KAROLO 2 - Amos Africa
KAROLO 2 - Amos Africa
KAROLO 2 - Amos Africa
Create successful ePaper yourself
Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.
Mokwadi

Mor. Hennie Viljoen le badiri mmogo ba Amos

Ditshwantsho

Landi Roux

Nantes Bezuidenhout

Phetolelo

Taabe D Mokomela

Mohlophisi

Ds. Johannes Kelber

Mmamathe Moepa

Tseleganya

Sunette Frylinck

Ditshwantsho ka

Utilitisoft CC

ISBN 1-919924-92-2 (stel)

ISBN 1-920002-22-7 (vol.4)

(Kgatiso 3- Moranang 2012)

1
KATISO YA AMOSE

MOTHEO WA NNETE YA LEFOKO

BUKA 1:

BUKA 2:

BUKA 3:

BUKA 4:

BUKA 5:

BUKA 6:

BUKA 7:

BUKA 8:

BUKA 9:

Modimo o a go rata, le fa o na le dibe.

Ke Jesu fela yo o ka go pholosang.

Ithute go itse Jesu botoka.

O ka nna le bonnete jwa gore o pholositswe.

Botho le tiro ya Moya o o Boitshepo.

Buisa le go reetsa Beibele.

Thapelo le boipobolo jwa dibe.

Paka le go gola mmogo le bana ba bangwe ba Morena.

Go tla gape ga Jesu le tsotlhe tse di tsamaelanang le gona.

Go dirisiwa mmogo le dibuka tsa dikhoso tse di robonngwe tsa BUKA E E

SENANG MAFOKO le KAELO YA BORAPEDI KWA MAPOLASENG (go

tlhaloganya, go amogela le go phela).

Maikaelelo a dikhoso tse ke go neela batho motheo wa boammaaruri jwa tumelo

ka mokgwa o o bonolo, o o tlhaloganyegang; gore ba ithute le go e amogela mme

ba tle ba tshele tlotlisong ya Modimo.

Thapelo ya me ke gore Modimo ka Moya o o Boitshepo o tla dirisa khoso e, eo

mo go yona dintlha tsa botlhokwa tsa Lefoko la Modimo di reriwang, go ya ka 2

Timotheo 3:15-17 “... le ka Dikwalo tse di boitshepo o sa le o di itse go tswa

bonyaneng jwa gago; tse di nonofileng go go tlhalefisetsa phologo ka go dumela

mo go Keresete Jesu. Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso

ya Modimo le molemo go ruta le go kgalemela le go sokolola le go godisa mo

tshiamong; gore motho wa Modimo a nne boitekanelo, e nne yo o

etleetsegetseng tiro nngwe le nngwe e e siameng ka botlalo.”

Khoso e e tlhagiswa ke setlhopha sa Amose ketopeleng ya Hennie Viljoen.

Molao wa kganeloketso © Junie 1997 - AMOS AGRIMIN

3
BUKA 4

O KA NNA LE BONNETE JWA GORE O PHOLOSITSWE

PULO:

Palo ya Lefoko, thapelo dikitsiso le dikamogelo.

(30 metsotso)

KAROLO 1: Poeletso le teko. (50 metsotso)

KAROLO 2:

Modimo o batla go go dira ngwana wa gagwe.

(60 metsotso)

KAROLO 3: Temana ya tlhogo. Johane 1:12 (30 metsotso)

KAROLO 4:

Le fa o ka tshela sentle, o sala o le molato fa o sa dumele mo go

Jesu

(45 metsotso)

KAROLO 5: Ditiro tsa gago di supe gore o a dumela (45 metsotso)

KAROLO 6: Go tsaa tsia thuto e. (3 diura)

6.1 Beibele e bua ka tsalosesha. Ke eng seo

6.2 Ga o pholosiwe bonyane - bonyane.

6.3 Goreng fa bana ba Modimo ba sa tlogele go dira sebe

6.4 Goreng o tshwanetse go dira ditiro tse dintle fa o le ngwana wa

Modimo

6.5 Go bolelang sentle-ntle go fitlhelela tshokologo

6.6 O ka fitlhelela tshokologo ka makgetlo a makae

6.7 A o ka nna le bonnete jwa gore o pholositswe le fa o ntse o dira

sebe

KAROLO 7: Teko. (30 metsotso)

KAROLO 8: Tiro e e tla diriwang kwa gae. (10 metsotso)

4
KAROLO 1 (50 metsotso)

POELETSO LE TEKO

E setse e le kgwedi re se re ithutile ka Buka 3. A re ke re lebe gape pele, tsotlhe

tse o di gopolang le tsotlhe tse o di dirileng mo tlelaseng ya bofelo.

Tiro ya Poeletso 1:

Ke bomang mo go lona ba ba ileng ba ruta bana ba bone ka temana ya tlhogo

(Luka 19:10) A go ne go le monate Bana ba ne ba ikutlwa jang

Tiro ya Poeletso 2:

Ke mang mo go lona yo o ileng a bolelela ba bangwe gore Maina a Jesu a

bolelang Ba ile ba ikutlwa jang

Tiro ya Poeletso 3:

Teko e e kwadiwang.

TIRO YA MOKATISI: Dipotso le tsone o di filwe mo bukathutong e, e le gore

baithuti le bone ba di dirise kwa gae. Jaanong morago ba tlatse dikarabo mo

tsebeng e e sa hunelwang e le gore wena jaaka mokatisi o di tlhatlhobe/tshwaye.

E ke teko e e sa ipaakanyetswang go e kwala. E ba e newang e le ya sebopego

sa tlaleletso ka dipotso tsa go tlhopha karabo. Ka fa go na le baithuti ba ba sa

itseng go bala le go kwala, o tshwanetse go botsa dipotso ka molomo, baithuti ba

tshwaye fela karabo e le nngwe kgotsa tse pedi tse di nepagetseng ka go dira

sediko go a, b, c kgotsa d.

Phutha dipampiri tsa teko mme o bapise dikarabo tsa tsona mo tharololong ya

tsona mo tsebeng e e kwa morago mo bukaneng e. Kwala matshwao a moithuti

mongwe le mongwe mo bukeng ya maina (register). Mo dithutong tse di latelang

o ka busetsa baithuti dipampiri tsa dikarabo mo go bone.

Fana ka ntlha mo karabong nngwe le nngwe e e nepagetseng. Teko e na le

dintlha tse 18. Fa e le gore moithuti ga a yo mo dithutong tsa letsatsi leo, o

latlhegelwa ke ntlha. Ga a ka ke a dumelelwa go kwala teko eo ga morago. O tla

kwala fela mo bukeng ya maina (register) gore o ne a seyo.

5
POTSO 1: Go teng Modimo wa boammaaruri ... (Ntlha 1)

a) O rata fela batho ba ba rileng.

b) O go rata thata.

c) O tlhoile batho gonne ba dira sebe.

POTSO 2: Modimo o maatla otlhe. Go bolela ... (Dintlha 2)

a) Ene a ka dira sengwe le sengwe, gape le sebe.

b) gore Ene a ka dira sengwe le sengwe seo a se batlang.

c) gore Ene a ka go thusa le fa bothata jwa gago bo le bokae.

POTSO 3: Fa o batla go itse gore sebe ke eng... (Ntlha 1)

a) o tshwanetse go tsaya tshwetso ya gore ke sefe se se siameng le se se sa

siamang. Mo go wean.

b) o ka mpa wa leba fela seo bantsi jwa batho bo se dirang kgotsa seo ba sa

se direng.

c) o tshwanetse go reetsa seo Modimo o se bolelang mo Beibeleng.

POTSO 4: Gonne batho botlhe ba ile ba dira sebe ... (Ntlha 1)

a) jaanong Modimo o tlhoile batho botlhe o tlo go ba otlhaya botlhe.

b) Modimo o rometse Morwaa- ona gore a tle go rwala kotlhao eo ka Boene.

c) Modimo o kgakala; ka jalo o ka bua le Ene ka badimo kgotsa baeteledipele

ba kereke fela.

POTSO 5: Ke Jesu fela yo o ka go pholosang gonne ... (Ntlha 2)

a) Ga se a dire sebe.

b) E bile ke Modimo ka sebele le motho ka sebele.

c) Leina Jesu le bolela “Yo o nosi.”

POTSO 6: Letsatsi la Sontaga le botlhokwa thata ... (Ntlha 1)

a) gonne ke Sabatha eo Testamente ya Kgale e buang ka yone.

b) gonne Jesu o ile a tsoga mo baswing ka letsatsi la Sontaga.

c) gonne jaanong o ka dira tsotlhe ka lone tseo wa tlhoka nako go di dira mo

bekeng.

6
POTSO 7: Goreng go sa tlhokagale gore o tlise

matlhabelo sebakeng sa sebe sa gago (Ntlha 1)

a) gonne dikgomo, dinku le dipodi di se di ja madi a mantsi.

b) gonne Jesu ka Boene a itirile setlhabelo.

c) gonne moeteledipele wa gago wa semowa (moruti, moprista, jalojalo) o rile

ga oa tshwanela go se dira.

POTSO 8: Temana e e bonwa kae “Gonne

Morwaa-motho o tsile go batla le

go pholosa ba ba latlhegileng” (Ntlha 1)

a) Amose 9:10

b) Luka 19:10

c) Johane 3:16

POTSO 9: Goreng fa Jesu a se ka a fologa mo

sefapaanong fa ba ne ba mo bapola (Dintlha 2)

a) O ne a batla go utlwa Rraagwe.

b) Modimo o ne o mo latlhile

c) Gonne a go ratile thata mme a batla go go pholosa.

d) Gonne o ne a tshaba masole a Baroma.

POTSO 10:

Ke dife tsa dipolelwana tse di nepagetseng le tse di phoso.

Dira sediko mo karabong e e nepagetseng.

a) Moago wa kereke o botlhokwagadi, gonne ke tempele ya Modimo

b) Ke tshwanetse go nwa ka mokgwa o ke batlang ka teng, gonne ka dinako

tsa Jesu batho le bone ba ne ba nwa veine.

c) Mo dinakong tsa Jesu go ne go dirisiwa dipuo tse nne kwa Iseraele

d) Bafarisai e ne e le baeteledipele ba semowa mme re tshwanetse go latela

dikao tsa bone.

e) Pilato o ile a re Jesu ga a na molato, mme a neelana ka Ene gore a

bapolwe.

f) Malatsi a kalendara ao re a dirisang (sekao 2004) a tlhalosa gore ke

dingwaga tse kalo tse di fetileng Jesu o ile a tsalwa

DINTLHA ...........................

7
KAROLO 2

SETLHOGO:

Modimo o batla go go dira ngwana wa gagwe.

BOGARE JWA BOAMMAARURI:

O tshwanetse go dumela mo go Jesu.

MAIKAELELO:

Mo ke boipiletso go motho yo e seng a pholoswa gore a dumele mo go Jesu

Keresete. Ba ba utlwang taletso orago, ba thusiwe go amogela Keresete ka

tumelo le ka thapelo.

Motho yo o pholositsweng o ithuta gore Modimo o buisana mmogo le ene ka

boitshwarelo jwa dibe tsotlhe tsa gagwe le gore a nne le bonnete jwa gore o

pholositswe. Thuto e e mo naya kitso ka gore bana ba gagwe le batho ba

bangwe a ka ba gogela kwa go Keresete.

DIKGANG TSE DI TLA RUTWANG:

1. Modimo oa re o tshwanetse go dumela mo go Jesu.

2. O tshwanetse go lesa dibe mme o tshelele Modimo.

3. Ga go bonolo go dira jalo.

4. Bolelela Jesu ka thapelo gore o dumela mo go Ene.

5. O ka nna le bonneteammaruri

6. Modimo ga o kitla o tlhola o go otlhaya.

KITSISO: Ka gonne wena jaaka moithuti o tla ya go dira gape KAROLO 2 mo

nakong ya thutabodumedi kwa gae le bana ba gago, ditshwantsho tse di

dirisitsweng mo karolong e, di diretswe bana. Wena jaaka motho yo mogolo o tla

tlhaloganya ditshwantsho tsa bana, ka fa ngwana ene a se ka ke a tlhaloganya

ditshwantsho tse di diretsweng batho ba bagolo.

