22.06.2013 Views

Brochure - DWA Home Page

Brochure - DWA Home Page

Brochure - DWA Home Page

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

tla dirwa ka dikgato mme go tsenngwa tirisong go tlile go simolola ka

dithulaganyo tsa Olifants, Olifants-Doorn le Vaal ka 2010. Morago ga

moo, DWA le tla tswelela go tlhaola metswedi ya metsi a a botlhokwa

mo madutelong a mangwe.

Ke mang yo o tshwanetseng go tsenya tirisong?

Lefapha la Merero ya Metsi ka Bokaedi: Tlhaolo ya Metswedi ya

Metsi, le rwele maikarabelo a go netefatsa gore WRCS e tsenngwa

tirisong le gore Ditlhopha tsa Taolo di rekotiwa ka tshwanelo;

Ditlamorago tsa thulaganyo ya tlhaolo di tlamela balaodi ba motswedi

wa metsi ka dintlha tse di rileng tse di tshwanetseng go fitlhelelwa ka

go samagana le seabe se se amanngwang le ditiragalo tse di farologaneng

tsa tiriso ya metsi mo bodutelong. Fa MC e sena go tlhomamisiwa,

ke maikarabelo a badirisi botlhe ba metsi go laola seabe sa tiriso sa

bona ya metsi ka go ikobela maemo a thebolo ya metsi go fitlhelela

ditlhokego tsa MC;

Badirisi ba metsi ba tla lemoga jang se se

diragalang?

Ikamanyo e e matlafaditsweng le bannaleseabe e tla dirwa mo kgatong

nngwe le nngwe ya tiragatso e.

Tiragatso ya tlhaolo e amana jang le maiteko a

mangwe a a setseng a diragala mo Lefapheng?

Tiragatso ya tlhaolo ga e dirwe e le esi e sa tsee tsia maiteko a mangwe

a a setseng a dirwa, fela e momagantswe sentle mo tshireletsong,

tlhabololong le tirisong ya thulaganyo ya motswedi wa metsi.

Maemo a ga jaana a leano la go tsenya tirisong

thulaganyo ya tlhaolo a jang?

Go tlhongwa ga WRCS go bakile Melawana ya go Tlhongwa ga

Thulaganyo ya Tlhaolo ya Motswedi wa Metsi, e e phasaladitsweng

jaaka Molawana 810 go Kasete ya Puso 33541 ya letlha 17 Lwetse 2010.

Phasalatso ya Melawana e e tla tlhola go tlhongwa ga WRCS ya

bodutelo jo bo tlangpele.

TSHIRELETSO YA METSWEDI YA METSI

Setshwantsho se se supa tiragatso ya go tlhaola motswedi wa metsi

jaaka kgato ya ntlha mo go tshegetseng tshireletso ya motswedi

wa metsi kgatlhanong le tiriso ya ona mo teng ga Letlhomeso le le

Momaganeng la Taolo ya Motswedi wa Metsi.

Dikgato tse tsepamisitsweng metsweding

Ponelopele ya

motswedi

Tlhotlhomiso

Ela tlhoko

maemo a

motswedi

Tlhoma

sehlopha sa

motswedi

Tlhotlhomisa gore

tiriso e tsepame

Neelana ka

laesense ya go

dirisa metsi

Tlhoma Risefe

Tshekatsheko ya

kopo ya

laesense ya go

dirisa metsi

Kelotlhoko

kgatlhanong

le ditlhokego

tsa Risefe

Tlhoma

maikaelelo a

boleng jwa

motswedi

Tlhomamisa

metswedi e ka

ananelwang

Thala leano la

kananelo

Kopo ya laesense ya

go dirisa metsi

Taolo ye tsepamisitsweng tlholegong ya phetosa-seemo sa tlhago sa

motswedi

TSHEDIMOSETSO E NNGWE

Go bona tshedimosetso e nngwe, golagana le Mme Tovhowani

Nyamande kgotsa Mme Shane Naidoo mo dinomorong tse di latelang:

012 336 7521 kgotsa 012 336 6707, kgotsa imeili: nyamandet@dwa.

