24.05.2015 Views

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

Senkgwe sa Bophelo

Phasaladitswe ke:

Diphasalatso tsa Efangedi

Dikereke tsa Gereformeerde mo Aforika Borwa

Biro ya Tsamaiso, Potchefstroom

Mogala: 018 297 3986

2

LENANE LA DITENG

KGAOLO YA NTLHA / 1

TSELA YA POLOKO

1. MATSENO 6

2. DIPHAROLOGANYO MO TSELENG YA POLOKO 6

2.1 Go bidiwa 6

2.2 Go belegwa seša 7

2.3 Tumelo 7

2.4 Tshokologo 7

2.5 Tshiamiso 8

2.6 Boitshepo 9

2.7 Tiiso 9

2.8 Natefatso 9

2.9 Bokhutlo 10

KGAOLO YA BOBEDI / 2

KE ITSE GORE MOGOLODI WA ME O A PHELA

KA GA TUMELO E E TSEPAMENG

1. A, MOTHO O KGONA GO ITSE KA BONNETE GORE O NGWANA WA

MODIMO LE GORE O SETSE O AMOGETSE BOPHELO BO

BO SA KHUTLENG 11

2. BONNETE BA MO GO SE KE LENG SONE KGOTSA BA MO GO SE KE SE

DIRANG 12

3. KARABO YA MODIMO MO SEBENG SA LEFATSHE 12

4. KE AMOGELA BOPHELO BO BO SA KHUTLENG GO TSWA

MO SEATLENG SA ONE KA TSELA EFE ? 13

KGAOLO YA BORARO / 3:

BONNETE BA TUMELO BO BO DULETSENG LERURI

1. BONNETE BA TUMELO 15

1.1 A, bonnete ba tumelo gase sengwe se se ka go latlhegelang ? 15

1.2 Ke le mokeresete nka dira jang go dula ke ntse ke na le bonnete ba tumelo ? 15

1.3 Tumelo e tshwana le semelwa se se tshwanetseng sa nosetswa dinako tsotlhe

ka metsi a Lefoko la Modimo. 15

KGAOLO YA BONNE / 4:

TLHAELETSANO MO TUMELONG

1. RE ITSE MODIMO KA DITSELA DIFE ? 17

3

2. BEIBELE JAAKA E LE MOTSWEDI WA TSHENOLO 17

3. TLHOLEGO JAAKAE LE MOTSWEDI WA TSHENOLO 18

4. TSIBOGO MO TSHENOLONG YA MODIMO 18

5. KE REETSE LEFOKO LA MODIMO KA DITSELA DIFE ? 18

KGAOLO YA BOTLHANO / 5:

TLHAELETSANO MO TUMELONG

THAPELO YA MODUMEDI E NA LE MAATLA A MAGOLO

1. THAPELO KE ENG ? 20

2. GO NA LE DIKAROLO DIFE TSE DI BOTLHOKWA GO TSWA MO

DITEMANENG TSA BEIBELE ? 20

3. DITLAPELE TSA THAPELO 20

4. KARABO YA THAPELO 20

5. THAPELELO 21

6. KERESETE O NEELA KA THUTO EFE MO THAPELONG ? 21

KGAOLO YA BORATARO / 6:

KEREKE

1. KEREKE KE ENG? 22

2. LEFOKO LA KEREKE LE KA BOFELELWA MAKAO A LE MANTSI 22

3. TLHOKEGO YA GO NNA TOKOLOLO YA KEREKE

YA KERESETE 22

4. KEREKE YA MANNETE YA KERESETE KE EFE ? 22

5. DIDIRISO TSA MAITSHWARO 23

6. KEREKE E E ITEKANETSENG 25

7. TIRELO E E BOITSHEPO 25

8. KEREKE YA KERESETE E TSAMAISIWE JANG ? 27

KGAOLO YA BOSUPA / 7:AFDELING 7:

KA GA TAOLO MO KEREKENG

1. TLHOGO YA KEREKE KE MANG ? 28

2. KERESETE O BITSA BATHO BAFE GO TLHOKOMELA TAOLO

YA GAGWE MO KEREKENG ? 29

4

3. MOLAO WA KEREKE 30

4. THULAGANYO YA TAOLO MO KEREKENG 30

5. DIKOPANO TSE DI TSENELWANG KE BATLHOPHIWA BA LE BANTSI 30

6. TSHUPO 31

7. DITšHELETE 31

KGAOLO YA BOROBEDI / 8:

PONO E KHUTSHWANE KA GA HISTORI YA KEREKE

DIPOTSO 1 – 26 33

KGAOLO YA BOROBONG / 9:

1. BOPHELO BA GAGO BA TEBOGO MO KEREKENG

(MMELE WA GA KERESETE) 35

2. MEKGWA YA GO BONTSHA TEBOGO YA GAGO 37

3. BOEMO BA MOLAO WA MODIMO MO MAPHELONG A RONA A TEBOGO 37

4. MOLAO WA MODIMO 37

5

KGAOLO YA NTLHA / 1

TSELA YA POLOKO

1. MATSENO

1.1 Ka phisego ya Gagwe, Keresete o re golotse ka botlalo mo dibeng tsa rona fa tlase

ga taolo ya Modimo, Rara. Kgololosego e, re e neilwe ke Modimo. Tsela e go

diragalang ka teng le go fiwa ga tshepiso ya teng e bidiwa Tsela ya poloko. Tiro e ke

ya Mowa o o Boitshepo.

KA TSELA YA POLOKO MODIMO O RE FA KGOLOLOSEGO E E TLISITSWENG

KE KERESETE GO TSWA MO MOWENG O O BOITSHEPO

1.2 A re ka kgona ka borona go dira kgololosego e nne ya rona ?

Baefeso 2:3-5 (Ke kaelo ya gore o buise ka bowena )

1.3 Ke mang yo mang yo a dirileng gore re nne le kgololosego ?

Baefeso 2:8-9

MOWA O O BOITSHEPO O RE TLISETSA KGOLOLOSEGO KA KERESETE

2. DIKGATO MO TSELENG YA POLOKO

(Gase dikgato tsa tatelano. Ke tsa tumelo)

2.1 Pitso

2.1.1 Ke mang yo o bitsang ?

PITSO

GO BELEGWA SEšA

TUMELO

TSHOKOLOGO

TSHIAMISO

BOITSHEPO

TIISO

NATEFATSO

1 Petero 5:10; Matheo 11:28

2.1.2 Modimo o bitsa jang ?

Baroma 1:20; Baroma 10:14, 15, 17

2.1.3 Go bidiwa mang ?

Jesaya 45:22; Matheo 28:19

2.1.4 Ke mang yo a arabang pitso ya Modimo ?

1 Bakorinthe 1:23, 24; Ditiro 16:14; Ditiro 13:48

2.1.5 Fa o araba pitso ya Modimo, ke ka bowena naa?

Baroma 9:16; Baefeso 2:8-10; Bafilipi 2:13

MODIMO O THUSA BATLHOPHIWA GORE BA ARABE KA TUMELO FA A BA

BITSA

6

2.2 Go belegwa seša

GO BELEGWA SEšA KE GORE GO TSENA BOPHELO BO BO SA FELENG MO

PELONG E E SULENG. JAAKA GO BELEGWA GA ME GO NE GO SE KA THATO

YA ME GO BELEGWA SEšA LE GONE GO DIRAGALA KWA NTLE GA THATO YA

ME. KE TIRO YA MOWA O O BOITSHEPO

2.2.1 Ke goreng go belegwa seša go le botlhokwa go wena ?

Johane 3:3-6; Baefeso 2:1-5; Baroma 8:7

2.2.2 Go belegwa seša go diragala leng le go tswa mo go eng ?

Tito 3:5; 1 Bakorinthe 2:13-15; Bafilipi 2:13

NTšHAFATSO E YA MOTHO E BIDIWA GO BELEGWA SEšA. KE PHETOGO E E

MAATLA YA MOWA O O BOITSHEPO E MO GO YONE MODIMO A GO

FETOLANG GO NNA MOTHO YO MONTšHA GORE O KGONE GO KA DUMELA

MME WA SOKOLOGA

2.3 Tumelo

MOWA O O BOITSHEPO O TSOSA BOPHELO BO BOšA MO GO NNA GORE KE

TLE KE KGONE GO KA ARABA GO BIDIWA KE MODIMO LE GORE KE AMOGELE

TUMELO MME KE SOKOLOGE

2.3.1 Tumelo ya bonnete ke eng ?

Bahebera 11:1; Katakesema ya Heidelberg Karabo 21

2.3.1.1 A tumelo ke kitso fela ?

Jakobo 2:19

2.3.2 O itse jang gore o a dumela ?

Baroma 8:16; Luka 6:44

2.3.3 Tumelo e tswa kae ?

Bagalata 3:2; Baefeso 2:8; Bafilipi 1:29; Katakesema ya Heidelberg Karabo 65

2.3.4 Mowa o o boitshepo o dirisa dilo dife go bopa tumelo mo go wena ?

Baroma 10:17; Katakesema ya Heidelberg Karabo 65

TUMELO KE SEATLA SE MODIMIO A MPHANG SONE GORE KE TLE KE

AMOGELE KGOLOLOSEGO E E TSWANG MO GO KERESETE KA SONE

TUMELO KE THAPO E E NKGOLAGANYANG LE KERESETE - BOIPOLELO BA

TUMELO YA NEDERLAND ATHIKELE 22

2.4 Tshokologo

2.4.1 A tshokologo ke karolo ya: (a) Kitso ya sebe, (b) Kgololosego kgotsa (c)

tebogo?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 86

7

2.4.2 Go swaa ga motho wa kgale ke eng ?

Go tsoga ga motho yo montšha ke eng ?

Baefeso 4:22-24; Bakolose 3:5-10; Katakesema ya Heidelberg Sontaga 33

2.4.3 Tshokologo e diragala jang ?

Bafilipi 2:13; Jeremia 31:18, 33

2.4.4 A o kgona go ikgolola ka bowena ?

Baroma 8:7

2.4.5 A tshokologo ke taelo ya Morena ?

Ditiro 17:30; Luka 24:47

2.4.6 A go na le mekgwa e e farologaneng ya tshokologo ?

2 Bakorinthe 33:12-13; Ditiro 9:1-19; Ditiro 16:14-15

2.4.7 A ke tshwanetse ka itse letsatsi le nako ya me ya tshokologo ?

2 Timotheo 1:5; 2 Timotheo 3:15

MO GO BUIWA KA GA TSHOKOLOLGO E E DIRAGALANG MO KGOLAGANONG.

2.4.8 A tshokologo ke sengwe se se tlholang se diragala ?

Bahebera 6:1-3; Baroma 7:21-24

TSHOKOLOGO KE SE SE TLISIWANG KE MOWA O O BOITSHEPO MO

BOPHELONG BA ME (GO BELEGWA SEšA GO TLISA TUMELO, TUMELO E TLISA

TSHOKOLOGO)

2.5 Tshiamiso

2.5.1 Tshiamiso ke eng ?

Bagalata 2:16; 2 Bakorinthe 5:2

2.5.2 O siamiswa jang fa pele ga Modimo ?

Katakesema ya Heidelberg Karbo 60

2.5.3 A batho botlhe ba siamiswa fa pele ga Modimo ?

Bagalata 2:16; Katakesema ya Heidelberg Sontaga 22; Karabo 20

2.5.4 A tumelo ya gago e go siamisa fa pele ga Modimo?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 60

2.5.5 Ka o siamisitswe fa pele ga Modimo a ga go dire gore o itlhokomologe?

Matheo 7:18; Johane 15:5

TSHIAMISO KE KATLHOLO E MODIMO A RE GOLOLANG KA YONE, KA

KERESETE A RE GOLOTSE MO SEBENG

8

2.6 Boitshepo

2.6.1 Boitshepo ke eng ?

2 Bakorinthe 6:17; Tito 2:14; 1 Petero 1:13-16

2.6.2 A motho o kgona go phela a le boitshepo ?

2 Korinthe 5:17; Bagalata 2:20; Baefeso 4:24-25

2.6.3 Ke mang yo a tlisang boitshepo mo maphelong a rona ?

Tito 3:5; 1 Petero 1:2

2.6.4 Fa modimo a re dira re le batshepegi go raya gore re seka ra dira sengwe ?

2.7 Tiiso

Jeremia 31 :18; Bafilipi 2:12-13

KA BOITSHEPO GO RAYA GORE MAATLA A MODIMO A DIRA GORE KE MO

DIRELE MME KE INEELE MO LEFOKONG LA GAGWE

2.7.1 A o kgona go ka nna le tiiso ka bowena ?

1 Petero 1:5; Bafilipi 1:6

2.7.2 A modumedi o santse a leofa ?

(Lebelela se se dirilweng ke Dafita, Petoro le wena)

Mo go: 1 Johane 1:8; Luka 22:31-32

2.7.3 Go diragalang ka ba ba latlhegileng ?

Baroma 9:6; 1 Johane 2:19

2.7.4 A ke boikarabelo ba gago gore o dule o tiisitse ?

Luka 13:24; 1 Timotheo 6:12; Matheo 24:13

2.7.5 Ke eng se se tla go dirang gore o tla nama o tiisitse ?

1 Petero 1:5; Johane 6:37-40

2.7.6 O emetswe ke eng kwa bofelong fa o ka tiisa ?

2 Timotheo 4:7-8

TIISO MO BOPHELONG BA GAGO KE GO TSWELELA KA MAATLA A MODIMO

MO TSELENG YA BOITSHEPO

2.8 Natefatso

2.8.1 Ditemana tse di reng ka ga natefatso ?

Bafilipi 1:21-23; Bafilipi 3:21; Tshenolo 21:3-7; Katakesema ya Heidelberg

Sontaga 22

9

KA NATEFATSO O AMOGELA DITIRELO TSA KGOLOLOSEGO YA KERESETE.