8
KAROLO 2 (60 metsotso)

MODIMO O BATLA GO GO DIRA NGWANA WA GAGWE

KITSISO GO MOKATISI: Bona mpho e nyenyane e sale jaanong sebakeng sa

moithuti mongwe le mongwe. E tshwanetse go nna sengwe se se nyenyane

thata, e ka nna pompong, apole kgotsa lamunu, karetjana kgotsa sengwe le

sengwe fela. Fa setlhopha se le segolo thata, o ka bona dimphonyana tse di

mmalwa. O ka naya fela ba ba dutseng mo moleng o mo pele kgotsa o kwa

morago wa baithuti.

KETAPELE:

Ke bomang mo go lona ba ba kileng ba bona dimpho O e bone leng A o rata

go amogela dimpho Go siame, gompieno ke tletse mongwe le mongwe wa lona

mphonyana. Ke tse-ke tsa lona.

KITSISO GO MOKATISI: Iketle go le gonye mme o lebe gore baithuti ba tla

dirang. Fa go tlhokagala, o ka boeletsa gape gore o tletse mongwe le mongwe

mpho mme o ba supetse mo e leng teng. Fa e le gore ga ba se tseye, ba etelele

pele gore ba tle ba itse gore motho o tshwanetse go amogela mpho,ka go e

atlarele, a e dire ya gagwe. Ba fe sebaka gape go tsaya mpho ya mongwe le

mongwe.

Mo bukeng e e fetileng o ile wa ithuta gore Modimo o ile a dira leano le le

gakgamatsang la gore ga o sa tswanela go bona kotlhao ya dibe tsa gago. Ka

ntlha nngwe re ka re - Modimo o go neile mpho. Ke eng kgotsa ke mang mpho e

Ee, ke Jesu Keresete.

O tswa go ithuta eng jaanong O tshwanetse go dirang ka mpho e o e neilweng

Ee, o tshwanetse go e amogela. O tshwanetse go e tsaya mme o e dire ya gago.

Ke seo Modimo o batlang gore o se dire ka mpho eo o go neileng yone. O

tshwanetse go amogela Jesu, gonne ka ene fela o fetoga ngwana wa Modimo.

Mme se o se dira jang

9
2.1 Modimo oa re o tshwanetse go dumela mo go Jesu

Modimo o a re o tshwanetse go dumela. O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO

JESU. Gonne Modimo o go ratile gakalo, o tshwanetse go dumela gore Ene o go

diretse leano le le molemo ka go fetisisa. Ee, o tshwanetse go amogela leano la

gagwe, gonne Modimo o itse se o se tlhokang. Fa e le gore ga o amogele leano

la gagwe, ga gona go go thusa ka sepe mme o sa ntse o tla otlhaelwa dibe tsa

gago.

Mo Beibeleng mo go Ditiro 16:31 go kwadilwe. “Dumela mo go Morena Jesu,

mme o tla pholosiwa”. Ka lebaka leo ga go a lekana gore o itse fela gore Jesu o

swetse dibe tsa gago le gore ke Ene fela a ka go pholosang. Nyaa, o tshwanetse

go dira jaaka mosetsana yo o mo setshwantshong. Mpho eo Modimo o mo

neileng yone, oa e atlarela - o e dira ya gagwe. Ka tsela eo o dumela mo go Jesu

le go amogela fa a re:

-> Ke tlosa dibe tsotlhe tsa gago mme

-> Ke go dira ngwana wa me

Gape o tshwanetse go tsaya seo Modimo o go nayang sone. O se dire sa gago.

O tshwanetse go dumela gore Jesu o tlositse dibe tsa gago mme o go dira

ngwana wa Gagwe! Amogela gompieno mpho e e gakgamatsang eo Modimo

gape a go nayang yone. O tshwanetse o re: “Kea leboga Jesu, ke ya me - kea e

dumela.” Ke seo Modimo o batlang gore o se dire.

Bala: * Johane 6:29

* 1 Johane 3:23

* 2 Bakorinthe 5:20-21

A o sa gopola gore re ithutile mo Bukeng 2 gore Mowa o o Boitshepo o rometswe

go go thusa. A oa itse, ke Mowa o o Boitshepo o go thusang go dumela mo go

Jesu. A ga go kgatlise!

10
Fa mongwe a go naya mpho, o tshwanetse go e tsaya mo go ene,

mme o dumele gore o go neile yone le gore e se e le ya gago.

Keresete ke mpho ya Modimo mo go wena. Go bolela gore o

tshwanetse go amogela gore Jesu o go swetse mme o tlositse le

dibe tsa gago. Modimo oa re o tshwanetse go dumela mo go Jesu

Keresete.

Ditiro 16:31

Fa e le gore seo Jesu a se go diretseng, o a se amogela le go se dumela, jaanong

o tshwanetse go fetola botshelo jwa gago. O tshwanetse go gana go dira dibe, o

re “Nyaa”.

11
2.2 O tshwanetse go tlogela sebe mme o tshelele Modimo

A ko o lebe ngwana yo o mo ditshwantshong tse pedi tseo tse di fa thoko. Mo go

sa ntlha o lebile kwa dibeng, gonne ke dilo tseo batho ba ba sa pholosiwang ba

santse ba se dira. Mo go sa bobedi mosimane o furaletse. O lebisitse mokotla

wa gagwe kwa dibeng mme o lebile go Modimo. O sa batle go dira sebe, mme o

batla go utlwa Modimo.

Fa o dumela mo go Jesu, o tshwanetse le go tlogela dibe mme o tshelele

Modimo! Ga o sa ikutlwa go dira sebe gape. Ke fela ba ba iseng ba dumele mo

go Jesu, ba ba ratang go tlhola ba dira sebe. Ga se se o tshwanetseng go se

dira. Modimo o a re mo Beibeleng o tshwanetse go sokologa. O tshwanetse go

tlogela dibe mme o lebisetse mokotla wa gago kwa go tsone. Ee, o tshwanetse

go tsamaela kgakala le dibe -o ye go Modimo. Ka tsela eo o tshwanetse go

ikwatlhaela tsotlhe tse di maswe tse o di akanyang, o di buang le go di dira, le

tsotlhe tse di molemo le tse di siameng tse o sa di dirang. O nagana gore ke

tsona tse di dirileng gore Jesu a swe mo sefapaanong.

Ga oa tshwanela go inyatsetsa fela tse di maswe tseo o di dirileng. O tshwanetse

gape go tlhoya sebe; o se ka wa ikutlwa go boela o dira sebe gape, gonne o itse

gore Modimo o tla utlwa botlhoko. Fa e le gore o rata Modimo, o tla eletsa fela go

dira se Modimo o batlang gore o se dire. Modimo o batla gore, O TSHWANETSE

GO DUMELA MO GO JESU mme o tshelele Ene fela!

O se ka wa dira maano a gore o ka bona sengwe sa motho yo mongwe jang. O

se ka wa tsaya sepe sa motho yo mongwe. Beibele e re ruta gore o se ka wa

utswa. O tshwanetse go tlogela dibe tse, o re “nyaa”. O ka tshelela Modimo jang

jaanong O tshwanetse go itumelela seo o na le sone mme o dumele gore

Morena o tla go tlhokomela ka boene. Modimo gape oa re o dire ka thata

(Baefeso 4:28) mme o se ka wa senya madi a gago. Ka mokgwa oo o ka ithekela

se o se tlhokang morago. Ga oa tshwanela gape go senya le go roba dilo tsa

batho ba bangwe. O se ka oa kgweetsa terekere botlhaswa kgotsa maswe. O se

ka oa thunya ka sethunya sa direkere matshwao a tsela a a emeng fa thoko go

tsela. O se ka gape oa di ngata ka maje. O tshwanetse go tlogela dibe tse di jalo,

mme o se ka wa tlhola o di dira. O ka tshelela Modimo jang jaanong O

tshwanetse go direla batho seo o batlang gore ba go direla sone. Fa o sa batle

gore mongwe a senye motorkara, baesekele kgotsa didiriswa tsa gago, o se ka oa

senya tsa ba bangwe le wena.

Gape le wena yo o setseng o le ngwana wa Modimo, o tshwanetse go re go sebe

letsatsi lengwe le lengwe “Nyaa”. O tshwanetse go furalela sebe mme o se

tlogele. Letsatsi lengwe le lengwe o eletse go tshela jaaka Jesu!

Bala: * Bakolose 3:5-10

12
Go dumela, go fitlhela tshokologong, go tlhalosa gore o dire seo

mosimane yo a se dirileng. Oa furalela sebe, o ya go Modimo. O

batla go tshelela Modimo fela. O tshwanetse gape go tlogela sebe

mme o utlwa Modimo.

Bakolose 3:8-10

A o akanya gore go tshelela Modimo jalo go bonolo ka metlha

13
2.3 Ga go bonolo ka metlha

Batho ba bantsi ga ba tshelele Modimo. Ga ba tshepagale mme ba bua maaka le

go ngalelana, ba a rogana mme ba bosula, ba lonya mo go ba bangwe le mo go

bone ka bo bone. Ba dira thobalano le motho mongwe le mongwe. Ba botswa ba

go dira mme ba senya madi ka go reka dikarete tsa ithuba ka tsholofelo ya go nna

bahumi ka bosigo bo le bongwe kwa ntle ga go dira. Ba dira ka mokgwa oo ba

ratang ka teng, mme ba tlola le melao ya naga. Ba ithata fela mme ba kgoba ba

bangwe (2 Timothea 3:1-9).

Fa o tshelela Modimo mo gare ga batho ba ba jalo, ga go bonolo ka metlha,

gonne go bolela gore o tla tshwanela go ema o le nnosi. Gongwe o mongwe fela

mo lelapeng la lona, kgotsa mo polasing ya lona, kgotsa mo gore ga ditsala tsa

gago tsotlhe yo o ratang Modimo le go mo tshelela ka boammaaruri.

Bala: * Luka 6:22-23 le Johane 15:18-25

O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO JESU, mme jaaka batho ba go kgoba ga

go bonolo ka metlha go tlogela dibe tsa gago le go tshelela Jesu ka botlalo. Ke

gone o tshwanetse go akanya sentle kgotsa go ipaakanya sentle pele ga o ka dira

seo. Ga o ka ke oa ipolela gore o dumela mo go Jesu mme pelo ya gago e se

moo. O se ka wa aketsa Modimo. Ga gona go thusa gape fa o re o amogela

Jesu fela e le go kgatlhisa mohiri wa gago, moruti kgotsa moprista wa gago.

Tloo ke go botse ka tlotlo: A o ikaeletse go re “Nyaa kgotsa ee” mo dibeng le go

tshelela Modimo A o ikaeletse go direla Modimo, le fa o ka nna mongwe fela

Tiro: *

Tlotla ka dilo tse di bosula tseo batho ba go dirileng tsone morago ga

gore o nne mokeresete.

* Tlotla ka tse di ka go diragalelang gompieno fa o ka tsaya tshwetso ya

go dumela mo go Jesu, go tlogela dibe le go tshelela Modimo.

* O tla dirang fa batho ba go kgoba le go go sokela fa o gana go dira

sebe le bone

Fa o dumela mo go Jesu, ke boammaaruri jwa gore ga go kitla go nna bonolo ka

metlha. Mo go Johane 16:33b teng go kwadilwe gore go tla nna bokete go nna

ngwana wa Modimo mo lefatsheng, mme Jesu le Ene o ile a re o maatla go gaisa

satane. Ke gone o tla go naya maatla le go go thusa go mo tshelela ka botlalo.

14
Mosimanyana yo ke ene fela mo phaposing ya bone ya thakaneng yo o tshelelang

Jesu. A ko o bone ba bangwe ka moo ba mo kgobang ka teng.

Ga go bonolo ka metlha go ka tlogela dibe mme o tshelele Modimo

fela. O ipaakanyetse gore batho ba ile go kgoba le go go dira dilo

tse di maswe, gonne o dumela mo go Jesu.

2 Timotheo 3:12

Matheo 10:28

Le fa go se bonolo ka metlha, O TSHWANETSE GO DUMELA, mo go Jesu,

gonne go ile ga diragala sengwe se se gakgamatsang go botlhe ba ba dumelang

mo go Jesu. Reetsa, mo Beibeleng go kwadilwe teng gore ba na le tshwanelo go

bolelela Jesu gore ba dumela mo go Ene.

15
2.4 Bolelela Jesu ka thapelo gore o dumela mo go Ene

O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO JESU. Ke seo Modimo o se bolelang.

