23.07.2013 Views

wt1333130616 n Tr 3

wt1333130616 n Tr 3

wt1333130616 n Tr 3

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

tsotlhe tseo ga di farologane le tse Paulo a di re bolelelang mo lokwalong lwa

Baroma, fa Jesu a tletse botlhe, gonne o tletse ba ba latlhegileng, a tlela le nna,

le wena. Ke ona molaetsa o o siameng mo go rona.

Go a hutsafatsa tota, fa ba bantsi ba sa lemoge gore ba latlhegile, le gore ba

tlhoka Mopholosi. Ke bofofu jo bo botlhoko thata, ke botlhoko, gonne bo supa

tlhokego ya tumelo. Yo o sa dumeleng ga a ka ke a nna mo Modimong. Ba ba sa

dumeleng ba a itsietsa, ba re: Ga ba tlhoke Modimo le pholoso ya ona. Ga ba

ipolele, fa ba latlhegile. Ga ba rate, le e seng go batliwa mo timelong ya bone.

Ka moo ba tla nna e le balatlhegi ka metlha. Ba gana Mopholosi yo ba mo

rometsweng. Ka moo ba tla atlholwa ke Mopholosi yo ba mo itatolang, ba

latlhwe go se tlhole go le phatlha go batliwa gape. Jaanong phatlha e sa le teng.

Ka bopelotlhomogi jwa Modimo go sa ntse go ka diragala gore ba amogelwe ke

ene, fa ba tlhabologa, ba hutsafalela maleo, ba amogela Mopholosi. Ke fa

Modimo o tla ba itshwarela maleo ao a bone ka ntlha ya ga Jesu yo o sa lapeng

go batla ba ba latlhegileng. Go na le ba bangwe ba ba gopolang gore ba

latlhegile mo go kalo, fa ba sa ka ke ba batliwa mo tatlhegong ya bone. Ka moo

ba mo kotsing e kgolo, ba se na tsholofelo, fa Jesu a ka tla le mo go bone. Ga

go na motho yo o sa ka keng a batlwa ke Jesu mo tatlhegong ya gagwe. Jaaka

Jesu a amogetse Sakeo mo tatlhegong le mo maleong a gagwe, Jesu o ka batla,

le fa e le mang, le rona o ka re batla, le fa re le fa kae, a re ka molomo wa ga

Jeremia: “‘A motho o ka iphitlha mo maiphitlhong, ke sa mmone?’ go botsa

MORENA. ‘A ga se nna ke leng gongwe le gongwe mo legodimong le mo

lefatsheng?’” Ga go na ope yo o sa ka keng a batlwa ke leitlho le le bophara la

Modimo. Jesu o tla go bona, e le Modimo o o gongwe le gongwe. Ke ona Modiri

wa digakgamatso, Mong-wa-thata-yotlhe. O gorogetse mo lefatsheng gore a

batle botlhe ba ba latlhegileng. Ga go na pharologanyo fa gare ga yo o

latlhegileng go le gonnye, gongwe yo o latlhegang ka nakonngwe: “Botlhe ba

leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo.” Jesu o tlile mo go ba ba latlhegileng,

ba ba se nang tsholofelo, ba ba tlhokang fela Morwa-Motho, bopelotlhomogi jwa

gagwe, le thata ya gagwe go ba batla.

16. 06. 2013 / ka Sontaga wa 03 morago ga moletlo wa Borarobongongwe - 4 - 33/2013

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!