RE TLHAOLA DIKAROLO TSE PEDI TSA NATEFATSO:

1. Motlhang re tlhokafala

2. Motlhang Keresete a boa gape

2.9 Bokhutlo

2.9.1 Kwalola se wena o se tlhaloganyang ka ga tsela ya poloko ka mafoko a gago.

2.9.2 Tlatsa ntlha ya bobedi.

TSELA YA POLOKO KE MOKGWA O MODIMO, KA TSHEGETSO YA MOWA O O

BOITSHEPO A RE TLISETSANG DIKABELO TSA KGOLOLOSEGO YA GA

KERESETE.

MOWA O O BOITSHEPO O RE TLISETSA KGOLOLOSEGO YA KERESETE.

10

KGAOLO YA BOBEDI / 2

KE NA LE NNETE YA GORE MOGOLODI WA ME O A PHELA (Job 19:25)

GO BONA NETEFATSO YA TUMELO (Heb 10:22)

1. A MOTHO A KA NNA LE BONNETE BA GORE O NGWANA WA MODIMO LE

GORE O SETSE O AMOGETSE BOPHELO BO BO SA FELENG

1.1 Batho ba bantsi ba re: “Nyaa, re tletse dibe. Ga go na mongwe yo a ka buang jaana.”

Ba bangwe ba re :”Go kitso ya go ka itse gore o na le bonnete, ka o tlabo o sena se

se leng teng go go gogela kwa pele.”

Ba bangwe ba re: “ Ke a leka gongwe go siame fa pele ga Modimo.”

Ba bangwe le bone ba re: “ Ke na le tshepo ya gore ke tla ya kwa legodimong ka

bophelo ba me bo siame. Ke tlhola ke ya kerekeng. Ke bala Beibele.Ke thusa ba ba

leng gaufi le nna. Ka ke dira jaana Modimo o tshwanetse a mphe bophelo bo bo sa

feleng.”

Wena o a reng ? A o ka nna le bonnete ba gore o ya go nna le bophelo bo bo sa

feleng ?

1.2 Beibele e araba potso e ka tsela efe?

1.2.1 Lekwalo la Johane le kwaletswe eng ?

1 Johane 5:13

1.2.2 Ke eng se se bontshang gore motho o na le bophelo bo bo sa feleng ?

Johane 6:47

1.2.3 Paulo o ne a na le bonnete bofe?

Baroma 8:38

1.2.4 Jobe o na a na le bonnete bofe ?

Jobe 19:25

1.2.5 Buka ya Bahebera 11:1 e re ruta eng ka ga tumelo?

1.2.6 Mowa o o Boitshepo o re fa bonnete ka ga eng ?

Baroma . 8:16

1.3 Netefatsa gore Dikwalo tsa Boipolelo tsa Kereke ya Gereformeerd di araba

potso e jang:

1.3.1 Mowa o o Boitshepo o ntshepisa eng ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 1

1.3.2 Tumelo ya bonnete ke eng ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 21

1.3.3 O boelwa ke eng fa o dumela?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 59

11

1.3.4 A motho a ka itse gore mo nakong e ya gompieno o ngwana yo o

kgethegilweng wa Modimo le gore o tla nna le poloko e e tletseng fa o sena go

tlhokofala ?

Melao ya Dithuto tsa Dordt 1:12

2. PABALESEGO KA SE KE LENG SONE LE SE KE SE DIRANG?

2.1 Go rewa eng mo dikarolong tse di latelang ?

Baroma 3:20; Katakesema ya Heidelberg Karabo 5 le Karabo 62

2.2 Batho ba bantsi ba re: Ke na le ditlhokego mme ke a leka. Gongwe Modimo o tla

mpona.

Ke goreng Modimo o sa kgotsafalelwe ke se re se dirang ?

Bagalata 3:10; Katakesema ya Heidelberg Karabo 62

2.3 Ke goreng ngwana yo a sa tswang go belegwa a setse a rogakilwe, a atlhotswe

a ba a latlhilwe ke Modimo ?

Baroma 5:12,18,19; Pesalome 51:7; Katakesema ya Heidelberg Karabo 7

2.4 Batho ba ba ntsi ba gopola gore Modimo o lerato. O tla re itshwarela rotlhe. Ga a

setlhogo go romela motho kwa diheleng.

Go rewang mo go latelang ?

Nahume 1:3; Katakesema ya Heidelberg Karabo 11

2.5 Batho ba bangwe na nagana jaana: “Ke tswa mo lesikeng le le neng le itse Modimo,

le le siameng le setshaba se se neng se tlotla Modimo. Rre e ne e le mogogi mo

kerekeng. Ga go na tsela e nngwe, ke tshwanetse ka ya kwa legodimong.”

Beibele yone e a reng ?

Matheo 3:9; 2 Bakorinthe 5:10

3. KARABO YA MODIMO KA GA SEBE SA LEFATSHE

3.1 Rotlhe re tshwanetswe ke go gapelwa thoko mme Modimo ga a rate go dira jalo. O

rata lefatshe ka tshesego e kgolo.

O dirile eng go re itshwarela dibe tsa rona ?

Johane 3:16; Melao ya Dithuto tsa Dordt 1:2, 2:2

3.2 Jesu ke mang ?

Johane 1:1, 14; Bagalata 1:4; Katakesema ya Heidelberg Karabo 16, 17

3.3 Modimo o setse a dirileng ka dibe tsa rona ?

2 Bakorinthe 5:21; Katakesema ya Heidelberg Karabo 39

3.4 Jesu o ne a utlwile botlhoko ka tsela efe ?

Bafilipi 2:6-8; Matheo 26:67-68; Katakesema ya Heidelberg Karabo 37

3.5 Mosola wa dipogiso tsa Keresete e ne e le eng ?

Bagalata 1:4

12

3.6 Bokao ba go tsoga ga Jesu ke bofe ?

1 Bakorinthe 15:54, 55; Katakesema ya Heidelberg Karabo 45

3.7 Tlhatlogo ya ga Jesu e na le bokao bofe go wena ?

Johane 14:2; Katakesema ya Heidelberg Karabo 49

4. KE AMOGELA BOPHELO BO BO SA FELENG JANG GO TSWA MO SEATLENG

SA MODIMO ?

4.1 Ke amogela bophelo bo bo sa feleng ka eng le ka tsela efe?

Ditiro 16:31; Katakesema ya Heidelberg Karabo 20

“TUMELO FELA KE E E GO BOLOKANG, E LE SENOTLOLOLO SE SE TLA

BULANG DIKGORO TSE DI YANG KWA LEGODIMONG.” (Calvyn)

TUMELO KE DIATLA TSE MODIMO A MPHILENG TSONE GO AMOGELE

MAITSHWARO A GAGWE KA TENG.

4.2 Ke goreng go sa siama go itse ka tlhaloganyo ya gago fela, gore ka bonnete

Modimo o teng le gore Jesu Keresete o ne a phela a ba a bolaiwa ?

Jak 2:19

4.3 Ke goreng go sa siama go batla Modimo fela fa go na le matlhoko le mathata ?

1 Bakorinthe 15:19

4.4 Tumelo ya mannete ya poloko ke eng ?

Bahebera 11:1; Katakesema ya Heidelberg Karabo 21

“TUMELO YA MANNETE KE SEATLA SA MOKOPI SE SE SENANG SEPE, KE SE

A AMOGELANG MPHO YA BOPHELO BO BO SA FELANG KA SONE ” (Maarten

Luther)

4.5 Ke kgona jang go ka dumela ?

Baefeso 2:8b; Katakesema ya Heidelberg Karabo 65a

4.6 Mowa o o Boitshepo o re rotloetsa go dira eng ka tumelo e e tletseng mo

dipelong tsa rona ?

Boipolelo ba Tumelo ya Nederland Athikele 22a

4.7 Ke mang yo o gololwang mo bogaleng ba Modimo le mo sebeng, kwa bofelong

a ba a amogela bophelo bo bo sa feleng ?

Melao ya thuto ya Dordt 1:4; Johane 6:47

4.8 Go diragalang ka ga me fa ke sa dumele mo go Jesu Keresete ?

Johane 3:36; Bahebera 3:19; Melao ya Dithuto tsa Dordt 1:4

4.9 Go diragetseng ka bone ba go tswa mo bogologolong ba ba ileng ba amogela

Jesu e le mogolodi le Modimo wa bone ?

Ditiro 2:47b

13

4:10 Maikarabelo a modumedi mongwe le mongwe ke afe ?

Boipolelo ba Tumelo ya Nederland Athikele 28

O tlhagise dibe tsa gago ka bonnete mo thapelong, le tumelo ya gago mo go Jesu

Keresete e le mogolodi wa gago. O ipolelele gore go tloga jaanong o tla phelela

Modimo ka bojotlhe ba pelo ya gago.

(Modimo o go fa maatla a, go tswa mo Moweng o o Boitshepo.)

KGAOLO YA BORARO / 3

BONNETE BA TUMELO BO BO NNETSENG RURI

1. BONNETE BA TUMELO

1.1 A tumelo ke sengwe se se ka go latlhegelwang ?

Mo kgaolong ya bobedi re bone go tswa mo lefokong la Modimo gore motho yo o

dumelang mo go Jesu Keresete ke ngwana wa Modimo. Ene o na le bophelo bo bo

sa feleng mme ga a na go atlholwa mme o tla ntšhafatswa mo bophelong ba gagwe.

Fa o ntse o leofa go tlisa potso mo go wena ya gore a ruri o ya go nna ngwana wa

Modimo naa ?

1.1.1 A go ntse jalo gore motho yo o dumetseng mo go Keresete ga a sa tlhole a dira

sebe?

Baroma 7:18-19; Katakesema ya Heidelberg Karabo 114

1.1.2 Sebe ke eng ?

Pesalome 51:5-6; 1 Johane 3:4

Lefoko la Segerika le le kayelang “sebe” le na le bokao ba “go fosa se o neng o se

nepile”.

Maikaelelo a gago ka afe mo bophelong bo o leng mo go bone ?

1 Bakorinthe 10:31

1.1.3 Fa o fetogile go nna mokeresete mme o santse o leofa sebe se na le seabe sefe

mo kamanong ya gago le Modimo ?

Baefeso 4:30

1.1.4 Sebe se tlisa maikutlo afe mo go wena o le ngwana wa Modimo ?

Pesalome 51:13, 14; Boipolelo ba Tumelo ya Nederland Athikele 15 (polelo ya

bobedi go tswa kwa bofelong )

1.2 Ke le mokeresete nka tshwarela jang mo tumelong ya me ?

1.2.1 Mokeresete o tshwanetse a dire eng fa a leofile ?

Pesalome 32:3, 5; Melao ya Dihuto tsa Dordt 5:2 (polelo ya bobedi)

1.2.2 O ipobole dibe ka maitshwaro afe ?

Joële 2:13

14

1.2.3 Fa o ipobola dibe tsa gago Modimo o tla dira eng ?

1 JohANE 1:8, 9

1.2.4 Ke goreng boipobolo ba dibe tsa rona bo sa bone boitshwarelo mo

Modimong ?

Baroma 3:23, 24; Katakesema ya Heidelberg Karabo 60

1.3 Tumelo e tshwana le semelwa. E tshwanetse ya nosetswa ka dinako tsotlhe ka

metsi a Lefoko la Modimo.

1.3.1 ’Fa o sa ikatise mesifa e a koafala. Go ntse jalo le mo tumelong mo go Jesu

Keresete.

Paulo a reng ka ga kgolo ya tumelo ?

1 Timotheo 4:7; 1 Timotheo 6:20

Modimo o re ruta eng ka Petoro mo kgolong ya tumelo ?

2 Petero 1:5-8

Lekwalo la Bahebera, le re rutang ka ga kgolo ya tumelo ?

Bahebera 6:11, 12

1.3.2 Ditemana tse di latelang di reng ka ga tumelo kwa ntle ga ditiro ?

1 Tesalonika 1:3; Jakobo 2:14

1.3.3 Modimo o re neile dilo dife go re thusa go gola mo tumelong ?

Ditiro 20:32; Baefeso 6:18; Katakesema ya Heidelberg Karabo 65

1.3.4 Maikaelelo a go gola mo tumelong ya rona e nne afe ?

Baefeso 4:12-16

15

KGAOLO YA BONNE / 4

TLHAELETSANO MO BODUMEDING

BEIBELE

Mo Pesalomeng ya 115 (ditemana tsa 5 le 6) mmoki wa Dipesalome o re bontsha ka ga

totomalo ya go obamela medimo ya diseto. O bua jaana ka ga yone:

“E na le melomo, mme ga e bue, e na le ditsebe mme ga e utlwe”

Rona re na le Modimo o o phelang, o o buang le rona ka Lefoko la gagwe, o re ka buang

naye mo dithapelong tsa rona.