Fa o tsaya tshwetso ya gore ga o batle go diega mme o tla tla go tshola Jesu,

bolele Jesu gore o dumela mo go Ene-gore seo a ileng a go direla sone, oa se

amogela.

A o sa ntse o gopola setshwantsho se se dirisiwang mo Bukeng e e Senang

Mafoko Mo go tshwantshwang ka gore: “O tshwanela go dumela gore Jesu o

go diretse tsotlhe” o tshwanetse go di dira tsa gago. Go jaaka sejana sa dijo. Ga

se go kgorise ka go itse fela gore se na le dijo. Ga go a lekana gape go tsaya dijo

ka letsogo la gago mme o di beye fa pele ga matlho a gago mo godimo ga tafole.

O tshwanetse go di ja pele ga go ikutlwa gore o kgotse. Ka tsela eo o tshwanetse

go dumela le go amogela gore Jesu o sule sebakeng sa gago.

A oa itse gore batho ba tsaya jang seo Jesu a ba diretseng sone O se dira ka

“thapelo,” gonne fa o rapela, o bua le Modimo mme Ene o utlwa seo o se

bolelang. Ke eng se o tshwanetseng go se rapelela fa o batla go amogela Jesu.

Tiro: A baithuti ba bolele pele seo ba se akanyang seo motho a tshwanelang go

se bolela fa a amogela Jesu.

Tloo ke go bolelele tse di mmalwa:

“Ke a leboga fa o nthatile mme oa ba oa ntshwela mo sefapaanong”.

“Ke a itshwabela ka dibe tsotlhe tse ke di dirileng”.

“Ke kopa gore o intshwarele dibe tsa mme, mme o nthuse go di tlogela”.

(Go siame fa o bitsa dibe tse di kgethegileng tseo o di itseng, o ntse o

di bitse ka maina, gore o itse gore Modimo o go di itshwaretse mme o

tle o di furalele le go di tlogela.)

“Jesu, ke dumela mo go Wena mme ke amogela tsotlhe tse o ntiretseng

tsone”

“Ke a leboga fa ke le ngwana wa Gago jaanong”.

“Ke batla jaanong go reetsa Wena fela mme ke go tshelele”

KITSISO GO MOKATISI: Mo o tshwanetse go dira taletso go baithuti go amogela

Morena Jesu. Rulaganya gore botlhe ba ba dumelang mo go Jesu mme ba batla

go mmolelela gompieno ba sale mo tlelaseng fa go tswalwa. Jaanong wena le

baithuti ba ba setseng ba dumetse ka nnete, lo ba thuse. Gopola go kwala maina

a bone e le gore lo ba etele kwa magaeng le go ba thusa.

16
Ga go thuse sepe go itse fela tsotlhe tseo Jesu a di go diretseng.

O tshwanetse go di dumela le go di amogela. O ka amogela Jesu

ka go bolelela Modimo ka thapelo gore oa dumela gape le gore

Jesu o swetse dibe tsa gago.

Baroma 10:9-10

Jaanong oa nagana gore a tota-tota fa o dumetse mo go Jesu, o na le bonnete

jwa gore o le ngwana wa Modimo. O akanya jang

17
2.5 O ka nna le bonnete

A o kile oa belaetswa ke sengwe Gongwe o kile wa ya sebakeng se sengwe seo

o sa se itseng. Gonne o ne o sa itse tsela, nako le nako o ne o ntse o nagana

gore a kana o tsamaya mo tseleng e e nepagetseng. Ga go monate fa go le jalo.

A oa itse, go Modimo ga go jalo. O ka nna le bonnete jwa gore o ngwana wa

gagwe. O go rata thata mme ke gone ga a batle fa o ntse o belaela botshelo

jotlhe jwa gago gore a o pholositswe kgotsa nyaa. Ga a batle fa o tshwanetse go

belaela o sena bonnete jwa gore o tla nna kwa legodimong le leswa ka letsatsi le

lengwe le mo lefatsheng le leswa le Ene (Tshenolo 21:1-3).

Gonne Jesu o dirile se se lekaneng. Ee, o dirile tsotlhe tse di tlhokagalang gore a

go dire ngwana wa Modimo. Modimo o a re mo Beibeleng mo go 1 Johane 5:12-

13 o tla nna le bonnete!

Tiro: A ko re baithuti ba batle 1 Johane 5:12-13 mo di Beibeleng tsa bone. Le e

bale mmogo o re ba e tshwaye mo di Beibeleng tsa bone.

A ga go gakgamatse! Ke gone O TSHWANETSE GAPE GO DUMELA MO GO

JESU, gonne o tla nna le bonnete jwa gore o ngwana wa gagwe.

A ke re oa itse gore se se kwadilweng mo Beibeleng ke nnete A ke re o sa gopola

gore re ithutile gore Modimo ga o itse go dira sebe. Ka tsela eo ga o buwe maaka

(bapisa gape Numere 23:19). Gonne Modimo o bolela ka boone, ka tsela eo o ka

nna le bonnete jwa gore o ngwana wa Modimo fa o dumela mo go Jesu. Mowa o

o Boitshepo le ona o tla go thusa go nna le bonnete jwa gore o ngwana wa

Modimo.

Bala: * Johane 1:12

* Baroma 8:16

Ka malatsi a mangwe satane o tla re ga o ka ke wa tsena kwa legodimong le

kgale. O tla go bolelela gore Modimo ga oa go amogela o le ngwana wa gagwe.

O tshwanetse go dira eng Ga wa tshwanela go dumela satane - o bua maaka.

Satane o batla gore o belaele. Eya go bala gape jaanong mo go 1 Johane 5:13 le

Johane 1:12 gore go kwadilweng.

Ke ka gore fa satane a ntse a go latofatsa le go go sekisa gore o nne o dire sebe.

O tla go bolelela gore o yo o bosula le gore o moleofi go ka nna ngwana wa

Modimo. Jaanong o seka wa mo dumela, mme o tshwanetse gone jaanong o

ipolele sebe seo mme o se tlogele. O se furalle. Se se tla supa sentle gore o

dumela mo go Jesu mme ga o bue fela. (1 Johane 1:6 go fitlhela 2:2)

18
Fa o dumela mo go Jesu, o tla nna le bonnete jwa gore o

pholositswe. O ka nna le bonnete eseng gonne o ikutlwa jalo,

mme gonne Modimo mo go 1 Johane 5:13 o rialo, mme Modimo ga

o ake.

Go bolela jaanong gore fa o setse o le ngwana wa Modimo, ga o ka ke gape oa

boela oa otlhaelwa dibe tsa gago, kgotsa oa otlhaiwa gape.

19
2.6 Modimo ga o tlhole o tla go otlhaya

Nyaa, Modimo ga o tlhole o tla go otlhaya. Fa e le gore gompieno o jaaka

mosimanyana yo o tletseng sebe, rapela le go kopa Jesu go tlosa dibe tsa gago,

jaanong o amogela Jesu yo o suleng mo sefapaanong sebakeng sa gago, o

tlositse dibe tsa gago tsotlhe. O phepafatsa botshelo jwa gago - jaanong o lebega

jaana - jaaka mosimane yo o mo setshwantshong se se fa tlase tlase. Modimo ga

o tlhole o tla go otlhaya, gonne Jesu o tlositse dibe tsa gago tsotlhe.

Ka tsela eo fa Modimo a go leba jaanong, ga o sa tlhola o bona sebe sa gago. O

bona fela fa o dumela mo go Jesu le gore Jesu o tlositse dibe tsotlhe tsa gago.

Jaanong Modimo o a re mo go wena: o lopollotswe! Sebakeng sa gore a go

otlhaye, Modimo o go bolelela gore o tla nna molemo thata mo go wena. Ga o

kitla o go isa kwa diheleng gonne o dirile sebe, gonne Jesu o setse a rwele

kotlhao ya dibe tsotlhe tsa gago.

Bala: * Baroma 8:33

* 2 Bakorinthe 5:21

Sebakeng sa gore a go otlhaye, Modimo o go naya botshelo jo bo sa khutleng.

Ga o kake wa tsena kwa diheleng, mme ka dinako tsotlhe o tla nna kwa

legodimong le leswa le lefatshe le leswa go Modimo. O tla nna lesego thata.

Bala: * Tshenolo 21:1-4

Modimo o bolela sengwe gape se se gakgamatsang mo Beibeleng. O go bolelela

gore Ene o go itshwaretse dibe tsa gago. Ga o kake oa tlhola o di gopola.

Modimo o batla gore gape dibe tseo o kileng oa di dira, o seka wa tlhola o akanya

ka tsone.

Bala: * Bahebere 10:17-18

A e ka nna boammaaruri jo bo tletseng Ee, go ntse fela jalo! Fa e le gore o ile wa

kopa Jesu go go itshwarela dibe tsa gago, sekao, fa e le gore o ile wa betsa

mosadi wa gago kgotsa fa e le gore o buile maaka gore o tswa mo mathateng eo

o neng o le mo go yone, jaanong o tshwanetse gape go lebala seo. O se ka wa

tlhola o akanya ka seo mme o se ka wa tlhola o ikutlwa mo go maswe ka seo. O

lopollotswe mo sebeng mme botshelo jwa gago bo phepa! (Go ka nna molemo

gape fa o ka ya go bao ba o ba diretseng sebe go ba bolelela gore oa inyatsa).

A le wena gape o batla Modimo a go golole Gopola jaanong: O TSHWANETSE

GO DUMELA MO GO JESU.

20
Mosimanyana yo o sa ntse a tletse sebe. Ka thapelo o ipolela dibe tsa gagwe

mme o bolelela Jesu gore oa dumela gape gore Jesu o bone kotlhao ka go rwala

dibe tsotlhe tsa gagwe.

Modimo ga o tlhole o bona dibe tsa mosimanyane yo, gonne Jesu o tlositse dibe

tsotlhe tsa gagwe. Ka jalo Modimo ga o kake wa tlhola o mo otlhaya.

Fa o dumela mo go Jesu, o ka nna le bonnete jwa gore Modimo o

go golotse mme ga a kake a tlhola a go otlhaya. Fa Modimo o

setse o go itshwaretse dibe tsa gago, ga o tlhole o di gopola.

2 Bakorinthe 5:21

Bahebere 10:17-18

21
Bokhutlo:

O setse o utlwile gore o tshwanetse go dirang fa o batla go nna ngwana wa

Modimo. O utlwile - O TSHWANETSE GO DUMELA MO GO JESU. O tla dirang

jaanong Gopola, ga se ka bowena o ka nna ngwana oa Modimo gonne o dira

dithuto tse. Nyaa, o tshwanetse go amogela Jesu. O tshwanetse go rapela mme

o bolelele Jesu gore o dumela mo go Ene. O tshwanetse go naya Jesu botshelo

jwa gago. A o tla dira jalo

Fa e le gore ga o e se o nne ngwana wa Modimo, o tshwanetse go mo utlwa

gompieno. A ko o sale kwa morago, gore ke tle ke go thuse.

KITSISO GO MOKATISI: Boeletsa taletso ya gago go baithuti o se ba gatelele

gore ba sale ba sa battle Fa o setse o buile le bone nakwana o ka dira fela ka

bonako KAROLO 2. O ba rute gape ntlheng ya 3 (ga go kitla go nna bonolo)”,

gore baithuti ba se ke ba re: ba batla go amogela Jesu, ba sa nagane sentle

Fa e le gore o setse o le ngwana wa Modimo, mme o na le pelaelo le go tlhoka

bonnete, o tshwanetse go tla go ithuta Johane 1:12 le 1 Johane 5:12-13. Rapela

mme o kope gape gore Mowa o o Boitshepo ka bo one o go naya bonnete jwa

gore o ngwana wa Modimo (Baroma 8:16).

Fa e le gore o setse o na le bonnete jwa gore o ngwana wa Modimo, o

tshwanetse go bolelela batho ba bangwe bao e seng ba nne le bonnete ba

bolelele gore Modimo o batla gore ba dumele mo go Jesu. Ba thuse gape gore

ba amogela Jesu. Mme ba nne le bonnete jwa gore ba pholositswe. A ga go

mongwe mo lesikeng la gago kgotsa mo polasing ya lona yo Modimo o batlang

gore o ye kwa go bone go bua le bona

Tiro: Moithuti mongwe le mongwe sa pele, o tshwanetse go ya go ba lesika la

gagwe le go bana ba gagwe mme a ba rute thuto e. O ka dira jalo mo tirelo-

Modimo ya lelapa. Dira fela ntlha e le nngwe ka lekgetlo mme o gopole le

go supetsa bana ditshwantsho.