gov.za kgotsa naidooshane@dwa.gov.za

GO TSENNGWA TIRISONG GA

TSAMAISO YA GO TLHAOLWA GA

METSWEDI YA METSI

Toll Free 0800 200 200

www.dwa.gov.za

Lemorago / Matseno

Go lemogilwe gore metswedi mengwe ya metsi ka ntlha ya botlhokwa

jwa yona go tsa ekholoji e ka tlhoka maemo a a kwa godimo a

tshireletso, fa metswedi mengwe ya metsi e tla tlamela ditlhoko tsa

naga tsa tlhabololo le ikonomi. Go ya ka tlhokego ya Molaotheo wa

tlhabololo e e tswelelang, metswedi yotlhe ya metsi e tshwanetse go

tswelela go dira. Kgaolo 3 ya Molao wa Bosetšhaba wa Metsi (National

Water Act, 1998) (Molao 36 wa 1998), “NWA”, e diretswe tshireletso

e e botlalo ya metswedi ya metsi mme e tlamela le ka motseletsele wa

metswedi ya metsi e e kobiseditsweng go fitlhelela tshireletso eo jaaka

go tlhaolwa ga metswedi ya metsi. Go tsibogela se, Lefapha la Merero

ya Metsi le tlhomile Tsamaiso ya go Tlhaolwa ga Metswedi ya Metsi

(WRCS) e e laetsweng ka tlhomamo ke Melawana malebana le karolo

12(1) ya NWA. WRCS ke tsamaiso ya dikgato e mo go yona metswedi

ya metsi e farologanngwang go ya ka ditlhopha tse di rileng tse di supang

ponelopele ya boeteledipele ya bodutiso ka go tsaya tsia maemo a

ga jaana a ditlabelo tsa metsi le go tlhalosa dintlha tsa ekholoji, loago

le ikonomi tse di ikaegileng mo motsweding oo. Ka jalo, go tsenngwa

tirisong ga WRCS go tlhoka gore go tseye tsia tebego ya loago, ikonomi

le tikologo mo bodutisong gore go sekasekwe ditshenyegelo le dipoelo

tse di amanang le tiriso kgatlhanong le tshireletso ya motswedi wa

metsi.

WRCS e tlhalosa ditlhopha tse tharo tsa metswedi ya metsi, e supa go

simolola ka metswedi e e tla dirisiwang go se nene go ya go metswedi

e e dirisiwang thata ka go ela tlhoko ditlhoko tsa loago le ikonomi

tsa ba ba ikaegileng ka metswedi eo ya metsi. WRCS ke karolo ya

mefuta e e anameng ya ditsereganyo tse di kobiseditsweng motswedi

ka maitlhomo a go tlisa tekano fa gare ga tiriso le tshireletso ya

metswedi ya metsi. Ka jalo go tlhaolwa ga metswedi ya metsi go supa

kgato ya ntlha mo tsamaisong ya tshireletso mme se se tla thusa mo go

sekasekeng bontsi le boleng jwa metsi a a tlhokegang gore tikologo e

dire sentle ga mmogo le go tsweletsa tiragalo ya ikonomi e e ikaegileng

ka motswedi wa metsi o o rileng.

Metswedi ya metsi e tshwanetse go tlhaolwa ka

sengwe sa ditlhopha tse di latelang:

• Setlhopha I ke motswedi wa metsi o o dirisiwang go le gonnye

e bile maemo ka kakaretso a ekholoji ya motswedi oo wa

metsi a fetotswe go le gonnye go tswa kwa maemong a ona a

pele ga tlhabololo

• Setlhopha II ke motswedi wa metsi o o dirisiwang ka tsela e e

magareng e bile maemo ka kakaretso a ekholoji ya motswedi

oo wa metsi a fetotswe ka tsela e e magareng go tswa kwa

maemong a ona a pele ga tlhabololo

• Setlhopha III ke motswedi waMotswedi wa metsiMotswedi

wa metsi o o dirisiwang thata e bile maemo ka kakaretso a

ekholoji ya motswedi oo wa metsi a fetotswe thata go tswa kwa

maemong a ona a pele ga tlhabololo

Mokgwa wa go supa setlhopha sa motswedi wa

metsi:

1. Tlhagisa diyuniti tsa tshekatsheko mme o tlhalose maemo a ga

jaana a motswedi oo wa metsi;

2. Golaganya boleng le maemo a ikonomi ya loago le ekholoji ya

motswedi wa metsi;