1. RE ITSE MODIMO JANG ?

Modimo o itlhagisa jang go rona ?

Bahebera 1:1,2; Pesalome 19:2-4; Boipolelo ba Tumelo ya Nederland Athikele 2;

Baroma 10:13-15

Go wela mo sebeng ga motho go re fatlhile. Ke ka moo re tlhokang digalase tsa

Lefoko la Modimo pele re ka kgona go lemoga tlholego e le tiro ya Modimo. Re tlhoka

Beibele go ka O itse le go O tlhaloganya ka bonnete.

2. BEIBELE MOTSWEDI WA TSHENOLO

2.1 Beibele ke Lefoko la Modimo

Modimo e leng Mowa o o Boitshepo ke One o o kwadileng Beibele. ( 2 Timotheo

3:16; 2 Petero 1:20-21; Boipolelo ba Nederland Athikele 3). O rotloeditse bakwadi ba

dibuka tsa teng gore ba kwale Lefoko la Modimo ka mo le ba senotsweng ka teng, ka

bonnete le tshiamo e e tletseng. Sekao se sentle re se fitlhela mo diefangeding tse

nne tse di buang ka ga bophelo le ditiro tsa ga Morena Jesu. Bakwadi ka bonne jwa

bone ba kwala ka ga dilo tse di tshwanang fa tlase ga taolo ya Mowa o o Boitshepo.

Mongwe le mongwe o kwala ka mo ene a go lemogileng ka teng.

Ka Beibele e le Lefoko la Modimo, ke yone taolo e kgolo mo maphelong a rona.Bala

mo go Luka 4:1-21 mme o tla bona mokgwa o MORENA Jesu a dirisang Beibele ka

teng. Re rutwa jang go dirisa Beibele ? (Boipolelo ba Tumelo ya Nederland Athikele

5)

Beibele ga se buka ya bosaense kgotsa ya histori mo go tlhalosiwang dilo tsa

tatelano ka puo ya bosaense. E re bolela ka ga dilo tse Modimo a di beileng mo

tlholegong. O re lemosa tsela e a tsamaisang lefatshe ka teng.

2.2 Beibele e na le Tshenolo ya Lefoko la Modimo ka Botlalo:

Maikaeleo a Beibele ga se go re itsise ka ga tsotlhe tse Modimo o leng sone, tse o di

dirileng le tse o di buileng ( Joh 20:30, 31; 21:25). Modimo o kwadisitse fela tse re

di tlhokang go Mo itse le gore re itumela jang ka O re golotse ka Morena Jesu le gore

re phele jang re le batho ba ba fetogileng. Ka Beibele e na le tshenolo yotlhe ya

Modimo, Ene ga a batle gore re e okeletse ka dilo tse dingwe ebile re seka ra tlogela

dikarolo tse dingwe tsa yone. Bala ka ga maemo a mo Tshenolo 22:18, 19;

Deterenomio 4:2 (Boipolelo ba Tumelo ya Nederland Athikele 7).

Beibele e rulagantswe ka tsela e gore le bana ba kgone go ka e tlhaloganye (Matheo

11:25). Gape e na le botennye ba dilo le khumo gore motho a se tlhaloganye dilo

tsotlhe (Rom 11:33-36).. Ka go tlhola re ithute go tswa mo go yone le ka go tlhola re

rapela re tla gola mo kitsong ya go e tlhaloganya.

2.3 Se se botlhokwa mo Beibeleng ke sefe?

16

Beibele e re bolelela gore Modimo o mang. Ka moo re kgona go ka gola ka kitso go

mo itse re le batho. Beibele yotlhe e re bontsha gore Modimo o re ratile jang. O

rometse Morwa wa One mo lefatsheng go re golola mo sebeng re tle re kgone go ka

ema fa pele ga One. Dibuka tsotlhe mo Beibeleng di bua ka ga Jesu. Se se gatelwa

ke Morena Jesu ka boene mo go Johane 5:39::

“Lo batlisisa Dikwalo, gonne lo itlhoma lo ka nna le bophelo bo bo sa khutleng ka

tsona , e tswe e le tsona tse di supang ka ga me.”

2.4 Beibele le dikwalo tsa boipolelo.

Ke goreng go tlhokiwa boipolelo ?

Matheo 16:15-16; Baroma 10:10-11

Dikwalo tsa boipolelo di tlile fa dingwagakgolo di ntse di ya. Se se ne se diragala fa

go ne go batlega gore go bolelwe ba bangwe le lefatshe gore Mowa o o Boitshepo o

a reng go tswa mo lefokong la Modimo. Re dumela mo go tsone ka di theilwe mo

Lefokong la Modimo. Di akaretsa bonnete go tswa mo Beibeleng.

3. TLHOLEGO E LE MOTSWEDI WA TSHENOLO

Tlholego e re bolela (senolela) eng ka ga Modimo ?

Baroma 1:20; Pesalome 19:2

Fa re lebelela tlholego go tswa mo Lefokong la Modimo, re bona Modimo o le One o

o tlhodileng dilo tsotlhe mme o santse a di bolokile mo seatleng sa One.

4. TSIBOGO MO TSHENOLONG YA MODIMO

4.1 A batho ba tsiboga ka go tshwana fa ba bona tshenolo ya Modimo ?

Ditiro 17:12, 32

4.2 Modimo o batla gore wena o tsiboge jang o le modumedi mo tshenolong ya

maitshwaro a one ?

Johane 14:1; 2 Timotheo 3:14

5. KE REETSE LEFOKO LA MODIMO KA DITSELA DIFE ?

5.1 Ka go rapela rapela.

Se se batlegang sa ntlha ke go atamela Lefoko la Modimo ka boikokobetso le

thapelo. Ka dithapelo re amogele ditiro tsa Mowa o o Boitshepo o o gogelang Lefoko

la Modimo mo dipelong tsa rona. Modimo o mogolo rona re babotlana. Re bokoa, re

tletse dibe fa Modimo a le maatla le boitshepo.

5.2 Nna o phuthologile

Felo fa go siameng ke mo oka nnang teng o phuthologile.

5.3 Ka kelotlhoko

Beibele gase lekwalo la go fetisa nako. Ke mo Modimo o buang le wena. Motho o

kgona go utlwa lentswe la One fa o ntse o le buisa.

5.4 Ka thulaganyo

Bala Beibele ya gago ka thulaganyo le go batlisisa. Fa o ntse o e bala mole le mole o

latlhegelwa ke bongwe ba yone, khumo ya yone, bogolo ba Modimo le maitshwaro a

One.

5.5 Ka nako tsotlhe

17

Modimo o batla go bua le wena ka dinako tsotlhe. Beela nako thoko go bua le One. O

batla gore o buise Lefoko la One ka keletlhoko le ka boineelo.

5.6 O ipatlisise

O batlisise ka ga bophelo ba gago go tswa mo Lefokong la Modimo

5.7 O ntse o batla

Batla molaetsa o o go lebisitsweng go tswa mo go se o se buisitseng. Leka go bona

gore Modimo o itshenola jang go wena. Go go ruta eng mo bophelong ba gago ?

5.8 O ipee fa tlase ga taolo ya lone

Ka ke dumela gore Lefoko la Modimo le na le taolo, ke ineela mo go lone mme ke

phela ke reeditse se Modimo a se buang.

18

KGAOLO YA BOTLHANO / 5

TLHAELETSANO MO TUMELONG

THAPELO

THAPELO YA MODUMEDI E NA LE MAATLA A MAGOLO

1. THAPELO KE ENG ?

Thapelo ke puisano e ngwana wa Modimo a buisana ka yone le One. Bala Bahebera

10: 19-24 mme o arabe dipotso tse di latelang:

1.1 Re rapela go mang ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 117

1.2 Ke eng se se go dirang go rapela ?

Johane 16:23, 24

1.3 Mowa o o boitshepo o tsena fa kae mo thapelong ya gago ?

Baroma 8:15

1.4 Re rapele ga kae ?

Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 5:17

1.5 Dithapelo tsa rona di amane jang le ditsholofetso tsa Modimo ?

Jesaya 62:6, 7

1.6 Ke goreng go le botlhokwa go rapela ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 116; 1 Batesalonika 5:18

2. KE DIKAROLO DI FE TSE DI BOTLHOKWA TSE DI BONWANG MO

DITEMANENG TSE DI LATELANG ?

Pesalome 50:14; Pesalome 122:4; 1 Timotheo 2:1, 2

3. DITLAPELE TSA THAPELO

3.1 Go tshwaelwa ka ditlapele dife mo go Bahebera 10:19-24 ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 117

4. GO AMOGELA GA THAPELO

4.1 Dithapelo tsa rona di amogelwa leng ?

1 Johane 5:14; Jakobo 4:3

4.2 Modimo o di araba jang ?

4.2.1 Karabo ya Modimo go HIskia ke efe ?

2 Dikgosi 20:2

19

4.2.2 Karabo ya Modimo go Paulo ke efe ?

2 Bakorinthe 12:8, 9

4.2.3 Karabo ya Modimo go Elia ke efe ?

1 Dikgosi 19:4-7

4.3 Ke goreng Modimo a araba dithapelo tsa me ?

Luka 11:11-13; Baroma 8:34

5. THAPELELO

5.1 Go rapelelwa eng mo ditemaneng tse di latelang ?

2 Batesalonika 3:1; Baefeso 6:18, 19; Jakobo 5:14-16; 1 Timotheo 2:1, 2

6. JESU ORE RUTA ENG MO THAPELONG ?

6.1 Thapelo e simolola jang mme e raya eng go wena ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 120, 121; Matheo 6:9a

6.2 Thapelo ya ntlha e tsamaya jang mme e raya eng go wena ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 122; Matheo 6:9b

6.3 Thapelo ya bobedi e tsamaya jang mme e raya eng go wena ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 123; Matheo 6:10a

6.4 Thapelo ya boraro e tsamaya jang mme e raya eng go wena ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 124; Matheo 6:10b

6.5 Thapelo ya bonne e tsamaya jang mme e raya eng go wena ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 125; Diane 30:8, 9

6.6 Thapelo ya botlhano e tsamaya jang mme e raya eng go wena ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 126; 1 Johane 2:1

6.7 Thapelo ya borataro e tsamaya jang mme e raya eng go wena ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 127; Baroma 7:23

6.8 Thapelo e khutla jang ?

Baroma 11:33-36

20

KGAOLOYA BORATARO 6

KEREKE

1. KEREKE KE ENG ?

1.1 Go dirisiwa ditshwantsho dife go tlhalosa kereke ?

1 Bakorinthe 3:9, 16; 12:27; 1 Petero 4:17; 5:2

1.2 Go tswa mo dikwalong tsa boipolelo ba tumelo ya rona kereke ke eng ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 54; Boipolelo ba Tumelo ya Nederland

Athikele 27

1.3 Tlhogo ya kereke ke mang ?

Baefeso 1:22; Katakesema ya Heidelberg Karabo 50

1.4 Ke bomang ba ba bopang kereke ?

A ke batho ba ba tlhaotsweng kgotsa ba ba nang le dimpho tse di rileng ? Ba ba

senang sebe ? Batho ba ba boitshepo ?

Baefeso 1:1; 1 Petero 2:9, 10; Johane 17:16

2. LEFOKO LA KEREKE LE NA LE MAKAO A LE MANTSI

Gantsi fa go buiwa ka ga kereke go rewa ya mo gae, phuthego ya teng. (1

Batesalonika 1:1) Nako tse dingwe go raya badumedi ba ba dulang mo mafelong a a

rileng (Matheo 16:18). Go tlhaloganya sentle se kereke e leng sone e bapisiwe le

motlakase wa toropo. One o tsena ka megala kwa tlase e e sa bonaleng le e e leng

kwa godimo mme e bonala. (Kereke ka bophara) Re lemoga motlakase fa o

tshubiwa go tukisa lebone. (Kereke ya mo gae).

3. BOTLHOKWA BA GO NNA TOKOLOLO YA KEREKE YA KERESETE.

3.1 Ditshwantsho tse di latelang di reng ka ga botlhokwa bo ?

Johane 15:5-6; 1 Bakorinthe 12:12-13; Johane 10:14-15

3.2 Keresete o rapelela eng mo go Johane 17:20-21?

3.3 Katakesema e dirisa lefoko lefe go tlhalosa go nna ga rona re le karolo ya

kereke ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 20

Beibele ga e itse ka ga “badumedi” ba ba seng ditokololo tsa kereke, ba le ditokololo

tsa mmele wa ga Keresete. Fa o se tokololo ya mmele, tumelo ya gago e a swa. Fa

monwana o monyane wa gago o ka kgaolwa o tlabo o sule mme wa ya go bola. O

tlabo o tlhokile madi a a o phedisang. Logala lo latlhegelwa ke mogote fa lo gogelwa

thoko. Modimo o itshwenya ka mongwe mme a le tokololo ya ba bantsi.