Gopola gape go dira boikatiso le dikao tse di mo bukeng le go e lekanyetsa

bana. Sekae mosimanyana ga a kitla a betsa mosadi wa gagwe. Ga a kitla

go twe mosetsanyana o roba terekere mme o roba koloi ya terata ya

kgaetsedie, jalo jalo.

22
KAROLO 3 (30 metsotso)

TEMANA YA TLHOGO: JOHANE 1:12

TIRO GO MOKATISI: Gopola go reka pakete ya dimonamone pele mme o tle le

sone mo tlelaseng. Tloo le sejana se se tona seo o tla tshelang dimonamone mo

go sone. Baithuti ba se ba kae ba tshwanetse go tsaya monamone ka nako e

lengwe.

Ketapele:

Mokatisi o ema mo gare mme o dumelela baithuti go dira sediko go mo potologa.

Monei o tshwara sejana sa dimonamone. Ka nako eo baithuti ba ntseng ba ya ba

potologa, mokatisi a re: “Ke naya botlhe ba ba apereng mmala o mofibidu (kgotsa

mmala o mongwe fela go tla go tsaya pompong.” Baithuti bao (ba ba apereng

bokhibidu) ba tseye mongwe le mongwe pompong mo sejaneng.

KITSISO GO MOKATISI: Mo bokhutlong jwa thuto, fa baithuti ba setse ba ya gae,

o ka naya gape moithuti mongwe le mongwe pompong.

Mokatisi jaanong o botsa potso e e latelang go baithuti: “A le ke le boleleng gore

jaanong fa e le gore yo mongwe yo o sa aparang bokhibidu, le ene o tsaya

pompong. A go tla be go le phoso” (Ee, go tla be go le phoso, gonne ga gona

ope yo o neilweng tetla ya go tsaya monamone kwa ntle go baithuti ba ba

apareng bokhibidu).

A o a itse, mo Beibeleng re bala gore Modimo o neile batho ba ba rileng fela

tshwanelo e e kgethegileng. Tshwanelo eo a neelanang ka yone, ke jo bo

gakgamatsang go feta fa o tsaya monamone mo teng ga sejana. Reetsa kgotsa o

ka utlwa gore tshwanelo eo Modimo o e nayang batho ba ba rileng fela ke efe.

Bala temane:

Mo go Johane 1:12 go kwadilwe. “Le gale ...” (Bala temane go tswa mo

Beibeleng). Ke tshiamelo efe eo Modimo o neelanang ka yone ... Mo go botlhe

ba ba dumelang mo go Ene, o ba naya tshwanelo ya go nna bana ba Gagwe. A

ga se se se gakgamatsang! O ka nna ngwana wa Modimo!

23
KITSISO GO MOKATISI: Fa temane e ntse e ithutwa le go boeletswa, o ka dirisa

thusa-thuto ya ditshwantsho (visuele hulpmiddels) mo tsebeng ya 25-26. Go ka

nna botlhokwa fa o ka ipalela temane e pele ka bowena mo Beibeleng, e le gore

baithuti le bone ba tle ba bone gore ka nnete e kwadilwe jalo mo Beibeleng.

KITSISO GO MOKATISI: Ga go batlege go dirisa dikgato tse tharo tse ka go

latelana. Go ka nna bonolo go di logakanya mmogo. Tlhalosa sengwe se se

rileng mo temaneng, a baithuti ba e boeletse lekgetlo le le lengwe mme e be e le

gore wena o dira boikatiso. Jaanong ba ka dira poeletso gape pele ba ka dira

boikatiso jo bo latelang. Tlhalosa go fetafeta moo mme o kope baithuti go dira

boikatiso ka bo bone. Jaanong le ka boeletsa temane gape jalojalo.

Tlhalosa temane:

Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola: Mo Modimo oa re o bua le batho ba

ba rileng fela, go raya gore bao ba ba amogetseng Jesu.

a ba naya tshiamelo: Modimo o neelana ka tumelano – Modimo oa re, o ka

kgona go dira singwe kgotsa go nna ...

Ya go nna bana ba Modimo: Botlhe ba ba dumelang mo go Jesu, ba ka nna le

bonnete jwa go itse gore ke bana ba Modimo.

e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe: Go tshwana jaaka go amogela.

Ke go tsaya seo Jesu a gho neileng sona (Re setse re ithutile yone karolo 2).

Boikatiso - Temane e e bolelelang mo go wena

Ke nnete gore Modimo o dirile batho botlhe, mme se ga se bolele gore botlhe ke

bana ba Modimo. Modimo o naya batho bao ba ba rileng fela tshwanelo ya go

nna bana ba Gagwe. Batho ba ba dumelang mo go Jesu fela, bao ba ba

amogelang seo Ene a se ba diretseng - ke bone fela bao e leng bana ba Modimo.

A o setse o dumetse mo go Jesu A o setse o amogetse tsotlhe tse a go

diretseng tsone Fa e le gore ga o e se o di dire, o tshwanetse go itse gore ga o

na tshwanelo ya go ipitsa ngwana wa Modimo, jaanong o tshwanela go itse gore

fa go ka diragala gore o swe gompieno, o tla be o ntse o latlhegile mme Modimo

jaanong o tla go otlhaela dibe tsotlhe tsa gago.

24
Fa mongwe yo o setseng a dumetse mo go Jesu, a re mo go wena oa ikgantsha

fa o bolela gore o ngwana wa Modimo, o tshwanetse go mo raya o re: ga se

wena yo o rialo, ke Modimo ka boona. O tshwanetse go mo supetsa mo

Beibeleng moo Modimo o buang jalo teng.

Boeletsa temane:

* Mokatisi a biletse baithuti ba babedi fa pele, A yo mongwe e nne yo o

setseng a dumetse. Fa e le gore ga go moithuti yo o setseng a dumetse,

mokatisi o tla tshwanela go tsaya sebaka sa moithuti yo o jalo.

* Moithuti wa pele (yo o dumelang) kgotsa mokatisi a re “Ke ngwana wa

Modimo!”

* Moithuti wa bobedi a botse: “Ke mang yo o go neileng tetla ya go bua

jalo”

* Moithuti wa pele kgotsa mokatisi a arabe. “Ke Modimo ka boona, gonne

ke dumela mo go Jesu.”

* Moithuti wa bobedi: “Ke fa kae mo Modimo o buang jalo teng”

* A baithuti ba bolele temana ya tlhogo mmogo “Johane 1:12. Le gale

botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba

Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe Johane 1:12.”

KITSISO GO MOKATISI: Tlhokomela gore baithuti fa ba simolola le fa ba feletsa

temane ba bolele gore mafoko a temane a kwadilwe kae. Ka tsela eo ga ba ithute

fela morero wa temane, mme le sebaka mo e bonwang teng mo Beibeleng.

* Makgetlong otlhe fa temane e boeletswe o boele o simolole ka baithuti ba

ba bedi (kgotsa mokatisi le moithuti), mo temane e e tswang teng go

boeletswe ke botlhe.

* Fa baithuti ba setse ba itse temane ka tlhogo gotlhelele, jaanong o

tshwanetse go tlosa dithusa-thuto (o se ka wa tlhola o di leba) E re a le

mongwe kgotsa ba babedi ba baithuti kwa bokhutlong ba ke ba boeletse

temane.

Tiro: Batla temane e, Johane 1:12 mo Beibeleng ya gago mme o e tshwaye

25
Johane 1 temana 12

26
Johane 1 temana 12

27
KAROLO 4 (45 metsotso)

LE FA O KA TSHELA SENTLE, O SALA O LE MOLATO FA O SA

DUMELE MO GO JESU

Go na le batho ba bantsi ba ba akanyang gore ga ba a tshwanela go dumela mo

go Jesu kgotsa ga ba a tshwanela go mo amogela. Ba ikutlwa ba tshela sentle

mme ba na le tshwanelo e e lekaneng ya go ya kwa legodimong. Ba itekanya

thata le batho ba bangwe mme ba bolela gore bone ka bobone ke batho mme ba

tshela sentle go feta bakeresete.

Gongwe o ile wa gakgamala gore kgotsa motho a ka pholosiwa fela fa a tshela

sentle.

Phetla jaanong tshupiso ka thuta-bodumedi ya polasi mo thutong ya nomoro 13

mo tsebeng ya 38-39. Re tla e dira mmogo.

TIRO GO MOKATISI: Dira thuto e mmogo le baithuti; nnetefatsa jwa gore o

ipaakantse sentle. Manega karata ya thuto le bogare jwa boammaaruri sentle. O

ka dira ketapele e nne sentle le go feta ka go kopa gore botlhe ba ba na leng

laesense a go kgweetsa, ba tshwanelang go a ntsha mme ba e lebe.

Fa e le gore setlhopha se se tona thata, dipotso tsa molomo di ka diriwa ka

ditlhotswana. Wena jaaka mokatisi o dire gore bokhutlong o nnetefatse gore

botlhe ruri ba fitlheletse dikarabo tse di nepagetseng.

28
KAROLO 5 (45 metsotso)

DITIRO TSA GAGO DI SUPA GORE O A DUMELA

Go na le batho ba bantsi ba ba reng ba a dumela mme fa o ba leba, jaanong o

gakgamale gore a ke nnete gore ba a dumela. O ka nna le bonnete jwa gore tota

motho yo o a dumela O ka nna le boammaruri jofe jwa gore wena oa dumela

mme ga o itsietsa

Phetla jaanong nomoro ya 15 ya tshupiso ya thuta-bodumedi ya polasi. E mo

tsebeng ya 36 - 37. Moo teng o tla bona karabo ya dipotso tse.

KITSISO GO MOKATISI: Ketapele ya thuto e e ka nna bonolo fa e ka

tshwantshiswa (terama) ke baithuti. Ka tsela eo a ko o bitse baithuti ba se bakae

mme ka bonako o bolelele yo mongwe le yo mongwe seo a tshwanetseng go se

dira le go se bua. Go ka diragala ga bonolo fa o setse o ile wa re pele kgotsa ka

nako ya tee/kofi wa rulaganya le bone.

Gopola, baithuti ba ba tlileng go neelana ka thuto e, ba tlile go latela dikao tsa

gago tsa go ruta. Ka tsela eo o e dire ka mafolofolo. Baithuti ba e itumelele,

gonne ba tla ithuta sengwe le go se gopola. Mongwe o kile a re ka letsatsi

lengwe: Fa thero ya gago mo phuthegong e lapisega, ke tlolo ya molao

kgatlhanong le Modimo le phuthego, gonne ke go sa dirise tshiamelo ya neo ya

Modimo ka kutlo. Ka tsela eo o rute ka bokgoni jotlhe jwa gago.

29
KAROLO 6 (3 di ura)

GO TSAA TSIA THUTO

6.1 Beibele e bua ka tsalosesha - ke eng seo

A ke re o ntse o gopola gore tsebe e e leswe e re rutile gore motho ga a dira sebe

fela, mme gape le gone ke moleofi. Ka tsela eo ga se ka boitshwaro fela (dilo tse

a di dirang) jwa motho go fetoga. Motho ka boene o tshwanetse go fetoga. Mme

gopola, ke Modimo fela yo o ka fetolang motho.

Fa o bala Beibele, o tla bona gore go na le sengwe se se tshwanelang go diragala

ka motho pele ga a ka dumela mo go Jesu. Ga re kitla re itira ka bo rona fela

jaana go dumela. Jaanong ke sefe sa pele se se tshwanetseng go diragala

NNA LE LE WENA RE TSHWANETSE GO TSALWA SESHA. A ke go

tlhalosetse ka tlhamalalo ka phologolo e e itsegeng - seboko.

A ko o lebe sentle ditshwantsho tse di mo tsebeng e e latelang. Sebokwana se a

tsalwa fa se tswa mo teng ga lehenyana. Ebe jaanong se a gola se nne se tona.

