24.05.2015 Views

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

KGAOLO YA BOROBONG /9

TIRELO YA MOPHUTHEGO MO KEREKENG

1. BOPHELO BA GAGO BA TEBOGO MO KEREKENG (MMELE WA GA

KERESETE)

1.1 Ke goreng re phele ka bophelo ba tebogo fa pele ga Modimo ?

Baroma 6:13

Rona ka borona ga re kgone go phela bophelo ba tebogo fa pele ga Modimo. Go ya

ka Baroma 12:1, 2 (Melao ya Thuto ya Dordt 5:14) ke Modimo fela o o ka re thusang

go phela jaana. Ke Mowa o o Boitshepo o o phelang mo go rona mme o re fetola go

nna seriti sa Modimo (Katakesema ya kwa Heidelberg Karabo 86, Boipolelo ba

Tumelo ba Nederland Athikele 24).

Tebogo e re e lebise go Modimo ka gonne ke One o o re fang tsotlhe ka bontsi mme

rona jaanong re e fetisetse go bangwe ka rona. Go dira jaana go tswa mo Modimong.

(Katakesema ya Heidelberg Karabo 55)

Mo go Baroma 12:9-21 re rutiwa gore re dire jang.

Bagalata 5:22-23; Bakolose 3:12-17

2. GO FETISETSA TEBOGO YA GAGO KWA NTLE

Mo go Matheo 5:13 re bona gore boikarabelo ba rona bo feta phuthego e re leng mo

go yone. Ka re le letswai le lesedi la lefatshe re tshwanetse ra phela jaana gore

batho ba lemoge mokgwa o re phelang ka teng. Ka go dira jaana re tla kgona

go sokolola batho(Johane13:35)

Ka go direla ba bangwe molemo, (Petero 3:9) re ka kgona go nna dipaki tsa lerato la

Modimo, bopelotlhomogi ba One le kgalalelo ya One. (1Petero 2:12, 3:15)

Bakeresete ba tshwanetse ba itshware jaaka Keresete mme ba phele jaaka Ene. Re

tshwanetse ra itshwara jaaka baporofeta, baperisita le dikgosi (Katakesema ya

Heidelberg Karabo 12).

Baporofeta – Re ipuele ka ga Leina la One, mme re o bone Morena e le yo o

tsogileng yo a yang go tlhagelela mo marung kwa bofelong.

Baperisita – re iphe go One re le diphisego tsa tebogo (Baroma 12: 1,2).

Dikgosi – jaanong re kgona go laola gammogo le Keresete gore re tlhole sebe.

(Baroma 6:6, 11-13)

O ka dira eng ka dimpho tsa gago go direla : a) Modimo b) Mongwe ka wena c)

Ba ba latlhileng Modimo, go boela mo go Keresete le Kereke ya Gagwe ?

3. KAROLO YA MOLAO WA MODIMO MO MAPHELONG A RONA A TEBOGO.

Go ya ka Kgolagano ya Segologolo mo Beibeleng re tshwanetse ra salela Molao wa

Modimo morago mo dintlheng tsotlhe tsa one. Paulo o re bontsha gore ga re kgone

go diragatsa se Molao o se batlang. (Baroma 7:15, 16, 21) Morena Jesu o re golotse

mo molaong o mme a re neela bophelo bo bo sa feleng. Molao o santse o batlega

mme jaanong e le tsela ya go tlhagisa ditebogo tsa rona mo maphelong a rona.

4. MELAO E LESOME

4.1 Matseno a Molao

Kgololosego go tswa mo botlhankeng ba Egepeto (Ekesodu 20:1) ke motheo

malebana le lerato la Modimo. Ka a re golotse le mo botlhankeng ba dibe re

tshwanetse ra obamela Melao e lesome go bontsha tumelo ya rona.

35

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!