4. KEREKE YA KERESETE YA MANNETE KE EFE ?

4.1 Ditemana tse di latelang di reng ka ga kereke e e seng ya mannete ?

Matheo 7:15-16; Johane 16:1-3

21

4.2 A go na le pharologanyo mo gare ga kereke ya mannete le ya boaka ?

4.3 Matshwao a kereke ya mannete ke afe ?

Boipolelo ba Tumelo ya Nederland Athikele 29

5. DIDIRISWA TSA MAITSHWARO

5.1 Tiriso e e phepa ya Lefoko ke eng ?

1 Bakorinthe 2:2-5

5.1.1 Thero e farologane jang le polelo ya sepolotiki ?

5.2 Tiriso e e phepa ya disakaramente.

5.2.1 Sakaramente ke eng ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 66; Baroma 4:11

5.2.2 Ke goreng godimo ga Lefoko go na le disakaramente ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 65; Pesalome 111:4a;

1 Bakorinthe 11:25, 26

5.3 Tiriso e e phepa ya kolobetso.

5.3.1 Ke bomang ba ba nang le seabe mo kgolaganong ya Modimo le Aborahama ?

Genesi 17:7

5.3.2 Aborahama o amogetse go rupiwa leng e le sekao sa kgolagano ? Morwa wa

gagwe Isaka leng ? O boelwa ke eng ka ga bana le seabe sa bone mo

kgolaganong ?

Genesi 17:1; Genesi. 21:4; Ditiro 16:15; 16:31-33

5.3.3 Kolobetso ke sekao le sekano sa eng ?

Ditiro 3:29; Baroma 4:11; Genesi 17:7, 11

5.3.4 Modimo o fa ditsholofetso dife mo kolobetsong ?

Formoliri ya kolobetso (kgololosego)

5.3.5 Modimo o lopa eng mo kolobetsong ?

Formoliri ya Kolobetso (boitumelo)

5.4 Go ja ga Selalelo se se boitshepo

5.4.1 Ditemana tse di latelang di ruta eng ka ga selalelo ?

1 Bakorinthe 10:16; 1 Bakorinthe 11:23, 27

Dikao:

Borotho le weine. Ke dikao tsa mmele le madi a ga Keresete. Jaaka borotho bo

ngathiwa le weine e nowa mmele le madi a ga Keresete a re neilwe go tlosa dibe

tsotlhe tsa rona.

Sekano (tshireletsego):

22

Jaaaka ke bona fa pele ga matlho a me borotho bo ngathiwa mme weine e tshelwa

ke itse ka bonnetegore Keresete o ile a dirwa phisego ya dibe tsa me go nkgolola mo

go tsone. Mowa o o Boitshepo o mo dira karolo ya bophelo ba me.

5.4.2 A, selalelo ke segopotso fela sa se se kileng sa diragala ?

Matheo 26:29

5.4.3 Go ipaakanyetsa selalelo go na le dikarolo dife ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 81; 1 Bakorinthe 11:28

Formoliri ya Selalelo:

“Sa ntlha: mongwe le mongwe o tshwanetse a inaganele sebe sa gagwe le thogako

ya gagwe gore a ipobole fa pele ga Modimo ka gonne kgalefo ya Modimo malebana le

sebe e gakalo gore a sa kgone go se tlogela mme a se fetisetsa go Morwa wa One yo

o rategang Jesu Kresete ka loso lo lo botlhoko mo sefapanong.

Sa bobedi : Mongwe le mongwe a batlisise pelo ya gagwe gore a ruri o dumela

ditshepiso tsa Modimo gore dibe tsotlhe tsa gagwe di mo itshwaretswe ka pogiso le

loso lwa Jesu le gore o abetswe tshiamo ya ga Jesu Kresete ka botlalo go nna sa

gagwe. Gakalo ekete ke ene yo o dueletseng dibe tsa gagwe.

Sa boraro: Mongwe le mongwe a batlisise segakolodi sa gagwe gore o ikaeletse go

tloga jaanong o tla bontsha boitumelo mme a phele sentle fa pele ga Modimo, a

tlogele bobaba botlhe, letlhoo lotlhe le lefufa mme go tloga jaanong a phele ka

kutlwano le bongwe le mongwe ka ene.

”Selalelo se rulagantswe bomang ?”

“ Ba ba kgopegilweng ke dibe tsa bone mme ba na le tshepo ya gore melato ya bone

e tla tshwarelwa ke Keresete, le bokoa bo bo santseng bo saletse mo go bone bo tla

phimolwa ke loso le kutlobotlhoko go tswa mo go Ene. Gape le bao ba ba batlang go

bopa le go tokafatsa maphelo a bone. Mme baaki le ba ba sa itshokololeng ka pelo

ya mannete go Modimo, ba ja mme ba nwa katlholo ya bobone.”

5.4.4 Ke mang yo a tshwanelang go ja selalelo ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 82; 1 Bakorinthe 11:27

5.4.5 Jesu o tlhomile selalelo ka tsela efe ?

Matheo 26:20-28

5.4.6 A go siame fa o sa tsamaye kereke ka dinako tsotlhe mme wa ja selalelo fela ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 65

5.4.7 O dirang fa o ja selalelo ?

Bala ka ga go tsholetsa ga pelo mo formoliring le ka ga thapelo kwa bofelong ba

yone.

5.5 Tiriso ya thupiso ya kereke

Nagana dilo tse di latelang: Lelapa kwa ntle ga taolo. Mmuso o o senang sepodisi go

lebelela gore melao e se ka ya tlolwa. Moweine o o sa kutliwang. Tlhakantshuke.

Go ntse jalo mo kerekeng. Kwa ntle ga thuto le thupiso go rena boitaolo.

THUPISO KE GO THIBELA, MO NAKONG, MOTHO YO A EMENG FA THOKO GA

LENGOPE GORE A SEKA A WELA MO GO LONE

5.5.1 Boleng ba thupiso ya kereke

23

Bahebera 12:5-8

Lefoko le la go rupisa le na le bokao ba go ruta mongwe eseng go mo otlhaya jaaka

rona gantsi re go bona.

5.5.2 Maikaelelo a thupiso ya kereke ke eng fa re lebelela ditemana tse di latelang ?

1 Bakorinthe 5:7, 13; Ditiro 5:3-5

5.5.3 Ke mang yo a tshwanetseng go dirisa thupiso ?

Matheo 18:15-17; Matheo 16:16-20

Taelo go bagogi go latetswe formoliri ya go tlhomiwa ga bone:

“O tshwanetse wa ela thuto tlhoko, o thuse mme o gomotse Bakeresete botlhe.

Ditokololo tse di sa fetoleng matshelo a bone mme ba tshwarelela ka dibe tsa bone

ba tshwanetse go kgalemelwa mme ba rupisiwe. Ba ba ikotlhayang ba amogelwe mo

setshabeng le mo kerekeng.

5.5.4 Thupiso e tsamaya jang ?

Matheo 18:15-17 (Jaaka go tlhalositswe mo godimo mo)

6. KEREKE E E SENANG MAKOA ?

Kereke e e nang le matshwao a mararo a a umakilweng mo godimo mo ke yona ya

mannete. Mo lefatsheng kereke e e ntseng jaana ga e bonwe.

Ga go na kereke e e nang ditirelo tse di senang bokoa. Ga go na kereke e ditokololo

tsa yone e leng badumedi ba ba tletseng ka tumelo ya bone.

Boipolelo ba Tumelo ya Nederland e reng ka ga maemo a ?

Potso fela ke gore: Kereke e eme fa kae ka makoa a yone ? A ke sengwe se se leng

botlhokwa go kereke le gore e ipobola jang ka ga maemo a ? A e batla go tlhola e

iphepefatse ka maemo a a sa siamang a ?

KEREKE YA TLHABOLOLO KE E E TLHOLANG E ITLHABOLOLA

7. TIRELO YA TLOTLO

7.1 Tirelo ya tlotlo ke eng ?

Ke kopano e e boitshepo fa gare ga Modimo le setshaba sa One. Ka moo moreri

le moruti ba tshwanetse ba emele molaetsa o o yang go tla mo therong.

7.2 Go diragalang mo therong ?

Modimo o a bua – batho ba a reetsa.

Puisano e, e diragala e latetse dintlha tse di dirisiwang fa go rerwa. Re go bitsa

ditirelo tsa kobamelo. Go na le dintlha tse di latelang tsa kobamelo:

7.2.1 Tumediso:

Tirelo ya tlotlo e simolola ka boipolelo ba phuthego.

Kwalola ditemana tse di latelang ka botlalo:

Pesalome 124:8; Pesalome 95:6

Jaaka fa modulasetulo a kokota go netefatsa gore pitso e a simolola, tumediso le

24

yone e bitsa gore batlaphuthegong ba tshwanetse ba ineele mo Modimong.

7.2.2 Tumediso ya tshegofatso:

Modimo o dumedisa phuthego ya gagwe fa moruti fa a ba segofatsa ka tshegofatso

ya mohau le kagiso.

Diteng tsa tshegofatso:

Tshenolo 1:4, 5

7.2.3 Mmino mo kerekeng:

Phuthego yaModimo e araba ka mmino wa pako, wa boipobolo, wa boipolelo ba

ditlolo, wa tebogo jalojalo. Go opelwa Dipesalome MO kerekeng ya Gereformeerde.

Dipesalome ke mpho e e amogetsweng go tswa kwa Modimong mme tsa tlhanngwa

ke bakwadi ba tsone.

7.2.4 Boipolelo ba tumelo:

Badumedi ba netefatsa tumelo ya bone ka go bolela se ba dumelang mo go sone. Go

tswa kwa tshimologong kereke e ile ya itirela tumelo e ba ntshang maikutlo a bone

malebana le se ba se dumelang.

Ke goreng go na le maikutlo gore go nne le tumelo ?

Tito 1:9, 1 Timotheo 6:3

7.2.5 Molao wa Modimo (Ekesodu 20 en Doiterenomio 5):

Molao o balelwa phuthego ka leitlho mo mabakeng a le mabedi. Sa ntlha go itse

bomadimabe ba gago sa bobedi go bontsha tebogo ya gago.

Fa molao o sena go buisiwa phuthego e araba ka go opela Sefela se se buang ka

boipobolo, kgololosego, kgotsa e le thapelo ya boineelo.

7.2.6 Lefoko la Modimo:

Karolo e, ke e e botlhokwa thata mo tirelong. Modimo ke One o o buang. Tebo ya

mophuthego e tshwanetse ya ba: Modimo bua motlhanka wa Gago o reeditse.

Ke goreng go bala mo Lefokong la Modimo go le botlhokwa mo tirelong ?

Ditiro 13:15, 27

7.2.7 Thapelo:

Pele go balwa mo Lefokong la Modimo le fa go sena go rerwa.

Pele ga thero e le go kopa lesedi le tshedimosetso ya Mowa o o Boitshepo. Morago

ga thero karabo go se se rerilweng le ditlhokego tsa phuthego le batho ka kakaretso.

7.2.8 Tlhaloso le tiriso ya Lefoko la Modimo ke thero

7.2.9 Tshegofatso ya bofelo:

Kwa bofelong ba tirelo phuthego e segofatswa ka tshegofatso ya Modimo a le

Borarobongwe.

Tshegofatso e e tsamaya jang ?

Numeri 6:22-27; 2 Bakorinthe 13:13

7.2.10 Go na le dikarolo tse dingwe tse le tsone e leng tsa tirelo:

Disakramente, boipolelo ba tumelo mo phuthegong, go rupisiwa mo phuthegong, go

tlhomiwa ga badiri mo kerekeng le tirelo ya dikabelo.

A o lemogile gore dilo tsotlhe tse di diragalang mo tirelong di tswa mo

Lefokong la Modimo ? O lemoga dikarolo dife tsa tirelo mo ditemaneng tse di

latelang ?

25

Ditiro 2:42, 46; Baefeso 5:18-20; 1 Bakorinthe 16:2; Katakesema ya

Heidelberg Karabo 103

7.3 Go tsenela ga ditirelo

Bala ditemana tse di latelang mme o tla lemoga ke goreng go le botlhokwa go tsenela

ditirelo tse di boitshepo.

Bahebera 10:25; Tshenolo 3:6, 13; Pesalome 42:3

8. GO TSAMAIWE JANG MO KEREKENG YA GA KERESETE ?

1 Bakorinthe 14:33; Boipolelo ba tumelo ya Nederland Athikele 32

26

KGAOLO YA BOSUPA / 7

KA GA TAOLO YA KEREKE

1. TLHOGO YA KEREKE KE MANG ?

Bakolose l 1:18

Ka Modimo a le tlhogo ya kereke o bitsa badumedi ba bakresete go dira mo go yone.

Ka badumedi ba bakeresete efangedi e fetisetswa go batho ba bangwe mme ka tsela

e Modimoo o ba fetola go dumela mo go One mme ba nna ditokololo tsa Kereke ya

One.

Bakeresete botlhe ba, ba dira mo kerekeng ya Modimo. Ga ba na bokgoni ka bobone

mme ba rotloetswa ke Mowa o o Boitshepo. ( Jesaya 59:21, Baroma 8:9) Gammogo

le se se diragalang Tlhogo ya kereke e neile le ditshepiso Matheo 28:20.

Ka a re neile tshepiso e, kereke ga e na go tlholwa ke sengwe. (Matheo 16:18).

Ditokololo tsa yone tsa mannete di lebile mo bophelong bo bo sa khutleng.

