23.07.2013 Views

wt1333130616 n Tr 3

wt1333130616 n Tr 3

wt1333130616 n Tr 3

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

ntse re na le tsholofetso ya bogologolo, fa Mesia a tla yo o ikaeletseng go

pholosa ba ba latlhegileng. Kwa a buang teng a re: Ke Morwa motho o ne a

gatelela gore bosaitsiweng jo jo bo sa tlhalogangweng jo re bo senolelwang bo

raya ene yo o se nang tshimologo, le e seng bokhutlo, a tsalwa gore e nne

motho, a nne mongwe wa rona, e nne Morwa Rraetsho tota. Jaaka wena le nna,

a tsalwa ke mmaagwe, a gola, a ja, a nwa, a robala, a dira, a lela, e le motho, e

seng tsala fela, mme le morwa-Rraetsho.

Kgorogo ya ga Morwa-Rraetsho e naya tsholofelo. Go tshwana fela le mo go

bomorwa-Rraabo Josefa kwa Egepeto, ba ba neng ba tshaba, ka ba mo

rekisitse, ba mo dira motlhanka, ba gopola gore o sule, Mme Josefa a ba raya, a

re: “Ke nna Josefa. ... A lo ko lo nkatamele.” Ga feta ka pele poifo le pelalelo mo

dipelong tsa bomorwa-rraabo. A ga go re itumedise, fa Jesu a ikopanya le rona,

a re bolelela gore ke ene Morwa-Motho, ka jalo e le Morwa-Rraetsho? Molaetsa o

ke o o siameng o o reng: Modimo ke Morwa-Rraetsho jaanong.

Mo Lefokong la thero ya kajeno re bolelelwa gore “Morwa-Motho o tsile go batla

le go pholosa se se latlhegileng.” Ba ba latlhegileng ke bomang? Ke bana le

ditlogolo tsa ga Atame, Jesu a tlela bone, ke bone ba ba latlhegileng. Ke bafe

bana bao? Ke bakgethisi, batsietsi, ke boSakeo, diaka, jaaka mme yole wa

Mosamaria, babolayi jaaka Dafita, bakopi le difofu jaaka Baratimeo. Jesu a tlela

dinokwane jaaka sele se se neng sa bapolelwa le ene mo sefapaanong. Re ka

tshwaya fano le maleo a batho ba ba mo lefatsheng la rona ba ba umakiwang

mo go kalo mo dikuranteng, e bong babeteledi, bakabeledi, le ba dikeletso tsa

thobalano, le ba ba umakiwang mo lokwalong lwa Baroma 1:26-27 ka gore “Ka

ntlha ya moo Modimo o ba neeletse mo dikeletsong tse di tlhabisang ditlhong;

gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetotse o e seng wa

tlholego. Fela jalo le banna ba tlogela go dira le mosadi ka fa mokgweng wa

tlholego, ba tukelana ka dikgatlhego tsa bone, banna ba dira matlhabisa-ditlhong

le banna ba bangwe, ba amogela tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone mo go

bona ka bosi.” Mo malatsing ana re buisa tse dintsi mo makwalongdikgang ka ga

tseo. Go na le tse di tshwenyang. Bangwe ba re: Ba patelediwa, ke raya, fa go

nyadiwa kereke ka gore e kgetholola ba thobalano ya bong bo le bongwe. Tse

16. 06. 2013 / ka Sontaga wa 03 morago ga moletlo wa Borarobongongwe - 3 - 33/2013

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!