24.05.2015 Views

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

SHOW MORE
SHOW LESS

You also want an ePaper? Increase the reach of your titles

YUMPU automatically turns print PDFs into web optimized ePapers that Google loves.

Jaaaka ke bona fa pele ga matlho a me borotho bo ngathiwa mme weine e tshelwa

ke itse ka bonnetegore Keresete o ile a dirwa phisego ya dibe tsa me go nkgolola mo

go tsone. Mowa o o Boitshepo o mo dira karolo ya bophelo ba me.

5.4.2 A, selalelo ke segopotso fela sa se se kileng sa diragala ?

Matheo 26:29

5.4.3 Go ipaakanyetsa selalelo go na le dikarolo dife ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 81; 1 Bakorinthe 11:28

Formoliri ya Selalelo:

“Sa ntlha: mongwe le mongwe o tshwanetse a inaganele sebe sa gagwe le thogako

ya gagwe gore a ipobole fa pele ga Modimo ka gonne kgalefo ya Modimo malebana le

sebe e gakalo gore a sa kgone go se tlogela mme a se fetisetsa go Morwa wa One yo

o rategang Jesu Kresete ka loso lo lo botlhoko mo sefapanong.

Sa bobedi : Mongwe le mongwe a batlisise pelo ya gagwe gore a ruri o dumela

ditshepiso tsa Modimo gore dibe tsotlhe tsa gagwe di mo itshwaretswe ka pogiso le

loso lwa Jesu le gore o abetswe tshiamo ya ga Jesu Kresete ka botlalo go nna sa

gagwe. Gakalo ekete ke ene yo o dueletseng dibe tsa gagwe.

Sa boraro: Mongwe le mongwe a batlisise segakolodi sa gagwe gore o ikaeletse go

tloga jaanong o tla bontsha boitumelo mme a phele sentle fa pele ga Modimo, a

tlogele bobaba botlhe, letlhoo lotlhe le lefufa mme go tloga jaanong a phele ka

kutlwano le bongwe le mongwe ka ene.

”Selalelo se rulagantswe bomang ?”

“ Ba ba kgopegilweng ke dibe tsa bone mme ba na le tshepo ya gore melato ya bone

e tla tshwarelwa ke Keresete, le bokoa bo bo santseng bo saletse mo go bone bo tla

phimolwa ke loso le kutlobotlhoko go tswa mo go Ene. Gape le bao ba ba batlang go

bopa le go tokafatsa maphelo a bone. Mme baaki le ba ba sa itshokololeng ka pelo

ya mannete go Modimo, ba ja mme ba nwa katlholo ya bobone.”

5.4.4 Ke mang yo a tshwanelang go ja selalelo ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 82; 1 Bakorinthe 11:27

5.4.5 Jesu o tlhomile selalelo ka tsela efe ?

Matheo 26:20-28

5.4.6 A go siame fa o sa tsamaye kereke ka dinako tsotlhe mme wa ja selalelo fela ?

Katakesema ya Heidelberg Karabo 65

5.4.7 O dirang fa o ja selalelo ?

Bala ka ga go tsholetsa ga pelo mo formoliring le ka ga thapelo kwa bofelong ba

yone.

5.5 Tiriso ya thupiso ya kereke

Nagana dilo tse di latelang: Lelapa kwa ntle ga taolo. Mmuso o o senang sepodisi go

lebelela gore melao e se ka ya tlolwa. Moweine o o sa kutliwang. Tlhakantshuke.

Go ntse jalo mo kerekeng. Kwa ntle ga thuto le thupiso go rena boitaolo.

THUPISO KE GO THIBELA, MO NAKONG, MOTHO YO A EMENG FA THOKO GA

LENGOPE GORE A SEKA A WELA MO GO LONE

5.5.1 Boleng ba thupiso ya kereke

23

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!