1.1 Badumedi ba bakeresete.

Badumedi ba bakeesete ba nna tokololo ya kereke. Ke maikarabelo a tsone gore di

lemogwe ke batho ba bangwe gore le bone ba nne le kgatlhego ya go ka inyalana le

kereke. Morena Jesu o bua ka ga bone fa a re badumedi bone ba bakeresete ke

letswai le lesedi la lefatshe. (Matheo 5:13-16)

Badumedi ba bakeresete ba tlhola ba direla Modimo, eseng ka Sontaga fela mo

kerekeng. Maikaelelo ka tiro e ke eng ? (1 Bakorinthe 10:31)

Tirelo e e dirwa fa tlase ga leina la “mokeresete” le le bopilweng go tswa mo leineng

la Keresete. Rona re le balatedi ba Gagwe re na le maikarabelo a boporofeta,

boperisita, le bogosi.

Modumedi wa mokeresete a itshware jang ?

1.1.1 A le moporofeta

Matheo 28:19, 20; Ditiro 1:8; 1 Petoro 2:9, 10

1.1.2 A le moperisita

Baroma 12:1; Luka 22:24-27

1.1.3 A le kgosi

Baroma 6:6; 11-13; Luka 22:29

Ka nako tsotlhe modumedi wa mokeresete o tlhaolwa ka a bontsha ditiro tsa Mowa o

o Boitshepo.(Bagalata 5:22,23). Go thata mo mothong yo a sa dumeleng

(Baroma7:7-25) Phetogo ya go nna mokeresete e tla nna teng fela ka thuso ya Mowa

o o Boitshepo.(Jakobo 4:8).

Godimo ga mpho ya go nna modumedi wa mokresete go na le ba ba nang le mpho

ya go nna baeteledipele mo kerekeng. Re bala ka ga bone mo 1 Timotheo 5:17 le

Ditiro 6:3, 4 le mo Boipolelong ba Tumelo ya Nederland Athikele 30. Bone ba

aroganngwa ka ditiro tsa bone. Baruti ba tshwanetse ba neelane ka Lefoko la

Modimo le Disakramente. Bagogi ba tshwanetse ba dise phuthego. Batlhanka bone

ba thuse go bopa kamano ya badumedi ba bakeresete mo kerekeng.

27

2. KERESETE O BITSA BATHO BAFE GO WETSA TAOLO YA GAGWE MO

KEREKENG ?

Ka badumedi ba bakeresete ba biditswe ke Keresete mme a ba neile le bokgoni ba

teng, ga ba wetse tiro ka bobone. Bone ke baemedi ba ga Keresete ba ba tlang ka

Leina la Gagwe (2 Bakorinthe 5:20). Ka go ntse jaana ba tshwanetse ba sekegelwe

ditsebe. (Luka 10:16)

A re lebeleleng madiredi a a farologaneng.

2.1 Moruti ( Mogogi yo o rutang)

Ka mafoko a ga Jesu moruti ke modisa wa letsomane. Fa ba rera, fa ba etela

baphuthego le fa ba katisa bana ba tlisa Lefoko la Modimo. Bontsi ba ditaelo tse

Paulo a di neileng Timotheo ke tse di tshwanetseng tsa dirwa ke baruti1 Timotheo

4:13; 2 Timotheo 4:2.

Taelo e kgolo ya moruti ke efe ?

Jaaka go batlegwa mo go badumeding ba bakeresete le bone ba tshwanetse ba ise

Lefoko la Modimo mo lefatsheng ka bophara. (Matheo 28:19) Ditiro tse di

tshwanetseng tsa wediwa ke mogogi le tsone di tshwanetse tsa dirwa ke moruti ka a

le mogogi yo o rutang.

2.2 Mogogi (mogogi yo o disitseng)

Jesu o naya Johane taelo e e tshwanang le ya bagogi.

Johane 21:16

Bagogi ba neilwe dimpho tsa go ka wetsa tiro ya bone. Ba seka ba e wetsa fa tlase

ga kgatelo mme ba e dire ka boineelo. (1Petoro 5:2). Sekao sa Morena Jesu fa a

atametsa ba ba timetseng, ba ba batlang thuso le ba ba ditlhogo tse di thata e nne

tsela e bagogi ba dirang tiro ya bone ka teng.

2.3 Batlhanka

Tirelo ya botlhanka e tlhomilwe ka bagogi ba ne ba sa tlhole ba kgona go ka

tlhokomela batlhoki. Bone ba ne ba tshwanetse go thusa baphuthego ba ba leng mo

mathateng pele, morago ba thuse le ba ba leng kwa ntle ga yone. ( ba ba eseng

baphuthego)

Ditiro 6:1, 4; Bagalata 6:10

Tsamaiso ya tlhopho ya badiredi e bonwa mo Boipolelong ba Tumelo ya Nederland

mo athikeleng ya 31. Tlhopho e dirwa ke phuthego fa go sena go kopiwa thuso ka

thapelo.

Ke le mophuthego ke tseye badiredi ba ka tsela efe ?

Go na le dikaelo di se kae go tswa mo Lefokong la Modimo:

Bahebera 13:7, 17, 18

Re rutwa go ba fa tlotlo e e batlegang. Re ba sekegele ditsebe. Bone ba disitse

baphuthego mme mongwe le mongwe o rwele boikarabelo go ba arabela.

Thatathata go tshwanetse ga tlotliwa bagogi ka bone ba disitse ebile ba laola

phuthego. Ba tshwanetse ba kopane ka dinako tsotlhe tse di beilweng fa tlase ga

boeteledipele ba moruti. Ba tshwanetse ba sekegele maphelo a baphuthego ditsebe,

ba ba kgalemele ka lerato mme ba busetse ba ba latlhegileng mo phuthegong.

3. MELAO YA TSAMAISO YA KEREKE

28

Modimo gase Modimo wa ditlhakatlhakano mme o Modimo wa tsamaiso e e

lolameng.(1 Bakorinthe 14 :33) Go tsamaisa kereke ka tshwanelo e tshwanetse ya

tsamaisiwa ka ditheo tse di tswang mo Beibeleng. Ke ka moo go tlhomilweng melao

ya tsamaiso go tswa mo Lefokong la Modimo.

Athikele ya ntlha ya Melao ya Tsamaiso ya Kereke e tlhalosa maikaelelo a melao e.

(Athikele ya ntlha ya Melao ya Tsamaiso ya Kereke)

Re ka oketsa tshedimosetso ka go bala Boipolelo ba Tumelo ya kwa Nederland

Athikele ya 32. Melao e ya tsamaiso ga e lekane le Beibele le Dikwalo tsa Boipolelo.

E ne e rulagantswe go tsamaisa taolo le go bopa bongwe.

Re na le dikarolo di le pedi ebong tsamaiso ya taolo le kereke. Motheo wa se se

tlhalosiwang ka kereke e le mmele wa ga Kresete. Ka moo ditheo tsa teng di tswa mo

Beibeleng, gagolo mo Testamenteng e ntšha.

Fa re lemoga sentle gore tsamaiso ya kereke le yone e agilwe mo leseding la lefoko

la Modimo. Tsamaiso e tshwanetse ya okeletswa ka ditshweetso tse di tsewang mo

disinotong. Le tsone di tshwanetse tsa bopiwa go tswa mo Lefokong la Modimo.

4. THULAGANYO YA TAOLO YA KEREKE

Mokgwa o Kerele ya Gereformeerde e laolwang ka teng o bidiwa thulaganyo ya

“presbytery” taolo ya lekgotla la bagolwane mo kerekeng. Go raya gore go laola

bagolo / bagogi.

Ditheo tsa teng ke:

4.1 Keresete ke tlhogo ya Phuthego e nngwe le e nngwe.

4.2 Phuthego e simolola fa go kopana badumedi ba bakresete. E tshwanetse ya tlhoma

badiredi ba teng. Bone ba tshwanetse ba rulaganye tsamaiso ya teng go tswa mo

taolong ya melao ya kereke.

4.3 Mmele wa ga Keresete o teng mo go tlhomileng phuthego e e emeng ka boyone.

4.4 Keresete o laola ka bagogi mo leineng la Gagwe.

4.5 Mmuso ga o na taolo epe mo kerekeng. Kereke le yone ga e na taolo epe ya

mmuso. Ke ditaolo tse pedi tse di sa tshwaneng. Di tshwanetse tsa dumela gore taolo

e teng mme di farologanye. Mmuso one o fe Kereke tulo ya go ka dira tiro ya yone.

Re fitlhela tlhaloso e e tletseng mo Boipolelong ba Tumelo ya Nederland mo

Athikeleng ya 36.

5. DIKOPANO TSE DI KOPANETSWENG

Godimo ga dikopano tsa phuthego go na le dikopano tse dingwe:

Melao ya tsamaiso ya Kereke 41; 47; 50; 51

Ke mo go kopanang diphuthego di se kae. Mo go sekasekiwa fela dintlha tse di sa

kgonweng go fedisiwa ke phuthego ka boyone – jaaka katlholo ya badiredi le dintlha

tse dingwe tse di amang dikereke tsotlhe. Phuthego ya mo gae ke yone. Dikopano

tse tsa diphuthego ke go bopa bongwe mo gare ga diphuthego. Barongwa mo

diphuthegong tse, ba a tlhophiwa ga ba na bodulelo. Ba dira tiro ya bone mme ba a

gololwa.

Kopano e ya diphuthego ga e fete taolo ya phuthego mo gae. Ka ba le setlhopana go

dumelwa gore ba na le lesedi le katlholo e e fetang ya mo gae.

Ba kopana go bopa Tlasisi. Go kopanwa gabedi mo ngwageng. Gangwe ka ngwaga

Ditlasisi di kopana go bopa Sinoto e e Tlhaotsweng. Barongwa gape ba kopana

ngwaga mongwe le mongwqe wa boraro go bopa Sinoto ya Semmuso. Nako tsotlhe

go tlhopiwa barongwa ba bangwe go tsenela kopano.

29

6. BOPAKI MO KEREKENG 6 (Lokwalo lwa botokololo)

6.1 Lokwalo lwa botokololo ke eng ?

Melao ya tsamaiso ya kereke Athikele 82

6.2 Diteng tsa lokwalo lwa botokololo

Mo go Ditiro18:2; Filemone 1:10-13, 17; 3 Johane 1:3 go na le dikao tsa lokwalo lwa

botokololo. Mo go lone go tlhalosiwa ka ga maitshwaro le bophelo ba tokololo.

Fa Tokololo e ya kwa phuthegong e nngwe o tshwanetse a tsamaye le lokwalo lwa

gagwe lwa botokololo. Ke bopaki ba gore tumelo ya tokololo e eme jang. Ke

maikarabelo a mophuthego fa a ya kwa kerekeng e nngwe go itsise lekgotla la gagwe

gore ba mo kwalele lone.

O lemoge gore lokwalo lwa botokololo bo tsamaelana le phuthego eseng le kereke.

Fa o tsamaya o sena lokwalo ga o tokololo ya kereke.

7. FINANSIES

Kereke e bona madi a yone go tswa mo ditokololong tsa yone. Ga e thusiwe ke

mmuso. Dikabelo ke tsa tebogo le tse di tswang mo leratong la mophuthego. Di

abelwa Modimo gore phuthego e di dirise.

Beibele e re ruta mo Beibeleng gore dithoto le tsotlhe tse re nang le tsone ke tsa

Modimo (Genesi 28:22, 1 Ditirafalelo 29:14, Pesalome 24:1, Maleagi 3:8) Tirelo ya

rona ke go abela phuthego ka madi ka e le madi a Morena.

Dipotso di se kae tse di tshwenyang badumedi:

Ke ntshe bokae ?

2 Bakorinthe 9:7, 8

Ke ntshe dikabelo le fa ke tlhoka ?

1 Bakorinthe 8:2-4

Go dirwa eng ka madi a kereke?

Dikabelo ga di dirisiwe go humisa phuthego. Madi a teng a dirisiwa go tsweletsa

Lefoko la Modimo , go tshegetsa Moruti le go tlhokomela dikago tsa kereke.

Madi a mangwe a romelwa mo go laolwang lereke ka bophara teng. Foo gone madi a

abelwa go thusa diphuthego tse di tlhokang, katiso ya baruti le go tshegetsa baruti ba

ba setseng ba ikgolotseng.

30

KGAOLO YA BOROBEDI / 8

HISTORI YA KEREKE KA BOKHUTSHWANE

Go tlhaloganya maemo a o leng mo go one o tshwanetse wa itse sengwe sa kwa o tswang.

Go re fa pono ya mo re lebileng teng.

Histori ya Kereke e fa lesedi mo se Keresete a se dirileng mo kerekeng ya gagwe. O

kgobokanya bakgethiwa ba gagwe go tswa mo ditšhabeng tsotlhe le go tswa mo malemeng

otlhe a lefatshe. Se o se dira ka Lefoko la Modimo le ka Mowa o o Boitshepo. Se o se

diragatsa go tswa kwa tshimologong ya lefatshe le go fitlha kwa bokhutlong ba lone. Le fa go

na le sebe, botlhokotsebe, boingotlo le tsotlhe tse di sa siamang Keresete o siriletsa Kereke

ya Gagwe mme o a e godisa.