Morago se tla swa. Jaanong go sa le mokore fela. Go tswa go mokone go tsalwe

mmoto gape. Ka tsela eo fa seboko se tsalwa lekgetlo la bobedi, e se e le mmoto

jaanong e setse e na le itshupo jo bo swa. Mmoto o farologane le seboko mme o

tshela ka mokgwa oo farologaneng le wa seboko, gonne ga o tshwane le seboko.

Jaanong mmoto, gonne o tsetswe gape, o ka dira dilo tseo seboko se sa kgoneng

go di dira. Mmoto o ka fofa, seboka ga se ka ke lefa se ka rata.

Ke gone go na le dilo tseo gape moleofi a se ka keng a itirela tsone ka boene. Ga

a ka ke a itse go dumela mo go Jesu ka boene. Mowa oo Boitshepo o

tshwanetse go mo naya mpho ya tsalosesha pele, pele ga motho a ka dumela mo

go Jesu. O TSHWANETSE GO TSALWA sesha, kwa ntle go moo ga o ka ke wa

dumela mo go Jesu Keresete.

Tiro: Bala jaanong Johane 3:1-8. leba gore go kwadilweng mo temaneng ya 7.

Fa o le ngwana wa Modimo, o tshwanetse go itse gore ga o dumele mo go Jesu

gonne o le molemo go feta batho ba bangwe. O dumela gonne Mowa oo

Boitshepo o go ntswafaditse, gonne one o go neile tsalosesha. Ke Mowa oo

Boitshepo oo dirang gore o dumele mo go Jesu. Gonne O go diretse jalo kwa ntle

ga gore o o tlhoke, o tshwanetse go boka le go rorisa le go leboga Modimo fa a go

pholositse.

30
Go nale dilo tse di mmalwa tseo o tshwanetseng go di itse ka tsalosesha.

a) Tsalosesha ga se taelo, ga se sengwe seo o tshwanetseng go se dira.

Ke Mowa o o Boitshepo, ke Modimo ka boene yo o neelaneng ka tsalosesha go

batho. Ka gone ga gona mo Beibeleng mo Modimo o neelaneng ka tao ya gore

mongwe a ka itsala sesha. Seo o tshwanetseng go se dira, ke go dumela le go

leboga Modimo ka tsaloboswa.

b) Ga re itse sentle tota gore tsalosesha e diragala leng.

Mo go Johane 3:7-8 go kwadilwe “... Lo tshwanetse go tsalwa go tswa godimo ...

Phefo e fokela kwa e ratang teng, o utlwa mosumo wa yona mme ga o itse kwa e

tswang teng le kwa e yang teng. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o

ntse jalo”.

c) Go diragala jang Mowa o o Boitshepo ka boona, kwa ntle ga go dirisa

sengwe kgotsa motho, o ka diragatsa tslosesha, kgotsa ona o ka dirisa

Lefoko la Modimo go dira jalo.

Ga go ope yo o ka bolelelang Mowa oo Boitshepo gore ona o dire tiro ya ona

jang. Ona o dira ka mo o ratang ka teng le ka moo o batlang ka teng. Ka gone

Mowa oo Boitshepo o ka naya batho tsalosesha bao ba ba e seng ba utlwe sepe

ka Jesu. O ka e naya gape le bana ba ba nyenyane.

Mowa o o Boitshepo o dirisa segolobogolo Lefoko la Modimo go ka dira

tsalosesha mo bathong (1 Petoro 1:23). Fa batho ba bala Beibele kgotsa ba

reetsa motho yo mongwe fa a phasalatsa molaetsa wa Beibele. Mowa oo

Boitshepo o dira mo go bone. Ke gone o tshwanetse, fa o e se o pholosiwe o

letlelele go tsamaya ditlelase le go reetsa Lefoko la Modimo. Ke gone gape wena

yo o setseng o pholositswe, o tlhole o ntse o bolelela ba bangwe seo Modimo o se

bolelang mo Beibeleng. O ba pakele ka Lerato la Modimo mo go bone, gonne

Mowa o o Boitshepo o batla go dirisa bopaki jwa gago

Tiro: O ka ya go bala ditemane tse di latelang kwa gae. Mo dikarolong tse tsotlhe

o tla utlwisisa gore Modimo o dirileng pele gore batho ba ka dumela. Kwa

ntle ga moo batho ba ka bo ba sa dumele. Go gatelela bonnetei jwa gore

Modimo o dirile seo gore a golole nna le wean, le gore re sa kgone go

ipholosa.

* Esekiele 36:26-27 * Johane 6:37, 44, 63, 65.

* 2 Bakorinthe 5:17-18 * Baefeso 1:3-6 le 2:8-10

32
6.2 Ga o pholosiwe bonyane - bonyane

Mo Beibeleng Modimo o bolela ka boene gore batho ba ba dumelang mo go Jesu

Keresete, ba ka nna le bonnete jo bo golo jwa gore ba pholositswe. Mme bala

gape dikarolwana tsa ditemane tseo o setseng o ithutile tsone.

* Johane 1:12

* Baroma 8:16

* 1 Johane 5:13

Le fa go le jalo go na le batho ba ba ganetsang le go bolela gore ga go motho yo

o na leng bonnete jwa gore ene o pholositswe. Le lengwe la mabaka a botlhokwa

la gore ba sa dumele gore motho a ka nna le bonnete mabapi le pholoso ke ka

gone ba tlhaloganya pholoso ka mokgwa o o fosagetseng. Ba akanya gore motho

o pholosiwa bonyane-bonyane. Sentle-ntle ba akanya gore motho o tshwanela go

ipholosa ka go dira gore letsatsi lengwe le lengwe ba fokotse dibe tsa bone le go

tshela botshelo jo bo sentlenyane. Gonne o sa itse gore ke leng motlhang o

kileng wa dira dilo tse di siameng tse di lekaneng, ga o ka ke wa nna le bonnete

jwa gore o pholositswe kgotsa nyaa. Ka tsela eo seo ba se bolelang sentle-ntle

ke se:

O moleofi

O simolola go itira yo o montle le yo o tshelang sentlenyana. Fa o tshela botshelo

jo bo ntle jo bo lekaneng o tla pholosiwa.

Go tshela sentle le botshelo jo bo sentlenyana, o ka nna le boammaaruri bofe jwa

gore o tla pholosiwa, mme ga go motho yo o tshelang sentle mo go lekaneng go

nna le boammaaruri jo bo bonalang.

SE GA SE MOLAETSA WA BEIBELE! Ka tsela eo seo batho sentle-ntle ba se

dirang ke se: ba tsaya tsebe e e tala ya Bukana e e Senang Mafoko ba e beye fa

pele ga e khibidu le e phepa. Ka tsela eo ba re o tshwanetse go tshela sentle

pele mme jaanong o tla pholosiwa. Ga se nnete. Jesu o tsile go pholosa baleofi,

e le gore morago ga moo ba tshele botshelo jo bontle.

GA O PHOLOSIWE BONYANE-BONYANE gonne ga o ipholose ka go tshela

sentlenyana. Molaetsa wa Beibele o pepeneneng. Go na le tetelano e se ka

keng ya fetolwa. Leba tshwantsho e e mo tsebeng e e latelang.

34
1 2 3

SEBE

O moleofi mme ka

gone gape o dira sebe.

Ga o ka ke oa ipholosa

ka bowena

Baroma 3:23

Baroma 8:5-8

Johane 3:3

PHOLOSO

Lefa botshelo jwa

gago bo le leswe

mme bo tletse dibe,ka

nako eo o neng o re o

dumela mo go Jesu,

wa nna ngwana wa

Modimo. Ka go akofa

o ka nna le bonnete

jwa gore o setse o le

ngwana wa Modimo,

gonne Modimo ka

boene o rialo.

Ka tsela eo o

amogela mpho ya

Modimo pele o ka

simolola go nna

montle le go latela go

tshelela Modimo.

Baefeso 2:8-10

2 Bakorinthe 5:17

1 Johane 3:1-2

1 Johane 5:12-13

TEBOGO

Gonne Modimo o setse o

go dirile ngwana wa

Gagwe mme a go tiiseditse

gore ga o sa tla go otlhaela

dibe tsa gago, o tshwanela

ka nako eo go tlogela dibe.

O supe ka mokgwa oo

itumetseng le go leboga

pholoso eo Modimo o go

neileng yone, go nne ga oa

tshwanela.

Baroma 6:13

Baroma 12:1

2 Petoro 1:10

Bahebere 12:28

Fa o akanya gore o ka ipholosa ka go tshela botshelo jo bontle, o thibela molaetsa

wa Beibele mme o aga thibelo ya boraro go ya bobedi mo tsebeng e e tala fa pele

ga e e khibidu le e e phepa. Ke seo Bajuta ba bantsi (batho ba Israele) le bona

ba ileng ba se dira mo nakong ya Jesu. Ka gone Modimo o ile wa ba otlhaya

mme ba ne ba latlhegile. Fa o aga sethibedi sa bo 3 fa pele ga sa bo 2, o nyatsa

Modimo ka leano la gagwe la pholoso, fela jaaka Bajuta bao Paulose mo go

Baroma 9:32 le 10:3 a kwadileng go kwadilwe:

“E le ka ntlha ya eng E le ka go se batle ka tumelo, mme ele ka ditiro, jaanong

ba kgopilwe ke lentswe le le kgopang.”

35
Wena jaaka ngwana wa Modimo o tshwanetse go gopola: GA O PHOLOSIWE

BONYANE-BONYANE, mme gonne Modimo o setse o go pholositse kwa ntle ga

gore o tlhoke go diriwa jalo, o tshwanetse gore letsatsi lengwe le lengwe o supe

gainnye ka moo o lebogang ka teng. Se o ka se dira letsatsi lengwe le lengwe ka

go furalla dibe tsa gago mme o tshele ka go fetisisa jaaka Jesu. Ka tsela eo o

ithuta bonyane-bonyane go ka tshela jaaka ngwana wa Modimo, mme GA O NNE

NGWANA WA MODIMO BONYANE-BONYANE.

Go botlhokwa thata gore o tlhaloganye sentle, ka jalo ke tla dira gore ke e tlhalose

gangwe gape.

Ke dife tsotlhe tse motho a ka di dirang Motho a ka tsamaya ka maoto a

mabedi, a ka bua le go bina, a ka raga bolo le go dira dilo ka diatla tsa gagwe. A

oa dumela Bontshi jwa batho bo ka dira tseo tsotlhe. Fa ngwana yo

monyenyane a tsalwa jaanong, ga a itse go dira sepe seo batho ba se dirang.

Jaanong potso ke e: A lesea ke motho kgotsa ga se motho

Ka nnete lesea ke motho! Ke lebaka gape gore ngwana fa a ntse a gola, a kgona

go dira dilo tse dintsi tseo motho a ka di dirang. Motho ga se motho ka nako eo a

tsalwang ka yone. Morago o ithuta sentle le go feta ka moo a ka tshelang ka teng

le boitshwaro jwa botho.

Go jalo gape le go botlhe bana ba Modimo. O nna ngwana wa Modimo ka nako

eo o tsalwang sesha mme o dumela mo go Jesu Keresete. Go tloga ka nako eo

ya pele, o ka nna le bonnetei jo bo bonalang jwa gore o pholositswe, le fa o tla

ithuta go gaisa morago ka moo o ka tshela jaaka ngwana wa Modimo.

A re ke re phetle mmogo lekwalo la Paulose leo a le kwaletseng Baefeso. Leba

sentle gore o le kwaletse bomang: “ke kwalela baitshepi ba kwa Efeso ba ba

dumelang mo go Keresete Jesu” (Baefeso 1:1). Ka tsela eo Paulose o kwalela

batho ba ba setseng ba pholositswe, batho bao e leng bana ba Modimo. A oa

dumela

Bala: * Baefeso 1:7

* Baefeso 1:13-14

* Baefeso 2:8-9

Mme bana ba ba Modimo ga ba nke ba tshela jaaka bana ba Modimo letsatsi

lengwe le lengwe. Ke gone Paulose oa ba kwalela mme a re mo go bone, gonne

e setse e le bana ba Modimo, jaanong ba tshwanela go ithuta go feta mo go

tshela jaaka bana ba Modimo. Gonne ba setse ba pholositswe ka bopelotlhomogi

ka tumelo, mme gonne Modimo o setse a ba dirile batho ba ba swa, ba tshwanela

gape go tshela jaanong go feta mo jaaka batho ba baswa. (Baefeso 4:20-24).