3. Lekanya ditlhoko tsa ekholoji tsa metsi le diphetogo mo dithotong

tsa tikologo tse e seng tsa metsi, ditirelo le diponagalo;

4. Tlhomamisa serulaganyetso sa maemo a ekholoji se se tswelelang;

5. Tlhatlhoba serulaganyetso go ya ka tiragatso ya IWRM;

6. Tlhatlhoba serulaganyetso le bannaleseabe;

7. Rekota thulaganyo ya setlhopha

DIPOTSO TSE DI BODIWANG KA GALE

Tsamaiso ya go Tlhaolwa ga Motswedi wa

Metsi (WRCS) ke eng?

• Setlhopha sa mekgwa, e e beilweng ka tlhomamo ka Melawana,

go tlhomamisa Ditlhopha tse di farologaneng tsa metswedi ya

metsi, mme di bidiwa Ditlhopha tsa Taolo ka tlwaelo (MC).

• Go tlhomamisa MC, WRCS e baya setlhopha sa mekgwa e e

tlhaotsweng ka dikgato tse supa tse e reng fa di dirisiwa mo

bodutisong jo bo rileng, di tla thusa mo tiragatsong ya go tsweletsa

tshegetso magareng ga go sireletsa metswedi ya metsi ya

rona le go a dirisa go fitlhelela maitlhomo a ikonomi le a loago.

Ditlamorago tsa bofelo tsa tiragatso ya go tlhaola ke setlhopha

sa dipharologantsho tsa metswedi ya metsi mengwe le mengwe

mo bodutelong jo bo rileng.

• Dikgato tse 7 tsa mekgwa ya go tlhaola di tlhagelela mo

ditlankaneng tse di maleba tsa kaelo ya setegeniki tse di ka

bonwang mo go:

http://www.dwa.gov.za/Documents/Policies/WRPP/default.

htm

Goreng re tlhoka go tlhaola metswedi ya metsi?

Go tlhomamisiwa ga setlhopha sa motswedi wa metsi ke kgato ya ntlha

mo tiragatsong ya tshireletso.

Setlhopha sa Taolo ke eng?

Setlhopha sa Taolo, se se tlogang go tiriso e nnye go ya go tiriso e

kgolo, se tlhalosa maemo a a tlhokegang a motswedi, le gore a ka

dirisiwa go fitlha kae.

Tiragatso ya tlhaolo e tla akaretsa eng?

Tiragatso e simolola ka go dirisa WRCS go tlhalosa maemo a ga jaana

a motswedi wa metsi (kgotsa karolo ya ona) go ya ka dielemente tsa

ekholoji le thutabotshelo. Go nna le tiragatso ya ditherisano e mo go

yona tsamaiso ya tlhaolo e dirisiwang go lebilwe dintlha tsotlhe tse e

leng ekholoji, loago le ikonomi, go tlhalosa maemo a a solofelwang a

isago.

Ditlamorago tsa tiragatso ya tlhaolo ke dife?

Ditlhopha tsa Taolo, E KA NNA Setlhopha I, II, kgotsa III

Risefe

Maitlhomo a Boleng jwa Motswedi (RQO’s)

Momagano magareng ga Dirisefe le diRQO ke eng?

MC ya motswedi wa metsi e tlhoma melelwane ya mothamo,

phasalatso le boleng jwa Risefe le diRQO mme ka jalo di kaela

tlhomamiso ya karolo e e ka rebolwang ya motswedi wa metsi go

ka dirisiwa. DiRQO ke sete ya maitlhomo ka botlalo le ka tiriso

ya dinomoro a a tlhalosiwang go motswedi mongwe le mongwe.

Go tla diragala eng ka Dirisefe tsa Teko tse di leng

teng?

Di nna di le teng go fitlha di emisiwa ka rekoto ya MC, Risefe le diRQO

tsa motswedi wa metsi oo (kgotsa karolo ya ona).

WRCS e tla tsenngwa tirisong leng?

DWA e ntse e tsweletse ka maiteko a go tlhaola metswedi ya metsi

go fitlha ga jaana. Go tsenngwa tirisong ga WRCS, jaaka go beilwe ke

Melawana wa go tlhoma Tsamaiso ya go Tlhaola Metswedi ya Metsi, go

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!