Re batla go simolola mo Pasaka re be re fetele mo re leng teng ka tshoganyetso. Ruri-ruri ke

khutswafatso fela. Re tshitshinya gore o tsenelele histori ka bowena gore o tle o itse gore go

tlile jang. Fa o simolola go tlhaloganya histori o tla tlhaloganya gore go tlile jang ka kerke, o

be o itse gore Modimo o tsamaile jang le rona. O tla lemoga lerato la Modimo go kereke ya

One ka dinako tsotlhe.

1. Histori ya Kereke e simolola fa kae ?

E simolola mo parateising ka batho ba ntlha mo lefatsheng Atama le Efa. Kereke e

ntšha e simolola ka Pasika fa go tshololwa Mowa o o Boitshepo go tla go dula mo go

rona le mo kerekeng.

2. Re itse eng ka ga Kereke mo dingwagengkgolo tse tharo tsa ntlha ?

Re bona tlholo / phenyo ya Lefoko la Modimo le Mowa wa One mo gareng ga

kgatelelo le dintwa tse dintsi.

3. Ke mang yo a ileng a dumela gore Bokeresete e nne tumelo e e siriletsegileng

dingwaga di le 313 morago ga matsalo a ga Keresete ?

Mokaisara Konstanteine Mogolo. Ga twe letsatsi le lengwe go le motshegare ke fa a

lemoga sefapano se se phatsimang mo legodimong ka mafoko : “Tlhola / Fenya ka

letshwao le !” Go tloga letsatsi leo bophelo le maitshwaro a gagwe malebana le

Bakeresete go ile ga fetoga.

4. Go tlile jang gore kereke e nne kerke ya mmuso ?

Mokaisara Theodosiose Mogolo o ile a tlhoma tumelo ya Bokeresete e le tumelo ya

mmuso.

5. Go nna kereke ya mmuso go ne ga tlisa mathata a fe ?

Go ile ga tla ditlhopha tsa baheitene go tsena mo kerekeng. Ka tsela e melao ya

mmuso le e e tlhomilweng ke mokaisara e ile ya gapelwa thoko. Ka tsela e go tlile

maitshwaro a le mantsi a a neng a le kgatlhano le Lefoko la modimo mo kerekeng.

6. Ke bomang le mabaka a fe a a ileng a dira gore Kereke ya Baroma e nne teng ?

6.1 Roma e itlhomile e le felo fa go diragalang dilo tsa kereke.

6.2 Mobishopo Gregoriose Mogolo (590-604) wa Roma e ne e le motho yo o neng a na le

seriti se segolo. O ne a dira tiro ya boronngwa mo go Balongobarde mme e simolola

go tlhoma thupiso mo kerekeng gape. Phetolo ya maikutlo a gagwe e ne ya diragala

gotlhe. Go tloga nako eo ke fa mabishopo go tswa Roma ba ipitsa bopapa go raya

ntate / rara. Lefoko le la mopapa le tswa mo nakong e.

6.3 Mopapa Inocentius III o beile taolo ya mmuso fa tlase ga kereke le mopapa. O ne a

tlhoma bakeisara ka thato ya gagwe. Mo kopanong e kgolo ya kereke ka 1215

morago ga matsalo a Keresete o rile Modimo ga a fa taolo ya kereke fela go Petoro

mme o mo neile le taolo ya lefatshe ka bophara. Jaaka batho ba ikoba fa pele ga

Keresete ba ikobe fa pele ga mopapa.

31

7. Umaka dithuto di se kae tse di fapogileng le tsela tsa Kereke ya Baroma mo

dingwagengkgolo tsa bogare.

7.1 Timelo e kgolo e ne e le gore taolo ya Beibele e ne e beilwe fa tlase ga taolo ya

bapapa.

7.2 Thuto ya gore motho e ye go fisiwa pele kwa molelong wa tatlhego gore a tshekiwe

pele a ya kwa legodimong. Go batho ba ba iphitlhelang go le jaana ba ka nna gape

ba rapelelwa ke ba ba santseng ba phela mme gape ga duelwa le dibe tsa bone go

ba golola.

7.3 Altare mo boemong ba bodulo ba moruti mo kerekeng.

7.4 Disakramente e le ditlhare tse di alafang ka e le tsone tse di re gololang. Ba ne ba na

le disakramente di le supa.

7.5 Maria le batshepegi ba bangwe ba ne ba tlotliwa gammogo le Modimo.

7.6 Mopapa o na le taolo e e lekaneng ya ga Kresete.

8. Selo se segolo se se ileng sa lemogwa ke Maarten Luther e ne e le eng ?

Ka dithuto tsa gagwe mo Beibeleng o bone gore motho o gololwa ka maitshwarelo a

Modimo fela eseng ka se wena o se dirileng. (Baroma 1:17; Barom 3:21-28;

Pesalome 71:2).

9. Ke letlha lefe le le bonwang e le tshimologo ya Tlhabololo le ka goreng ?

Fa go ne go tlhola Letsatsi la 31 mo kgweding ya Diphalane mo ngwageng wa 1517.

Ke ka letsatsi le Maarten Luther a ileng a beletsa dikganetso tsa gagwe mo lebating

la kereke ya Wittenberg. Tiro ya gagwe e ne e le ya mabulatsela ya Tlhabololo. (Go

ne go boetswe mo bonneteng ba Beibele)

10. Ke goreng tiro ya Johannes Calvyn e ne e le botlhokwa jaana ?

10.1 Calvyn o ne a beile tlotlo le taolo ya Modimo kwa godimo mo bophelong jwa motho.

Gape o ne a bontsha ka ga bokao ba efangedi ya Jesu Kresete mo dikarolong tsotlhe

tsa bophelo ba motho.

10.2 O ne a kwadile ditshwaelo mo dibukeng tsotlhe tsa Beibele le mo bukeng ya gagwe

ya Setheo (Institution) e e leng dibuka tse nne, o beile motheo wa thuto ya Tlhabololo

mme a ntsha maemo a teng a a leng kamano le bophelo botlhe ba motho.

10.3 O kwadile mo Geneve katakesema mme a tlhoma le yunibesiti mo go tlileng baithuti

go tswa mo Yuropa ka bophara go ka ithuta teng.

11. Kgatlhano le Tlhabololo e ne e le efe go tswa mo Kerekeng ya Baroma?

Ba ne ba lwantsha Tlhabololo ka maatla otlhe a bone. Potsolotso e ne e dirisiwa

gotlhe mo go neng go kgonega teng mme ga dirisiwa maatla a puso go bolaya

Baporosotante.

12. Go ile ga simololwa thuto efe e e fapogileng le tsela kwa Nederland ka ngwaga

wa 1600 morago ga matsalo a ga Kresete?

Thuto ya Baremonstante fa tlase ga taolo ya Arminius.

13. Sobokanya ka bokhutshwane thuto ya tatlhego ya Baremonstrante.

13.1 Ba ne ba ganetsa dibe tsa matsalo a motho.ka botlalo.

13.2 Ba ne ba dumela gore motho ka boene o itlhophela go nna molatedi wa ga Jesu

Keresete.

13.3 Ba ne ba dumela gore Modimo o itlhophetse batho pele a tlhodile legodimo le

lefatshe le gore o dirile jaana ka o ne a itse gore ba tla amogela Jesu mme ba

dumela mo go Ene.

14. Thuto e ya tatlhego ya Baremonstrante e ile ya lwantshwa jang ?

Mo kopanong ya sinoto ya Dordrecht e e neng e tsene go simolola ka kgwedi ya

Sedimonthole wa 1618 go fitlha mo kgweding ya Moranang wa 1619 go ile ga

tlhomiwa Melao ya Dithuto tsa Dordt e le karabo go emelela thuto ya tatlhego ya

Baremonstrante.

32

15. Go ile ga amogelwa le dikwalo dife mo Sinotong ya Dort ?

Go ile ga amogelwa Dikwalo tse tharo tsa Boipolelo ba Tumelo ya Tlhabololo

(Diformiliri tse tharo tsa bongwe) e le boipolelo ba tumelo mo dikerekeng tsa

Tlhabololo tsone e ne e le Melao ya Dithuto tsa Dordt, Katakesema ya Heidelberg (e

e rulagantsweng ke Ursinus le Olevianus ka 1563) le Boipolelo ba Tumelo ya

Nederland (e e rulagantsweng ke Guido de Bres ka 1561). Gape go rulagantswe le

Melao ya Tsamaiso ya Kereke mo go beilweng ditheo tsa go laola tsamaiso ya

kereke.

16. Go ile ga simolola ditatlhego dife tsa semowa morago ga Tlhabololo – thata mo

kgaolong ya ngwagakgolo wa bosomerobedi – mo Yuropa tse di ileng tsa

tsenenelela taolo ya kereke ?

16.1 Thuto ya Botho : Go godisa motho ka boene.

16.2 Thuto ya Boikakanyo: Go amogelwa fela dilo tse di kgonwang ke kakanyo ya motho.

16.3 Thuto ya Boikutlwelo: Tse di amiwang go tswa mo maikutlong a me fela.

16.4 Boikgololo: Boitaolo ba motho bo eme kwa pele.

17. Diteng tsa semowa tsa kereke tse di tlileng mo Aforika Borwa le Jan van

Riebeeck fa letsatsi la borataro le tlhola mo kgweding ya Moranang mo

ngwageng wa 1652 di ne di le dife ?

Kereke ya ntlha mo Aforika Borwa e ne e ipeile mo lefokong ka Modimo le mo

moweng wa Tlhabololo. Go ne go rutiwa diformoliri tsa bongwe mme tsa dirisiwa. Mo

dithapelong tsa ntlha go ne go rapelwa gore Modimo a tlhome Tlhabololo mo

lefatsheng le la rona. Go ne go rerwa le Katakesema ya Heidelberg. Bagogi le

batlhanka ba ne ba tshwanetse ba saene formoliri ya gore ba tla tsweletsa tumelo ya

Tlhabololo pele. Ditshebeletso mo dingwageng tse sometharo tsa ntlha di ne di

rulagantswe go tswa Telasising ya Amsterdam kwa Nederland.

18. Moruti wa ntlha kwa Kapa e ne e le mang ?

Moruti Johan van Arckel go tloga 18 tsa Phukwi 1665 go fitlhela Ferikgong1669, fa a

tlhokofala.

19. Go ne go na le dilo tse di neng di sa siama mo kerekeng mo ngwagengkgolo

wa somerobedi mo kerekeng?

Ka kereke e ne e golagantswe le Kereke ya kwa Nederland ka dithuto tsa teng go ne

go rena, Boikakanyo, Botho, Boikutlwelo, Boikgololo le Boitaolo mo kerekeng ya mo

gae.

20. Ke eng gape se se ileng sa busetsa kereke morago ?

Buka ya dikopelo tsa kwa Nederland le yone e ile ya simolola go dirisiwa go tloga

ngwageng wa 1814. Fa tlase ga taolo ya Maesemane morago ga 1806 go ne ga tla

baruti ba Maesemane le Masekotishe ba ba ileng ba gatela tumelo ya maikutlo. Mo

ngwageng wa 1824 Sinoto ya ntlha e dumetse go amogela dithulaganyo tsa 1806 tsa

Kereke ya Nederland ya Kgosi Willem 1.

21. “Madopore” e ne e le bomang pele ga 1859 ?

E ne e le setlhopha sa balemi ba ba neng ba sa fokelwa ke Boitaolo le Boikutlo mo

ditumelong tsa bone ka ba ne ba le kgakala le phokelo ya teng. Bone ba ne ba

tshwaretse mo Beibeleng, Dikwalo tsa Boipolelo ba Tumelo le boswa bo ba neng ba

na le bone ba Calvyn. Ba ne ba sa dumele mo Dikopelong tsa Efangedi le go tlogela

ga Melao ya Dordt mo tsamaisong ya kereke. Ba ne ba ikutlwa ba tseetswe efangedi

ya maitshwaro le tlhaolo go tswa mo loratong la Modimo ka boene. Setlhopha se

segolo sa badumedi sa “madopore” se ile sa tsamaya le bafudugi mo Khudugong e

kgolo ya lefsatshe la rona. Ba ya kwa Foreisitata le Natal

22. Moruti Dirk Postma o tlile jang mo Aforika Borwa ?

Re ka nna ra re ka letlhogonolo.Sinoto ya Diereke tsa Sekeresete tse di itlhaotseng

tsa Kereke ya Tlhabololo di ne di mo rometse go thusa go katisa baruti le barutabana

33

mo Teransefala. Bangongoregi mo kerekeng Ya Herforomo ba ne ba bone Postma o

tlile go ba thusa ka mo ba ne ba kopile mongwe go tswa kwa Nederland go ba thusa.

23. Go ile ga diragalang mo Kopanong ya Kakaretso ya Kereke ka 11 tsa Ferikgong

wa 1859 mo go neng go sekasekiwa bophelo ba ga moruti Dirk Postma ?

Fa a ne a botsolostwa o ne a re o amogela Beibele e le Lefoko la Modimo le

doformoliri tsa bongwe e le motheo wa bonnete. Gape o ile a neela le tlhaloso e e

tletseng ya kamano mo gare ga kereke le mmuso. Malebana le dikopelo o ne a tsere

tsela ya gore go opelwe fela dikopelo tse di theilweng mo lefokong la Modimo. Gape

o ne a re moruti mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le taolo go dira ka mokgwa

o phuthego ya gagwe e batlang ka teng.