Bala gape go tloga temaneng ya 25 go isa kwa bokhutlong jwa lekwalo).

36
Jaaka lesea fela le e seng le nne motho pele e re morago e le gone

le ka dirang tiro e e tlwaelegileng e e diriwang ke batho, jalo fela le

wena ga o nne ngwana wa Modimo pele ga o ka dira tsotlhe tse di

tshwanetseng ke go diriwa ke ngwana wa Modimo.

37
Gonne Modimo oa go pholosa mme wena ga o ipholose, GA O NNE NGWANA

WA MODIMO BONYANE-BONYANE. Modimo o go pholosa ka nako eo o

dumelang mo go Jesu ka yone. Modimo o go pholosa ka nako eo o dumelang mo

go Jesu ka yone. O ithuta sentle fa o setse o pholositswe, gainnye-gainnye o

ithuta go feta go ka tshela jaaka ngwana wa Modimo.

KITSISO GO MOKATISI: Ditiro tse pedi tse di latelang di ka diriwa pele mo

ditlhotshwaneng. Morago o ka di khutsoafatsa gore moithuti mongwe le mongwe

a bone karabo e e nepagetseng go ka e kwala mo. Baithuti ba tla tlhoka go dirisa

karabo e moragonyana.

Tiro: Tsala ya gago e tla mo go wena mme e re: “Ke dumela mo go Jesu, mme

letsatsi lengwe le lengwe ga ke ikutlwe jaaka ngwana wa Modimo. Ka gone

ke a gatelela gore ga go motho yo o ka gatelelang gore o pholositswe

gotlhelele.” O tla araba ka goreng

Kwala karabo ya gago fa.

38
Tiro: Ka one motsotso oo o botsa mongwe potso: “A o pholositswe mme o nale

boammaruri jwa gore fa o swa gompieno o tla ya kwa legodimong” Motho

yo o araba ka gore: “Ga ese ke pholosiwe ka botlalo. Ke ntse ke leka, mme

ke setse ke le gaufi”. Motho yo o jalo o ka mo thusa jang

Kwala karabo ya gago mo.

39
6.3 Goreng fa bana Modimo ba sa tlogele go dira sebe

Goreng wena yo o reng o dumela mo go Jesu, o ka se kgone go tswela pele go

dira dibe O setse o pholositswe tlhe mme Modimo ga o sa tlhola o tla go

otlhaela dibe tsa gago.

Mo go Baroma 6:1 Paulose o botsa potso e e batlileng e tshwana le yona e: “A re

tla tswelela pele mo boleong gore bopelotlhomogi bo tle bo ate bogolo” Ka tsela

eo Paulose o batla go itse gore a mokeresete ga a ka ke a tlogela go dira sebe,

ka gonne Modimo o ba itshwaretse dibe tsa bana ba gagwe. Jaanong Paulose ka

boene o fana ka karabo e e utlwagalang: A re: “Nyaa tlhe” fa o ntse o bala mo

kgaolong e go ya kwa tlase, Paulose oa tlhalosa gore goreng bana ba Modimo ba

ka se tswela pele go dira dibe.

Tiro: Leba setshwantsho mo tsebeng e e latelang. Nsha e ne e le bogale, mme

jaanong e sule.

* Fa o feta ntsha eo e e suleng, a e ka nna le go batla go go ngalela le go

batla go go loma

* A ntsha e e suleng e ka nna le go eletsa go rutla dikhai tse o di anegileng

mo terateng fa pele ga yone

* A ntsha e e suleng e ka tlhola e tshwara dikgogwanyana tsa gago gape le fa

di ka tsamaya mo godimo ga yone

* A ntsha e e suleng e ka eletsa go tlola terata go ya kwa go e tshegadi ya

moagisane wa gago

Nyaa ntja eo ga e ka ke ya tlhola e dira le fa e le nngwe ya dithaelo tseo, gonne

ntja e sule, dithaelo tseo ga di na mmatla mo ntjeng e e suleng.

Fa o dumela mo go Jesu, Modimo oa re gape o bapotswe le Keresete. Ka tsela

eo gape o swetse mo dibeng. Jaanong o tla tlhola o dira dibe jang BANA

BOTLHE BA MODIMO BA SWETSE MO SEBENG. Ka gonne BaKeresete ga ba

tswelela go dira dibe.

Bala: * Baroma 6:1-11

40
Ntja e e suleng ga e ka ke ya bogisa gape. Jalo fela, wena jaaka

ngwana wa Modimo ga o na go tswelela go dira sebe, gonne o

swetse mo sebeng. O tshwanela go tshelela Modimo.

Baroma 6:6-11

41
Karabo ya ga Paulose mo potsong e mo tshimologong ya Baroma 6 e

khutsoafaditswe jaana: Jesu ga a swa sebakeng sa me le wena fela, mme nna le

wena jaaka bana ba Modimo gape re ile ra swa gammogo le Jesu mme ra ba ra

tsoga le Ene.

* Jesu o sule sebakeng sa gago mme a ba a tsogela wena.

* O ile oa swa le Jesu wa ba wa tsoga le Ene

Ka gone BANA BA MODIMO BA SWETSE SEBENG. Maatla le kgatelelo ya

sebe go bana ba Modimo di robilwe. Jaanong ba na le boitlhophelo, ba ka

itlhophela go se dire sebe.

Ka tsela eo fa tsala ya gago e tla mo go wena jaaka ngwana wa Modimo mme a

go laletsa go ya go nwa le ene, o tshwanetse go mmolelela: “Ga nka ke ka tlhola

ke nwa le wena, gonne ke swetse sebeng. Ke sule mmogo le Keresete le go

tsoga le Ene. Ke tshelela Modimo jaanong.”

Fa mosadi mongwe a go bolelela ka moo o rategang mme a go laletsa go robala

le ene, o gane mme o mmolelele: “Ga nkake. Ke bapotswe ga mmogo le

Keresete mme motho wa moleofi yo ke neng ke le ene, o sule jaanong. Jaanong

nka tshelela Modimo fela, gonne nna le Keresete O re dirile gore re Mo tshelele

mme re utlwe Ene fela.

Fa satane a go leka mme a go bolelela gore o ka mpa wa nna botswa mme o

bogise, o tshwanela go mmolelela thata: “Ga nkake ka nna botswa, ke batla go

dira thata gonne ke swetse sebeng mme ke tshelela Modimo. Ke batla go dira

fela seo Modimo o se solofetseng mo go nna.” (2 Bathesalonika 3:6-12)

Ka tsela eo Bakeresete ga ba kake ba itumelela go nna ba sa fetse go dira dilo

tse di maswe le tse di bosula, gonne BANA BA MODIMO BA SWETSE

SEBENG. Ba ka re go sebe “nyaa”. Le wena gape o ka re “nyaa” go sebe.

Batho ba ba reng ba a dumela, mme ba sa tlogele go dira dibe tsa mofuta o le

mongwe pele ga ba sokologa, ba tshwanela go utlwa seo Modimo o ba bolelelang

sone:

Bala: * 1 Bakorinthe 6:9-10

* Baefeso 5:5-6

* 1 Johane 3:14

Ka tsela eo, ga oa tshwanela go tshameka ka sebe, go kotsi thata. Fa o le

ngwana wa Modimo o tshwanela go gopola gore o swetse sebeng gonne o

bapotswe mmogo le Keresete. O tshwanela gape go tshelela Modimo gonne o ile

a go tsotsa mmogo le Keresete gore o tshele sesha

42

43
6.4 Goreng o tshwanetse go dira ditiro tse dintle fa o le ngwana wa

Modimo

TLHALOSO: Ditiro tse dintle ke dilo tseo Mokeresete a di dirang gonne a dumela

mo go Jesu e le ruri. Ke dilo tseo a di dirang gonne a utlwa Modimo. Ke dilo tse

di dumelanang le Lefoko le molao wa Modimo mme gape ke go tlhopa le go rorisa

Modimo ka tsone. Ditiro tse dintle ga se fela sengwe le sengwe fela seo baleofi

ba ka akanyang se le sentle.

Fa o le ngwana wa Modimo, ga o ka ke wa fetoga fa go le jalo, oa eletsa le go dira

dilo tse dintle le tse di molemo. EE, NGWANA WA MODIMO O BATLA MME O

TLA DIRA DITIRO TSE DI MOLEMO. Lebaka la botlhokwagadi la goreng gole

jalo, ke gonne Jesu ga a go pholosa fela mme jaanong a go tlogela fela gore o

tshele jaaka o batla. Gape o go fetola ka Mowa oo Boitshepo go tshela jaaka Ene

ka go fetisisa. Jesu oa go pholosa mme oa go tshegofatsa. Fa go ne go se jalo,

ka mabaka a mongwe o ne o sa tla go dira ditiro tse di siameng.

Bala: * 1 Bakorinthe 1:30

* 2 Bakorinthe 3:18

Goreng o tshwanetse go dira ditiro tse dintle fa o sale ngwana wa Modimo

Morena ka boene o re naya mabaka ao: A re ke re lebe a a mmalwa:

a) O tshwanela go dira ditiro tse dintle ka gone o bolela tebogo ya gago

go Modimo.

A ko akanye gape ka seo gore o ne o tshwanelwa ke dihele - gore gone go sena

sepe se o ne o ka se dira go go pholosa. Akanya ka tse tsotlhe tseo Jesu a ileng

a go direla tsone. Gonne a go ratile, o ile a akgega mo sefapanong sebakeng sa

gago. O ne a ikaeletse go rakiwa ke Modimo, ka gore wena o tle o nne ngwana

wa Modimo (Bagalata 3:13). O ne o sa tshwanelwe ke sepe, kwa ntle ga loso la

bosakhutleng. Mme ke sefe seo Modimo a go neileng sone - tshwanelo ya go

nna ngwana wa Gagwe mme ka letsatsi le lengwe o nne le Ene ka bosakhutleng

mo lefatsheng le leswa le ka legodimong le leswa.

Gonne tsotlhe di le jalo, o ne o sa ka ke wa tlogela go dira dibe. Ka gone o

tshwanetse go dira ditiro tse di siameng go supa gore o leboga e le boammaruri

pholoso ya gago. Gopola, NGWANA WA MODIMO O BATLA MME O TLA DIRA

DITIRO TSE DI MOLEMO.

Ka tsela eo lebaka la pele le supa kwa godimo go Modimo. O a re mo go Ene o

a leboga.

Bala: * Bahebere 12:28

* Tite 3:4-8

44
Ke a leboga.

Jaaka ngwana wa Modimo o batla mme o tla dira ditiro tse dintle,

gonne o batla go re go Modimo: ke a leboga.

Bahebere 12:28

Go sa na le mabaka a mangwe a goreng o tshwanetse go dira ditiro tse dintle

45
) O tshwanela go dira ditiro tse dintle go nna le bonnete jwa gore oa

dumela

“Setlhare sengwe le sengwe se se siameng se ungwa maungo a a monate; mme

setlhare se se sa siamang se ungwa maungo a a botlhoko Setlhare se se

siameng ga se ka ke sa ungwa maungo a a botlhoko” (Matheo 7:17-18). Setlhare

se itsiwe ka maungo a sone, ka gone O TLA BATLA MME O TLA DIRA DITIRO

TSE DI SIAMENG.

Fa o ntse o dira dilo tse di maswe le tse di sa siamang ka metlha, fa kgafetsa o

tsamaya o rogana le go tlhekefetsa, fa o sa rate batho ba bangwe mme o sa batle

go ba thusa, fa o rata madi kgotsa o senya dilo tsa batho ba bangwe kgotsa o di

roba, ka gone o ungwa maungo a a bothoko. Ka gone ga o kake oa re o

pholositswe.

Fa o na le tsalano, o le pelotelele, o tletse lorato o le molemo, ka gone o tla itse

gore o ungwa maungo a a monate a a ungwang ke setlhare se se monate. Fa o

sa dumelele meleko, mme o ipolela gore o swetse dibeng, o tla dumela thata fela

gore ka nnete oa dumela.

Lebaka la bobedi le supa kagare go wena - le go thusa go nna le bonnete.

