23.07.2013 Views

wt1333130616 n Tr 3

wt1333130616 n Tr 3

wt1333130616 n Tr 3

SHOW MORE
SHOW LESS

You also want an ePaper? Increase the reach of your titles

YUMPU automatically turns print PDFs into web optimized ePapers that Google loves.

Ka moo, fa o gopola gore maleo a gago a bosula go feta tekano, o tshwanetse

go itse gore ga a kitla a gaisa madi a ga Jesu a a botlhokwa, a o a

tshologeletsweng. Fa o gopola gore o setse o tlodile molao wa Morena thata-

thata fela, o tshwanetse go itse gore ga o ka wa o tlole, le e seng go latlhega

mo go kalo gore Modisa yo o molemo a palelwe go go batla kwa o leng teng. A

tla gore ka leitlho la gagwe la Bomodimo a bone motlhala wa gago, le go go sala

morago gore Morena a go bone, a go busetse, o gorosiwe mo go Rara, o

pholosiwe.

Rotlhe re na le dithaba le dikgwa kwa re neng ra fapogeletseng teng. Re leofile mo go

maswe, re mo botennye jo bo lefifi, re meditswe mo maleong a rona, mo go kalo gore

re gopole gore ga re ka ke ra tlhola re kgona go thusiwa ke Jesu. Ke gona re

tsoselediwang kajeno ka mafoko a Morena a a reng: “Ke tshwanetse go tlhola mo

ntlong ya gago kajeno. Kajeno pholoso e dirafaletse ntlo ya gago, gonne Morwa-Motho

o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng.”

Jesu ga a ka a fologa fela mo setulong sa kgalalelo ya ga Rraagwe go itseela kemo ya

motho, a tshele mo lefatsheng leno la baleofi, o tlile gore e nne setlhabelo sa moleofi

mongwe le mongwe gore a mo emele mo katlholong ya ga Rraagwe. Fa ba ne ba

mmapolela mo sefapaanong o bapotswe mo boemong jwa rona, a tlhajwa gore madi a

gagwe a tshololwe ka ntlha ya maleo a a dirilweng ke rona. Fa a ne a swa, a re swela

mo boemong jwa rona. Lorato lwa gagwe ke lo logolo mo go kalo gore a nne a tswelele

go batla ba ba latlhegileng. O rata go ba busetsa mo go Rara yo o sa rateng gore go

swe moleofi, mme o rata gore botlhe ba tle mo tlhabologong. Ke gona Jesu o sa ntseng

a re bitsa ka lorato lo logolo gore re tswe mo sekgweng, a re: “Tlaang kwano go nna

lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa.” Le rona, ba re leng

phuthego ya gagwe, re sa ntse re laleletsa batho go Jesu, Morwa-Motho, yo o neng a

tla go batla le go pholosa se se latlhegileng. A tlotlo e nne go ene jaanong le ka

bosakhutleng. Amen.

9. Thapelo: Morena Jesu Keresete, re a leboga, ka o ne wa sikara melato ya rona.

Re lebogela lorato lwa go re rata, le go re femela mo bosuleng. Re a kopa gore

o re itshwarele, ka re sa rate ka botlalo, le e seng go ikgaoganya le bosula, ka re

16. 06. 2013 / ka Sontaga wa 03 morago ga moletlo wa Borarobongongwe - 5 - 33/2013

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!