Maemo a, a gagwe a ile a ganwa ke moruti Van der Hoff, ene o ne a batla gore go

opelwe dikopelo tsotlhe mo kerekeng. Postma o ne a sa dumelane le maemo a mme

ene le badumedi ba le 15 mo go bone go neng go na le Paul Kruger go tswa kwa

Tlhabane(Rustenburg) ba ile ba ikatosa le kereke ya Herforomo. Ke fa ba tlhoma

Kereke e e ipeileng mo Lefokong la Modimo, Dikwalo tsa boipolelo ba tumelo le

Taolo ya Kerele ya Melao ya Dordt.

24. Kereke ya Gereformeerde e ile ya tlhomiwa leng le fa kae ?

Fa tlase ga setlhare sa mogolelakwagodimo kwa Tlhabane (Rustenburg) fa go tlhola

letsatsi la bolesome mo kgweding ya Tlhakole ka ngwaga wa 1859. Batho ba ba

godileng ba palo ya 300 ba ineetse mo kerekeng e ka letsatsi leo.

25. Go tswa mo, Kereke ya Gereformeerde e ile ya gola ka tsela efe ?

Ka go ne go na le “Madopore” a le mantsi mo lefatsheng ka bophara ga simolola

diphuthego tse dingwe. Mo ngwageng wa 1859 go ne ga simolola diphuthego tsa

Pretoria, Waterberg, Lydenberg, Potchefstroom le Reddersburg mo Foreisitata. Mo

ngwageng wa 1860 go ne ga simolola diphuthego tas Burgersdorp, Middelburg(Kapa)

le Colesberg.

Sekolo sa baruti se ile sa tlhomiwa mo Burgersdorp ka ngwaga wa 1869. Ka ngwaga

wa 1905 sa fetisetswa kwa Potchefstroom. Mo go sone go tlile Yunibesiti ya Bokreste

ya Thuto e e Phagameng ya Potchefstroom.

26. Maitshwaro a tokololo ya Kereke ya Gereformeerde e tshwanetse ya ba eng le

ditokololo tsa dikereke tse dingwe ?

Mo go rona Modimo o batla gore re nne tirisanommogo le botlhe ba ba tlotlang

Modimo le Lefoko la One. Re rapele Modimo gore ka nako ya One a re tlisetse

bongwe ba tumelo mo gare ga dikereke gore go nne le tirisanommogo. Ka lerato le

tlotlo e bontshe batho ba ba fapogileng le tselsa gore ba dira diphoso. Re tshwanetse

ra itlhabolola ka nako tsotlhe gore re latele bonnete ba Lefoko la Modimo.

34

KGAOLO YA BOROBONG /9

TIRELO YA MOPHUTHEGO MO KEREKENG

1. BOPHELO BA GAGO BA TEBOGO MO KEREKENG (MMELE WA GA

KERESETE)

1.1 Ke goreng re phele ka bophelo ba tebogo fa pele ga Modimo ?

Baroma 6:13

Rona ka borona ga re kgone go phela bophelo ba tebogo fa pele ga Modimo. Go ya

ka Baroma 12:1, 2 (Melao ya Thuto ya Dordt 5:14) ke Modimo fela o o ka re thusang

go phela jaana. Ke Mowa o o Boitshepo o o phelang mo go rona mme o re fetola go

nna seriti sa Modimo (Katakesema ya kwa Heidelberg Karabo 86, Boipolelo ba

Tumelo ba Nederland Athikele 24).

Tebogo e re e lebise go Modimo ka gonne ke One o o re fang tsotlhe ka bontsi mme

rona jaanong re e fetisetse go bangwe ka rona. Go dira jaana go tswa mo Modimong.

(Katakesema ya Heidelberg Karabo 55)

Mo go Baroma 12:9-21 re rutiwa gore re dire jang.

Bagalata 5:22-23; Bakolose 3:12-17

2. GO FETISETSA TEBOGO YA GAGO KWA NTLE

Mo go Matheo 5:13 re bona gore boikarabelo ba rona bo feta phuthego e re leng mo

go yone. Ka re le letswai le lesedi la lefatshe re tshwanetse ra phela jaana gore

batho ba lemoge mokgwa o re phelang ka teng. Ka go dira jaana re tla kgona

go sokolola batho(Johane13:35)

Ka go direla ba bangwe molemo, (Petero 3:9) re ka kgona go nna dipaki tsa lerato la

Modimo, bopelotlhomogi ba One le kgalalelo ya One. (1Petero 2:12, 3:15)

Bakeresete ba tshwanetse ba itshware jaaka Keresete mme ba phele jaaka Ene. Re

tshwanetse ra itshwara jaaka baporofeta, baperisita le dikgosi (Katakesema ya

Heidelberg Karabo 12).

Baporofeta – Re ipuele ka ga Leina la One, mme re o bone Morena e le yo o

tsogileng yo a yang go tlhagelela mo marung kwa bofelong.

Baperisita – re iphe go One re le diphisego tsa tebogo (Baroma 12: 1,2).

Dikgosi – jaanong re kgona go laola gammogo le Keresete gore re tlhole sebe.

(Baroma 6:6, 11-13)

O ka dira eng ka dimpho tsa gago go direla : a) Modimo b) Mongwe ka wena c)

Ba ba latlhileng Modimo, go boela mo go Keresete le Kereke ya Gagwe ?

3. KAROLO YA MOLAO WA MODIMO MO MAPHELONG A RONA A TEBOGO.

Go ya ka Kgolagano ya Segologolo mo Beibeleng re tshwanetse ra salela Molao wa

Modimo morago mo dintlheng tsotlhe tsa one. Paulo o re bontsha gore ga re kgone

go diragatsa se Molao o se batlang. (Baroma 7:15, 16, 21) Morena Jesu o re golotse

mo molaong o mme a re neela bophelo bo bo sa feleng. Molao o santse o batlega

mme jaanong e le tsela ya go tlhagisa ditebogo tsa rona mo maphelong a rona.

4. MELAO E LESOME

4.1 Matseno a Molao

Kgololosego go tswa mo botlhankeng ba Egepeto (Ekesodu 20:1) ke motheo

malebana le lerato la Modimo. Ka a re golotse le mo botlhankeng ba dibe re

tshwanetse ra obamela Melao e lesome go bontsha tumelo ya rona.

35

Bophelo ba tumelo bo ka akaretswa mo dikarolong di le pedi:

Matheo 22:37-40 (ke dinopolo go tswa mo Doiterenomio 6:5; Lefitiko 19:18)

Lefoko “lerato” le tshwanetse la tsewa jang ? Lerato le, Modimo o batlang re le

tlhaloganye ke le le tswang mo go Rara (Johane 3: 16) Morwa (Johane 3:34) le

Mowa o o Boitshepo (Bagalata 5:22). Go akaretsa le lerato go baba ba rona (Matheo

5:43-48). Lerato le, gase la maikutlo fela ke lerato la ditiro (Matheo22:37-40).

Melao e lesome e aroganngwa ka dikarolo di le pedi (matlapa a le mabedi).

Ekesodu 20:2-11 = Melao 1-4 – kamano (lerato) le Modimo

Eks 20:12-17 = Melao 5-10 – kamano(lerato) le mongwe ka wena.

4.2 Molao wa ntlha

Ekesodu 20:3 – O se nne le medimo epe esele kwa ntle ga me.

Mokeresete ga a dumelwe go obamela Modimo o o seng wa mannete.

Mo molaong wa ntlha re bona gore Modimo ke o o itlhaotsweng. One ke Modimo a le

esi (Doiterenomio 6:4), ke Motlhodi, Motshegetsi, Molaodi, wa tsotlhe le botlhe.

(Katakesema ya Heidelberg 9,10). Modimo Rara, Mogolodi, le Mogomotsi ke One a

le mong wa rona. Bakeresete ga ba dumelwe go ka latela medimo e mengwe. Re

seka ra letlela medimo e mengwe go tsena mo dikakanyong tsa rona. Fa re dira

jaana re tlabo re ipopetse medimo ya diseto.

Mo go 1 Bakorinthe 10:19, 20 ke eng se se bidiwang medimo ya diseto ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 95 – ya re medimo ya diseto

ke efe ?

Mo mafatsheng a mangwe medimo ya diseto e santse e obamelwa. Mo ditšhabeng

tsa bophirima ba lefatshe batho ba teng ba ipopetse medimo e mengwe. Go na le ba

ba obamelang Satane, dilo tse di fitlhegileng, Mokgatlho wa botsha jalojalo. Satane

ka nako e o tlisa medimo e mesele mo go rona.jaaka: boithato, botso, boditšhaba,

bokapitalesi, botekenoloji, botho, bojalwa le tlholego (Doiterenomio18:10-13)

Modimo o mongwe wa seseto ke o, re o fang nako go feta Modimo. Fa re isthwenya

ka selo seo thata re itse gore re a leofa

Re ikobe jaaka ngwana fa pele ga Modimo. Malatsi otlhe re ithute go ka mo itse.

(Johane 17:3). Re mo tshepe (Jeremia 17:5-7). Re ikobe fa pele ga One

(Matheo10:37). Re diragatse thato ya One (Matheo 10:37, Luka 8:21). Re iitse gore

thuso ya rona e tswa kwa go One (Pesalome 37:5) Ke One o re abelang tswelelopele

le boitekanelo ba rona. Dimpho le dikabelo tsotlhe di tswa mo diatleng tsa One

(Jakobo 1:17).

Boipolelo ba Tumelo ba Nederland bo reng ka ga Modimo moabedi wa tsotlhe

Athikele 1?

Ee, re mo rate ka pelo yotlhe, mowa otlhe le ka dikakanyo tsotlhe tsa rona (Matheo

22:27). Re mo direle ka bojotlhe ba rona. Mo bokhutlong ba letsatsi re itse gore re ne

re mo direla. Matheo 6:33 o re: Re bone Modimo wa dimpho eseng dimpho tse a re

abelang tsone. Re seka ra mo latlha re tlhome matlho a rona mo go One.

4.3 Molao wa bobedi.

Ekesodu 20:4-6 – O seka wa itirela medimo ya diseto wa e obamela.

Modumedi a seke a obamela Modimo ka mo go sa tshwanelang.

Ka a le Modimo yo o itlhaotseng a sa bonale a le mowa ke ka moo re tshwanetseng

re mo obamele ka teng. (2 Bakorinthe 3:17,18) Fa re O dira modimo wa seseto, re

senya maatla a One, go nna gotlhe ga One le bogolo ba One. Modimo o boitshepo re

36

tshwanetse ra O tlotla.

Beibele e re ruta gore re bopilwe go latela setshwano sa One (Genesi 12:27).

Keresete ene ke setshwantsho se se tletseng sa Modimo (Bakolose1:15). O tlile mo

lefatsheng go re golola mo sebeng.

Johane a reng ka ga ba ba tshepang Modimo o o sa bonaleng ?

Re ithuta eng ka ga Modimo mo kgaolong ya bofelo ba molao o ?

Re obamele Modimo ka mokgwa ofe ?

Re ele dilo tse di latelang tlhoko. Re di dire ka tekano:

Re ithute mo lefokong la One.

1 Petero 1:19; 2 Timotheo 3:16, 17

Re kope thuso le tshedimosetso ka thapelo

Jesaya 45:20; Pesalome 69:14; Jesaya 30:19; Filemone 4:6

Re etelwe pele ke Mowa o o Boitshepo

Johane 16:13; Baroma 8:14

Re dire dilo tsotlhe re mo lebogile ka se One o re rutileng.

Matheo 7:21, 22; Luka 6:45-47

4.4 Molao wa boraro

Ekesodu 20:7 – O seka wa senya Leina la Modimo

Leina le go buiwang ka lone ke le O le ikgethetseng lone. (Ekesodu 3 :14)

Ke Leina lefe ? Setšhaba se ne sa le dirisa jang ? Bokao ba lone ke eng ?

Ga go buiwe ka Leina le lengwe fela. Go buiwa ka maina otlhe a One, seriti sa One,

botho ba One, ditiro tsa One le dimakatso tsa One. Ga go letlelelwe gore re senye

sengwe ka ga One. Fa o le dirisa mo go sa tshwaneleng go tshwana ekete o le ntsha

bokao ba lone.

Go diragetseng ka Monna yo a ileng a dirisa Leina la Modimo mo go sa

tshwanelang ? Lefitiko24:10-23.

Go ya ka Katakesema ya Heidelberg Karabo 100 ke eng se se tla diragaleng fa o

senya Leina la Modimo ?

Batho ba senya Leina la Modimo mo matlhakoreng a le mantsi mo bophelong. Dikao

di se kae ke: mo metlaeng, dipolotiking, jalojalo. Gantsi re khutsafatsa Maina mme re

a dirisa go gatela se rona re se batlang.

Mo go Matheo 12:31,32 go buiwa ka mokgwa o o masisi wa go senya Leina la

Modimo. Ke eng ?

4.5 Molao wa bonne ke eng ?

Ekesodu 20:8-11 – Gakologelwa letsatsi la Sabata o le itshepise.Dira ka malatsi a le

mararo mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa Modimo. O dire matsatsi a le marataro

mme ka la bosupa o ikhutse mo tirong ya gago.