Bala: * Luka 6:43-45 * Ditiro 26:20

* 2 Petoro 1:9-10

c) O tshwanela go dira ditiro tse dintle ka gone gape mme o gapela batho

ba bangwe go Keresete

A o kile wa utlwa motho a re: “A ke ka moo mokeresete a tshwanetseng go tshela

ka teng, ka gone ga ke batle go nna mokeresete”. Ka bomadimabe go na le

batho ba bantsi ba ba buang jalo, gonne mokeresete ga a neelane ka sekao se

sentle ka dinako tsotlhe. Matshelo a bone ga a gogele batho ba bangwe go

Keresete ka dinako tsotlhe, mme a ba siisetsa kgakala.

Ga oa tshwanela go tshela jalo gore batho ba nne le mabaka a go bua Keresete

kotsa Bakeresete ka dilo tse dintsi tse di maswe (Baroma 2:24 / 2 Petoro 2:2 / Tito

2:7-8). O tshwanetse go tshela sentle le ka go siama gore batho ba bangwe ba

tle ba gapelwe go Keresete ka sekao sa gago. Fa monna wa gago re dira sekao

a sa dumele mo go Jesu, ga oa tshwanela jaaka mosadi yo o dumetseng go dula

o mo nyatsa letsatsi lotlhe. O tshwanela gore ka fa letlhakoreng le lengwe o nne

sediriswa sa gagwe. Fa a go tshwanela go tshela ka mokgwa oo morago le ene a

ipona a tshwanela go dumela mo go Jesu.

Lebaka la boraro ka tsela eo le supa kwa ntle go batho ba bangwe. Ka ditiro tsa

gago tse dintle o ba gapele go Keresete.

Bala: * 1 Petoro 3:1-2

* Matheo 5:16

46
Ke a leboga

Bonnete

Gapela ba bangwe go Jesu

Jaaka ngwana wa Modimo o batla mme o tla dira dilo tse dintle,

gonne o batla go leboga Modimo, o batla go nna le bonnete jwa

gore ruri o a dumela le gore o gogela batho ba bangwe go

Keresete

Yo o dumelang mo go Jesu ka nnete, ke ngwana wa Modimo mme NGWANA WA

MODIMO O BATLA MME O TLA DIRA DITIRO TSE DI MOLEMO. Ka gone

Modimo gape oa re yo o sa ntseng a dira dibe, ke yo o e seng a dumele. Tumelo

ya gagwe e sule. A ke re o sa gopola go kwadilweng mo go Jakobo 2:14-26 (a ko

o lebe gape thuto ya nomoro 15 ya tshupiso ka thutabodumedi ya polasi). Yo o

ntseng a sa tlogele go dira dibe le go di tlhoya (dibe), o supa ka gone gore ga se

ngwana wa Modimo (Johane 3:16).

47
6.5 Go bolelang sentle - ntle go fitlhelela tshokologo

Tshokologo ya nnete e na le dikarolo tse pedi. E itshwareleditse le ntlha ya gore

le sule le go tsoga mmogo le Keresete. Jaanong o swetse dibeng mme Jesu o go

tsositse go nna mo botshelong jo boswa. Ka gone o tshwanela gape go bolaya

botho jwa kgale le ditlhwaelo tse di maswe tseo o neng o nale tsone. O

tshwanela gore letsatsi lengwe le lengwe o tshele jaaka motho yo moswa go

fetisisa. O tshwanela go tshela ka mokgwa o moswa.

a) Tshokologo ya nnete bolela go bolaya botho jwa kgale jwa gago jwa

sebe

Botho jwa kgale jwa sebe ke go dulela tsotlhe tse di sa siamang; tlhalo le boaka

le se se maswe le boitatolo le tirelo-medimo e sele le teriso ya mereo le tlhoano le

kopano le lefufa le dikgakalo le dikganyetso le diphapano le dikgaogano tsa

maitirelo le tsa bopelotsetlha le dipolao le tsa botagwa le mediro ya tlhapelo

(Bagalata 5:19-21 le Bakolose 3:5-9). Le tse dingwe tse dintsi.

A ke re oa itse gore Modimo ga a na sebe mme ga a na go dumelela dibe. Di mo

utlwisa botlhoko mme o di tlhoile (Jeremia 13:17 le Diane/ 6:16-19). Sebe se dira

gore Modimo a nne pelotlhomogi mme a ngalele (Bahebere 12:29) Ke gone

Modimo o otlhaya sebe. Jesu o ile a tlhoafala mme o ile a otlhaiwa ka thata

sebakeng sa dibe tsotlhe tsa rona. Ke gone go kwadilwe mo go Bakolose 3:5-9

gore nna le wena re bolaye dilo tse di mo matshelong a rona, re tshwanela go di

tlogela, Nna le wena re tswe mo bothong jo jwa kgale jwa sebe le ditlwaelo tsa

bone.

Tshokologo e bolela gore o inyatsa e le ruri mo dibeng tsotlhe mo botshelong

jwa gago. Go tshwanela go go utlwisa botlhoko thata fa o ntse o itse gore o bua

maaka. O tshwanela go ikotlhaya ka mafoko otlhe a dithogano le matlhapa otlhe

ao o a dirileng mongwe.

Tshokologo ya nnete e bolela gore o tlhoye dibe tsotlhe tse di mo botshelong jwa

gago. Ga oa tshwanela go amogela le go rwala sebe sepe mo botshelong jwa

gago. Ka tsela eo ga o ka ke wa itumelela go dula o ntse o goga kgotsa go dula o

ntse o ja thata. O tshwanela go tlogela ditlwaelo tse di maswe tsa go utswa madi

a monna wa gago kgotsa go itseela sengwe sa mongwaago fa a seyo mme wena

o le nosi ka mo ntlung ya gagwe. O tshwanela go lwa kgatlhanong le dile tse di

sa siamang: peto, tlhekefetso, go bogisa, botswa go seba le go tlhoka lorato.

48
Tshokologo ya nnete e bolela gore o tlogele dibe tsotlhe tsa gago. Tlogela

mananeo a T.V. a a sa siamang le go nna bosula, ba ba dirang bontle bosula

(bapisa Jesaya 5:20). Tswa mo meketeng yotlhe eo o itseng gore e tla go gogela

mo selong se se maswe, go lwanela go kopana le basadi ba ba sa tlwaelegang.

Siya fa pele ga ditsala tse di go gogelang gore le ye go thubela-matlo kgotsa

banka mmogo.

Nna le wena re kgona go bona dibe tsa batho ba bangwe ka go nepagala, mme re

sa bone tsa rona. Re tlhoya dilo tse di sa siamang tseo batho ba bangwe ba di

dirang ga bonolo, mme re dira kagiso le go amogela dilo tse di maswe mo

matshelong a rona. Ga go a tshwanela go nna jalo.

Tiro: *

A mafoko a a kwadilweng ka bokima a a tlhalosa boitshwaro le

kgathallo kgatlhanong le dibe tsotlhe kgotsa o dira kagiso le dibe tse

dingwe tse di rileng

* Ke dibe dife tse mokeresete a gakaletseng go dira kagiso le tsone fa a

tshwanetse go lwa kgatlhanong le tsone

* Moithuti mongwe le mongwe o tshwanela go kwala lenaneo la dibe

tseo Mowa oo Boitshepo jaanong o pakelang tsone mme o batlang go

di bolaya botshelong jwa gago.

50
KITSISO GO MOKATISI: Fana ka nako e e lekaneng go baithuti go ka kwala dibe

ka bongwe mo. Gapeletsa baithuti jaanong gore ba dire tiro e e latelang ka

ditlhotshwana tse di nyenyane tsa bone. A moithuti mongwe le mongwe a

itlhophele setlhopha se a se ratang, gonne o tla nna le kgololo ya go buisana le ba

bangwe ka dilo tse. Go ka nna botoka thata fa ditlhotshwana di ka nna le batho

ba babedi setlhopa sengwe le sengwe. Fa moithuti a itlhophela go se buisane le

ba bangwe, ga a tshwanela go dira jalo.

Tiro: *

Bolellanang ka dilo tseo le batlang gore le ka di fedisa. Ke sebe sefe

seo o batlang go swa mo go sone (O seka wa bua ka sengwe

gongwe se se ka nnang sa utlwisa mongwe botlhoko).

* Bana ba Morena ba tshwanela ka gone go tshwenyega ka dibe gore

ba swe sebeng mme ka gone ba nne le bokgoni jwa go tlhola sebe

sentle. Rapelelang gore Modimo a kopiwe go ka thusa mongwe le

mongwe go ka tlhola gore a tswe mo sebeng, gore a swe mo go sone.

* Batla jaanong Bagalata 5:24-25 mo Beibeleng ya gago mme o

tshwaye temana gore o tle o e bone ga bonolo morago fa o e batla.

GOPOLA: Fa e le gore mo nakong e o ntse o tsamaya o seba mme o bolelela

batho ba bangwe ka moo o leng motsholofetsi ka teng mo karolong ya gago, o

dira sebe. Jaaka Mokeresete o tshwanela go swa melekong ya boipolediso jo o

ka bo dirang. Gopola mo go 1 Petoro 4:8 go kwadilweng: “Bogolo go dilo tsotlhe

ratanang thata gonne lorato lo bipa dibe tsotlhe” (bapisa gape ka 1 Bakorinthe

13:7)

51
) Tshokologo ya nnete e bolela ka go fetisisa gore o tshele jaaka motho

yo moswa.

Go bonagala gore Modimo o tsositsi ngwana mongwe le mongwe wa Gagwe

mmogo le Keresete mo botshelong jo boswa, jaanong Bakeresete le bone ba

tshwanetse go tshela jaaka batho ba baswa. Fa o le ngwana wa Modimo, ka

gone o motho yo moswa gape.

Bala: * 2 Bakorinthe 5:17

* Baefeso 4:22-24

* Bakolose 3:1 en 10

Tshokologo ya nnete e bolela gore mo go wena e tla nna boitumelo ka go dira

seo Modimo o batlang gore o se dire. O tla itumela thata fa o ipona o diretse

mongwe sengwe se se molemo. Go tla nna monate mo go wena go rata batho

ba bangwe le go ba thusa.

Fela jaaka letagwa le rata seno sa lone thata mme a dula a se nyeretswe ka

dinako tsotlhe, fela jalo o tshwanela ka gone o nne lorato thata la go ka dira

tsotlhe tse di siameng le tse di nepagetseng. O tshwanetse go “nyorelwa”, o

tshwanetse go “eletsa” go ka utlwa Modimo. Ao ke matshao a tshokologo ya

boammaruri. O tshwanela go “shebisisa ditshiamelo tsa go thusa batho ba

bangwe ka go direla le go ba bolelela ka lorato le le gakgamatsang la Jesu, go

tshwana lefa o katisa ditlhwaelo tsa gago. E nna monate mo gowena, o bo o

ikutlwe o eletsa go e dira. Ka gone o batla tshiamelo nngwe le nngwe, iphe nako

nngwe go ka dula o dira seo.

Tshokologo ya nnete e bolela gore o ikaeletse go ka tshwanela go ithuta seo

Modimo o se solofetseng mo go wena, mme gore o ikaeletse gape le go ka

ikatisetsa dilo tseo tse dintle ka go di dira. E seng fa o ile wa itshwanela mongwe

gangwe kgotsa gabedi, o bo o setse o mo latlha. O tshwanetse go dira jalo go

fitlhela o bo o bona mokgwa o o sentle”

Go tshela jaaka motho yo moswa, o tshwanela go bala Beibele nako le nako go

ka bona gore thato ya Modimo ke efe. O tshwanela go rapela mme o kope Jesu

go go thusa go tshela jaaka Ene.

52
6.6 O ka fitlhela tshokologo ka makgetlo a makae

Mo go se o setseng o ithutile sone go fitlhela jaanong, ke dumela gore o setse o

lemogile gore motho ga a sokologe ka lekgetlo le le lengwe fela, mme o

tshwanetse go dira jalo letsatsi lengwe le lengwe. Letsatsi lengwe le lengwe o

tshwanela gore o tlogele dibe tsa gago nako le nako, mme o tshelele Modimo.

Mme tlhe ga se selo se se ka diragalang letsatsi lengwe le lengwe. Kae-kae go

diragala lekgetlo lwa ntlha fela ka tsela eo go tshwanela go nna le “tshokologo ya

pele” le “tshokologo e e ntseng e tswelelapele”. (Letsatsi lengwe le lengwe nako

le nako botshelong jwa gago.)

Go ka diragala gore o se ka wa gopola gore o ne o sokologe leng lekgetlo la pele.

