngwe le nngwe, mme fa o e se o

dumele mo go ene, o latlhegetswe ruri. O tla dira ka wena jaaka Morena yo re badileng ka ene, a dirileng

ka motlhanka wa gagwe yo o bosula. O IPAAKANYE GONNE Jesu O TLA BOA NAKO NNGWE LE

NNGWE.

Go kwadilwe mo dibakeng tse dintsi mo Beibeleng gore ga gona motho ope yo o itseng ka go tla ga Jesu

(Matheo 24:36, 42 le 44). Beibele ya re o tla tla jaaka legodu bosigo (Matheo 24:43 le 2 Pitoro 3:10). Ka

gone o IPAAKANYE GONNE Jesu O TLA BOA NAKO NNGWE LE NNGWE.

Gongwe oa ipotsa gore o dire eng go ipaakanya. Fa go bolele gore o sale letsatsi lotlhe mo kerekeng

kgotsa o sale o bala Beibele. O tla ipaakanya fa o dumela mo go Jesu. O tla sala o ipaakantse fa o le

ngwana wa Modimo yo o tshelang ka go utlwa Modimo.

Modiredi yo o manontlhontlho le boikanyo ga a tshabe gore mongwa gagwe o tla boa ka tshoganyetso ka

gonne a na le kutlo a dira se se siameng, o eletsa ka letsatsi le letsatsi gore mongwa gagwe a tle, gore

mongwa gagwe a mo tlotle. O tshele jalo mme o eletse gore Jesu a tle ka bonako. Fa o tshaba go boa

ga Jesu, o itse gore botshelo jwa gago ga e se bo siame. O siamise botshelo jwa gago. O a lalediwa go

tla go bua le nna kgotsa le Bakeresete ba bangwe. O seka wa diega O IPAAKANYE GONNE Jesu O

TLA BOA NNGWE LE NNGWE.

TAELO:

1. Ke eng se se diragalang polasing ya lona se le tla nnang ditlhong ka sone fa Jesu a ka tla ka

tshoganyetso Le ka se baakanya jang

2. O dira eng ka se o tla nnang ditlhong ka sone fa Jesu a tla ka tshoganyetso O tla se baakanya

jang

3. A batho botlhe ba polasi ya lona ba ipaakanyeditse go tla ga Jesu Ke mang yo o sa

ipaakanyang A setlhopha se ipolele yo a e seng a ipaakanye. A ba bolele maina a batho bale.

Botsa ka botlalo gore a batsofe le bana ba ipaakantse.

4. Mema botlhe ba ba itseng gore ga e se ba ipaakanye, mme ba rata go siamisiwa le Modimo, go

mo sala morago. Laletsa a le mongwe kgotsa ba bangwe ba babedi ba ba setseng ba

pholositswe, mme ba tshela botshelo jo bo siameng, ba go thusa go isa ba ba setseng kwa

morago go Jesu. Dirisa Bukana e e senang Mafoko go dira jalo.

5. Le tla dira eng ka ba bangwe ba ba e seng ba ipaakanye A le tla ba tlogela A badumedi botlhe

ba ba mo polasing ba dire ditshwetso tsa gore ba tla thusa jang ba ba e seng ba ipaakanye. O

se ka wa diega - gopola O IPAAKANYE GONNE JESU O TLA BOA NNGWE LE NNGWE.

55

Amos Agrimin

+27 (0)86 580 0064

secretary@amosafrica.net

Amos Regions

(for contact details please visit our web)

Amos Agrimin Cape

Amos Agrimin Northern Cape

Amos Agrimin Central

Amos Agrimin

First National Bank

Brandwag

Branch code: 230 534

Account number: 5299 000 8842

www.amosafrica.net

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!