Ke goreng re tsaya Sontaga e le letsatsi la boikhutso ?

Ekesodus 20:11; Doiterinomio 5:15; Ezekiele 20:12,20; Bahebera 4:9,10;

37

Katakesema ya Heidelberg Karabo 103 (mola wa bofelo)

Re tshwara letsatsi la rona la boikhutso (kereke) mo letsatsing la ntlha mo

bekeng fa Modimo One o ne o ikhuditse ka letsatsi la bosupa (Genesi 2:3).

Mabaka ke afe ? (Ditiro 20:7; 1 Bakorinthe 16:2; Tshenolo 1:10)?

Go diragale eng ka letsatsi la Sontaga ?

Bakolose 2:16, 17

Se se botlhokwa se re tshwanetseng ra se dira ka Sontaga ke eng ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 38

Temana ya Bahebera 10:25 e re ruta eng ?

Ke dire dilo tse nne dife fa ke ya Kerekeng ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 38

Ke seka ka dira tiro epe ka Sontaga ?

A, nka reka kuranta kgotsa ka tshemeka metshameko ka Sontga ?

Bahebera 12:1, 2

A ke tla itse jang gore ke tlogele dilo dife ? Tse nka di dirang ke dife?

Bagalata 5:16

4.6 Molao wa botlhano

Ekesodu 20:12 – Tlotla mmaago le rraago gore matsatsi a gago a nne a mantsi mo

lefatsheng le Modimo o tla le go nayang.

Motswedi wa taolo yotlhe ke Modimo (Baroma 13:1). – Motlhodi wa lefatshe,

motshegetsi wa lone le motlhokomedi wa lone. Mo go buiwa ka ga taolo e re leng fa

tlase ga yone. Go tsweng mo go yone go na le tshepiso. Taolo ya ntlha ke ya batsadi

le bana ba bone. Molao o akaretsa bophelo botlhe jaaka le mo kerekeng, mo tirong,

mothapi wa me le melao ya lefatshe le mmuso.(Timitheo1:2, 1 petero2:!3 Baroma

13). Batho botlhe ba ba nang le taolo ya go busa ba tlhomilwe ke Modimo mme taolo

e kgolo ke yone ya Modimo.

A go na le mo taolo e sa dire teng ( Baefeso5:21)

Matheo 10:37; Ditiro 5:29

Ke goreng o ikobe fa pele ga mmuso ?

Baroma 13:17

Re eme fa kae le mmuso o o seng wa sekeresete ?

Kereke e na le boikarabelo bofe go modumedi yo montšha ?

Baefeso 4:11-16

Ka re phela bophelo ba rona mo lefatsheng le le tletseng dibe re kaseka ra kgona go

phela ka kagisano kwa ntle ga melao le boitaolo. Ke ka moo Modimo a beileng molao

o le mongwe fela -- phela ka lerato go botlhe. Fa motho a ikoba fa tlase ga molao o

Modimo a o beileng go bontsha gore o phela ka lerato. Baeteledipele ba mannete ga

38

a beye taolo ya bone mo kgatelelong le mo dikgalemelong. Ba thusa balatedi ba

bone ka lerato. Mo gare ga batho go tshwanetse ga rena taolo e ya lerato ya

Modimo.

4.7 Molao wa borataro

Ekesodu 20:13 – O seka wa bolaya.

Modimo ke One o go neileng bophelo. Ke One fela o o ka bo tsayang gape. Ka

motho a bopilwe ka setshwano sa Modimo (Genesi 9:6) ene ke morwedi wa seriti sa

Modimo a se ke a bolawa.(Genesi 1:26,27) .

Tshwanelo ya go ka bolaya motho, Modimo o e beile mo diatleng tsa mmuso fa go

bolaiwa motho yo mongwe (Baroma 13:40. Katakesema ya Heidelberg Karabo 105).

Maphelo a baagi ba mmuso a tshwanetse go siriletswa.

Re seka ra tseela batho ba bangwe botho jwa bone ka ditiro tsa rona. Se se dirwa ka

go ba tlhoa le go bua maswe ka ga bone.

A mafoko a gago a kgona go bolaya motho ?

Matheo 5:21-22; 1 Johane 3:15, 20

Tshenyegelo e ka nna molao naa ?

A motho a ka bolawa go mo golola?

A nka tsenela ntwa ya lefatshe kgotsa ya mokgatlho wa kgololosego ?

A ke dumelwa go ka bolaya motho ka a mpolaetse mongwe ?

A nka ithekela tlhobolo go iphemela ?

Ga tweng ka go ipolaya (1 Bakorinthe 3:17)? ( Go ipolaya le go ipaya mo

kotsing go farologane jang ? )

Go tshwanetse ga diragala eng ? Molao o wa borataro re ka o phela jang ?

Matheo 5:44

Lerato go mongwe ka wena le botlhokwa. Re ka le dirafatsa mo matlhakoreng a

le mararo.

Diane 19:8; Baefeso 5:28; Matheo 7:12; 22:39

4.8 Molao wa bosupa

Ekesodu 20:14 – O seka wa akafala

Go buiwa ka bong ba rona. Bong ba rona bo laolwa ke kamano e re e nang le

Modimo. Ka e le Modimo yo o tlhomileng lenyalo (Genesi2:18, 21-24) le tlhola le

bapisiwa le kamano e re nang le yone le Modimo. Lenyalo ke kamano e e boitshepo.

(Baefeso 5:32). O tlhomile lenyalo ka mabaka a a latelang:

1. Genesi 1:28 – Go atafala mo lefatsheng

2. Genesi 2:18 – Gore motho a seka a tlhola a dula a le esi.

3. Sefela sa difela1:2-4 – Re nnele boitumelo mo lenyalong

4. 1 Kor 7:2 – Go re femela mo go akafaleng

Katakesema e bua ka tlhamalalo ka go itshwara sentle mo lenyalong.

Go tewa eng fa o sa itshware sentle mo lenyalong ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 108

Go akafala go akaretsa eng ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 109

39

Motho wa segompieno ga a batle go dumela mo lenyalong. Mo ditheeveeng le mo

metskamekong go akafala gase sebe. Modimo ga a batle thobalano pele ga lenyalo

le mo teng ga lone. Mo go rona re seka ra letlela go akafala le thobalano.

Mo go Doiteronomio go buiwa ka ga mabaka a le mantsi a boakafadi le thobalano.

Ga go letlelelwe le thobalano le motho wa mong wa gago.(Baroma 1:26,27; 1

Bakorinthe 6:9)

Re reetse Paulo fa a re mmele wa motho ke tempele ya modimo le wa Mowa o o

Boitshepo. Re seka ra ra abela mebele ya rona go monna yo mongwe kgotsa mosadi

yo mongwe. Re tlhokomele mebele ya rona jaaka Morena Jesu o ne a tlhokomela

Tempele.

Boleele ba lenyalo ?

1 Korinthe 7:39

Go tle go diragale gore lenyalo le thubege. Moše ene a reng ?

Matheo 19:7 Ka goreng ? Matheo 19:8

Jesu a reng ka go tlhalana?

Matheo 5:28; 19:9

A go phela mmogo kwa ntle ga lenyalo go siame ?

1 Kor 7:36

4.9 Molao wa borobedi

Ekesodu 20:15 – O seka wa utswa

Mo go buiwa ka ga kamano ya rona le dithoto tsa rona. Dithoto tsa rona ke mpho go

tswa Modimong (1 Bakorinthe 29:12). One ke mong wa tsone (Pesalome 24 :1). Fa re

tseela batho dithoto tsa bone re di utswa mo Modimong.

Re dirise thoto ya rona ka tsela efe ?

Luka 16:10, 12

Ga go buiwe ka go utswa fela. Bala Katakesema ya Heidelberg Karabo ya 42. Re

seka ra nna le mekgwanyana ya go utswa, bokebekwa, go ikhumisa le botlhokotsebe

bo bongwe jaaka go tseela batho ba bangwe madi a bone, go sa ba duele ka

tshwanelo, go sa dire jaaka go batlega. Go seka ga nna le go senya madi le go dira

dilo go feta tekano.

Ka re le baamogedi ba dilo tsotlhe go tswa mo Modimong re di dirise ka tlhokomelo.

Re dire, re be re kgone go ka thusa le ba bangwe. (Baefeso 4:2)

Fa re dira ka boineelo, kumo e tla tswelela, bodidi bo tla fokotsega, tsotlhe malebana

le tiro le madi di tla siama fa re le boikarabelo mo go atameleng se re se neilweng ke

Modimo. Mo bophelong ga go batlege gore re bone madi le tswelelopele fela. (Luka

12:20) Bala mo ka ga modiri yo o mafolofolo. (Luka 12:13-48)

4.10 Molao wa borobong

Ekesodu 20:16 – O seka wa bua maaka ka mongwe ka wena.

Nnete ke e nngwe ya dilo tse Modimo a itsegeng ka tsone.

O rata bonnete. O batla le rona re nne le kgatlhego mo bonneteng.

Re itse jang go latela bonnete bofe ?

40

Johane 14:6; 17:17

Ke Mowa o o boitshepo o o re etelang pele mo bonneteng (Johane 16:13). One o re

laela gore re phele ka bonnete go Modimo le mongwe ka rona ( Bagalata 2:5,14).

Potso jaanong ke gore: Re etelwa pele jang ke Mowa o o Boitshepo ?

2 Timotheo 3:14-17

Re ithuta ka ga Satane a le (Johane8:44 go latela Genesi 3:4,5

Re itse gore o ya go felela fa kae gammogo le baaki ba bangwe

Tshenolo 21:8

Re ithuta eng mo go Baefeso 4:25?

Re seka ra bua maswe ka ga ba bangwe le go ba seba (Matheo 7:1, 2, 35). Ke ka

moo re eleng tlhoko gore Jakobo o re kwalela eng ka ga tiriso ya leleme.

Jakobo 3:6

Re ineela jang fa re ipolela tumelo ya rona, mo ditsholofetsong tsa kolobetso, go

tsenela mo lenyalong le fa re tlhomiwa go nna badiri mo phuthegong ?

Naganela dintlha tse me o ntshe maikutlo a gago mo go latelang:

A dikuranta di ka nna tsa fitlha bonnete, tsa bo fetola kgotsa tsa bo tlhagisa ka

mokgwa o o feteletseng ? Baatlhodi ba atlhole jang ? A le rona re bofiwa ke go bua

bonnete fela ? Mo makwalong a bopaki ke bue maaka? Ke dira jang fa ke tlatsa

doforomo tsa motšhelo ? Kwa bofelong re itse gore bonnete bo a re golola. (Johane

8:32, Ekesodu 1:19, Josua 2:5)

4.11 Molao wa bolesome

Eks 20:18 – “ O seka wa lakatsa ntlo ya mongwe ka wena. O seka wa lakatsa mosadi

wa mongwe ka wena, eseng lelata la gagwe, kgomo ya gagwe, kgotsa esele Ya

gagwe kgotsa sengwe se e leng sa gagwe.”

Go tlola ga Melao e Lesome go simolola fa kae ?

Jakobo 1:14, 15; Baroma 7:7

Boleng ba molao wa bolesome ke dikakanyo tsa rona jaaka go batla go feta

tekano, letlhoo le lefufa. Katakesema ya Heidelberg e bua jang ka ga Molao wa

Bolesome ?

Motswedi wa dilo tse di sa siameng tse motho a di dirang di tswa mo

kakanyong le mo pelong ya gagwe.

Diane 4:23

Go simolotse fa kae gore Modimo o leleke Atama le Efa mo parateising ?

Genesi 3:7

Fa Ekesodu 20:18 e bua ka ga go tlhologela matlo, basadi, diphologolo le dithoto

rona re go okeletsa ka tse dingwe jaaka madi, maatla, kitso, thobalano le

metshameko.

Go santse go na le dilo dife ? Re phele jang go ka salela Melao ya modimo

morago ?

Bagalata 5:16-18

41

Gase gore dikakanyo tsotlhe le ditlhologelo tsotlhe tsa rona e le sebe. Re ka nna ra

tlhologela go ka dira dilo tse di siameng, go se leofe, go se batle tsa batho ba

bangwe le go ka nna jaaka Modimo. Fa ditlhologelo tsa rona di senyetsa mongwe ka

rona kgotsa Modimo, re di tlogele.

Paulo o re ruta eng mo go Filipi 4:6?

Jesu o ne a fetsa ditlaleo tsa Satane ka tsela efe ? Matheo 4

Ditlhologelo tse di leng bosula di gatelwa ka boitaolo.

Bagalata 5:22; 1 Petero 2:16

Molao wa bolesome o thibela gore dikakanyo/diteng tsa motho di seka tsa atamela

sebe.. Re ele tlhoko gore re itshwenye fela ka dilo tse di bopang dikakanyo tsa rona.

Go ya ka Diane 4 :23 re tlhokomele tse dipelo tsa rona di di tlhologelang.

A, Melao e Lesome e ne lesedi go re kaela mo ditseleng tsa maphelo a rona.

Sefela 12:1

Re a go boka Morena

Re ntse re thabela Wena

Re sa phela ga monate

Ka pabalo ya hao Ntate

42

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!