Gongwe go tloga bonyenyaneng ba gago o setse o ithutile go itse Morena le go

Mo rata. Go ile ga diragala gore go tloga bonyenyaneng ba gago o dumele gore

Jesu o setse a feditse go duela dibe tsotlhe tsa gago. Mo go Timothea e nnile

lone lebaka (bapisa 2 Timothea 1:5 le 3:14-15). Ga oa tshwanela go tshwenyega

ka letsatsi le motlha o ne o re mo go Jesu o dumela mo go Ene le gore oa mo

amogela. Letsatsi le motlha ga di botlhokwa gakalo. Seo e tlileng e le sa

botlhokwa thata, ke gore go tla nna le tswelelopele ya tshokologo mo botshelong

jwa gago. Fa e seyo, go bolela gore ga o se o fitlhelele tshokologo ya nnete. Fa

ele gore o batla letsatsi le motlha ipolele jalo fela dibe tsa gago boswa gape mme

o bolelele Jesu gape gore o dumela mo go Ene. Tshwaya letsatsi la gompieno e

le motlha letsatsi la gago.

Paulose o ile a sokologa ka letsatsi le le itlhopileng mo tseleng e e yang kwa

Damaseka (Ditiro 9). Mme se e leng sa botlhokwa ke gore, tshokologo ya ga

Paulose ga ya nka ya felela moo. Botshelong jwa gagwe botlhe, o ile a fela a

tlogela dibe, mme a itlama go tshela jaaka motho yo moswa. O e kwala gape mo

makwalong a gagwe go ya diphutegong tse dintsi.

Go na le batho ba bantsi ba ba pakang gore le bone ke dingwaga tse di fetileng,

ka letsatsi le le itlhopileng ba ileng ba dumela mme ba ba ba fitlhelela tshokologo.

Jaanong ba aga bonnetei jwa bone ka ditiragalo tsa letsatsi leo, kwa ntle ga gore

o leke le gore letsatsi lengwe le lengwe o tsene mo selekaneng se se swa sa go

tshela mmogo le Jesu. Mo botshelong jwa gago ga go a tshwanela go nna jalo.

Tshokologo ya gago ya dingwaga tse di fetileng e tshwanela go tswelela pele

letsatsi lengwe le lengwe kwa ntle ga gore ga o ese o fitlhelele tshokologo.

Le fa o ka nna le bonnete jwa gore o pholositswe lekgetlo la pele o dumetse mo

go Jesu mme o mo amogetse, tshokologo ya nnete ga e ka ke ya dirololwa. Ga e

kake ya fela. Jaaka ena fela o se ka keng wa tlogela go se dumele mo go Jesu,

fela jaaka o sa tshwanela go se tlogele go fitlhelela tshokologo. Tshokologo ya

gago e tshwanela go tswelelapele. Letsatsi lengwe le lengwe o tshwanela go swa

bothong jwa gago jwa kgale mme o tsogele mo botshelong jo bo swa jwa go utlwa

Modimo. Ga oa tshwanela go belaela go ka fitlhelela tshokologo gonne e ka re

Modimo mo lekgetlong la pele o ile a go pholosa ke gone o ka nna le bonnete

54
Tshokologo

Labone

15 Motsheganong 1997

Ura ya 7 mantsiboya

Kgatelopele ya tsokologo

SEETEBOSIGO 1998

SONTAGA MANTAGA LABOBEDI LABORARO LABONE LABOTLHANO LAMATLHATSO

1 2 3

7 8 9 10

14 15 16 17

21 22 23 24

28 29 30

12

Ura nngwe le nngwe,

9

6

3

letsatsi lengwe le lengwe,

kgwedi nngwe le nngwe le ngwaga nngwe le nngwe

55
6.7 A o ka nna le bonnete jwa gore o pholositswe le fa o ntse o dira sebe

Bakeresete ba na le tiro e e bonalang ya gore ba se tlhole ba dira sebe (Johane

2:1) Se re setse re se bolelane nako le nako ga mmogo. Le fa go ntse jalo go ka

diragala gore bana ba Modimo nako le nako ba ntse ba dira sebe, lefa ba sa batle

go di dira. Mo Beibeleng re bala gore le fa e ne ele batho ba Modimo ka mabaka

a mantsi le ka mekgwa e mentsi eo ba neng ba e dirisa mme ba neng ba mo rata

thata-thata ka teng, ba ile ba dira sebe.

Mose ka nako nngwe o ile a ngalela setshaba thata moo a bileng a seka a reetsa

Modimo. Ga a nka a bua le lefika mme a le itaya ka thobane ya gagwe (Numeri

20:7-12)

Dafita morena wa Israele monna wa pelo ya Modimo, a bona tshiamelo ya go

bolaya Uria sebakeng sa mosadi wa gagwe, Batsheba gore a mo nyale (2

Samuele 11 le 12) Dafita o ile a ikoatlhaya thata sebakeng sa sebe seo

(Pesalema 51).

Petoro, mongwe wa barutuwa ba Jesu, o ile a Mo latola. O ile a rogana le go

ikana gore ga a itse Jesu. Petoro o ile a lela ga botlhoko ka lebaka la sebe seo

(Matheo 26:69-75)

Paulo le Baranaba le bone ba kile ba nna le tshiamelo ya go kgaogana, gore

mongwe le mongwe a itsele tsela ya gagwe (Ditiro 15:36-41).

Fa ka tsela eo wena ka Lefoko la Mowa o ipolela dibe, ga oa tshwanela go

belaela gore o sale ngwana wa Modimo kgotsa nyaa. Mo go Johane 2:1-2,

Morena o go bolelela seo o tshwanetseng go se dira. O tshwanela go gopola

gore Jesu Keresete ke montlafatsi, jaaka mmueledi mo go Rara. Ke thuanyo ya

dibe tsa rona.

Jesu o re ruta go rapela ka metlha gape jaaka fa re le bana ba Rara sebakeng sa

tshwarelo ya dibe tsa rona. Bala gape ka moo Jesu a ileng a ruta barutuwa

bagagwe go rapela thapelo ya Rara-rona (Matheo 6:9-15).

Fa o dumela mo go Jesu Keresete mme o le ngwana wa Modimo, ka gone o ka

nna le bonnete jwa gore o pholositswe.

Bala: * Johane 10:28-29

* Baroma 8:29-30

* Bafilipi 1:6

* 1 Petoro 1:3-5

56
Fa o sa batle go dira sebe, mme o ntse o se dira, ga oa tshwanela

go belaela gore o sale ngwana wa Modimo. Modimo ka boone o

tlhokomela gore o dule o le ngwana wa gagwe. Ga go ope yo o tla

go ntshang mo seatleng sa gagwe. O tshwanela morago go

ipolela dibe tsa gago mme o di tlogele. O tshwanela go di tlogela

mme o se ka wa tlhola o di dira.

Johane 10:28-29

1 Johane 1:7 go fitlhela 2:2

57
KAROLO 7 (30 metsotso)

TLHATLHOBO

Tlotlang ka dipotso tse di latelang mo ditlhotshwaneng. Tlhopang mo setlhopeng

sengwe le sengwe moeteledipele mme baithuti ba thusane go ka fitlhelela karabo

e e nepagetseng

Potso 1:

O akanya gore motho a ka nna le bonnete jwa gore ke ngwana wa Modimo

Fana ka mabaka mo karabong ya gago.

Potso 2:

Fa e le gore o na le bonnete, mme o dira sengwe gape se se phoso (lefa o ile wa

leka ka maatla gore o se se dire), a jaanong o tla nna le bonnete.

Potso 3:

Fa o re motho a ka nna le bonnete, goreng go na le batho ba bantsi ba ba reng

motho ga a kake a nna le bonnete

58
Potso 4:

O tla tlhalosetsa motho yo mongwe jang gore a tle a nne le bonnete

Potso 5:

Fa e le gore o na le bonnete, mme satane a ntse a dira gore nako nngwe o

belaele, o tshwanela gore jaanong o dire eng

Potso 6:

O ka kopa Modimo makgetlo a makae gore a go itshwarele sebe se se rileng (a

se tlose)

Potso 7:

A ke tshwanelo gore o dule botshelo botlhe jwa gago ka pelo e e botlhoko ka dibe

tse o ileng wa di dira kgale mo nakong e e fetileng, le fa o se o ile wa kopa Jesu

gore a di tlose

59
KAROLO 8 (10 metsotso)

TIRO E TLA DIRIWANG KWA GAE

Tiro 1

Go jang, a le bona tshiamelo ya go ka lebisana filimi ka Jesu le batho ba bangwe

Leba gape tiro 1 mo tsebeng 77 ya Buka 3.

Tiro 2

Eya go tshwara gape KAROLO 2 ya thutabodumedi ya lelapa ga mmogo le ba

lelapa la gago. Fana ka dikarolo tseo ka makgetlo a marataro. Ka tsela eo ruta

lekgetlo lengwe le lengwe ntlha ya setlhogo fela. Supetsa bana

ditshwantshonyana. Leba gape tiro mo tsebeng 21.

Tiro 3

Ruta bana temana ya tlhogo (Johane 1:12). Dira diketapele tse dintsi gore bana

ba tle ba di natefelwe thata. Gopola gore morago ga malatsi a se makae o dire

poeletso gape.

Tiro 4

Bua le bana ba gago ka ga tumelo ya nnete. A ba setse ba amogetse Morena

Jesu A ba dumela mo go Ene Ke ntlha ya pele jaaka motsadi gore wena o

tseye boikarabelo jwa gore o tlotle le bana ba gago ka Jesu Keresete. Gopola se

se kwadilweng mo go Matheo 18:14.

“Fela jalo le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a rate gore ope wa ba

babotlana ba a latlhege”

Tiro 5

Ipaakanyetse thuto ya nomoro 11 go fitlhela 15 ya katiso ka thutabodumedi ya

polasi e sa le pele thata. A ko o leke go tsaya tshiamelo ya gore o ke o rute

nomoro ya 13 le 15 go batho ba bangwe ba polasi ya lona. O ka kopa gape

moruti, moprista kgotsa bishopo wa gago gore a bone tshiamelo ya go ruta

phuthego ya lona kgotsa mo mabatoweng a gagwe. Fa e le gore gongwe o sa

itse go bala sentle kgotsa o nale le tshogonyana la go ruta o le nosi, le ka dira

mmogo le setlhotshwana. Ipaakanyeng pele mme le rutane ka bo lona pele.

60
Tiro 6

Ga le a tshwanela go tswa mo tlelaseng e be e le gore le a lebalana go fitlhela le

boela le kopana mmogo mo tlelaseng e e latelang. Ipaakanyeng ka ditlhotshwana

mme le dire bonnete jwa gore le setse le kopane boinnye gangwe pele ga

ditlelase di ka tshwarwa gape. Baithuti ba ba itseng go bala sentle, ba tshwanela

go dira matsapa a go thusa ba ba sa itseng go bala sentle. Le rapelane mme

gape le thusane gore letsatsi lengwe le lengwe le tswe mo ditlwaelong tsa dibe

tsa kgale le swe mo go tsone mme le tshele jaaka batho ba baswa ka go fetisisa.

Thusanang mme le kgothatsane!

Tiro 7

Eya go bala kgang ya ga Paulo (yo o neng a bidiwa Saule Pele) ya tshokologo ya

gagwe mo go Ditiro 9:1-25. Fa e le gore o kgona go bala ga bonolo, o ka nna wa

bala gape dikarolo mo go Ditiro 26:12-18 le Ditiro 22:1:21.

Tiro 8

Eya go bala Baroma 8:31-39. Bona ka mokgwa oo tumelo ya ga Paulo ya nnete

ya mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le yone.

61
DIKARABO TSA TEKO MO KAROLONG YA 1 YA BUKA 4 (tsebe 5-6).

Dikarabo tse di latelang tse di nepagetseng di direlwe sediko

POTSO 1: b

POTSO 3: c

POTSO 5: a + b

POTSO 7: b

POTSO 2: b + c

POTSO 4: b

POTSO 6: b

POTSO 8: b

POTSO 9: a + c POTSO 10: a = nyaa

b = nyaa

c = nyaa

d = nyaa

e = nyaa

f = nyaa

BOTLHOKWA

Fa e le gore le kile la adima filimi ka Jesu mo go Amose, le ile la gopola

go e busa Nnetefatsa ya gore ruri le dirile jalo.

62