24.05.2015 Views

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

Senkgwe sa Bophelo - cjbf.co.za

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

KGAOLO YA BOROBEDI / 8

HISTORI YA KEREKE KA BOKHUTSHWANE

Go tlhaloganya maemo a o leng mo go one o tshwanetse wa itse sengwe sa kwa o tswang.

Go re fa pono ya mo re lebileng teng.

Histori ya Kereke e fa lesedi mo se Keresete a se dirileng mo kerekeng ya gagwe. O

kgobokanya bakgethiwa ba gagwe go tswa mo ditšhabeng tsotlhe le go tswa mo malemeng

otlhe a lefatshe. Se o se dira ka Lefoko la Modimo le ka Mowa o o Boitshepo. Se o se

diragatsa go tswa kwa tshimologong ya lefatshe le go fitlha kwa bokhutlong ba lone. Le fa go

na le sebe, botlhokotsebe, boingotlo le tsotlhe tse di sa siamang Keresete o siriletsa Kereke

ya Gagwe mme o a e godisa.

Re batla go simolola mo Pasaka re be re fetele mo re leng teng ka tshoganyetso. Ruri-ruri ke

khutswafatso fela. Re tshitshinya gore o tsenelele histori ka bowena gore o tle o itse gore go

tlile jang. Fa o simolola go tlhaloganya histori o tla tlhaloganya gore go tlile jang ka kerke, o

be o itse gore Modimo o tsamaile jang le rona. O tla lemoga lerato la Modimo go kereke ya

One ka dinako tsotlhe.

1. Histori ya Kereke e simolola fa kae ?

E simolola mo parateising ka batho ba ntlha mo lefatsheng Atama le Efa. Kereke e

ntšha e simolola ka Pasika fa go tshololwa Mowa o o Boitshepo go tla go dula mo go

rona le mo kerekeng.

2. Re itse eng ka ga Kereke mo dingwagengkgolo tse tharo tsa ntlha ?

Re bona tlholo / phenyo ya Lefoko la Modimo le Mowa wa One mo gareng ga

kgatelelo le dintwa tse dintsi.

3. Ke mang yo a ileng a dumela gore Bokeresete e nne tumelo e e siriletsegileng

dingwaga di le 313 morago ga matsalo a ga Keresete ?

Mokaisara Konstanteine Mogolo. Ga twe letsatsi le lengwe go le motshegare ke fa a

lemoga sefapano se se phatsimang mo legodimong ka mafoko : “Tlhola / Fenya ka

letshwao le !” Go tloga letsatsi leo bophelo le maitshwaro a gagwe malebana le

Bakeresete go ile ga fetoga.

4. Go tlile jang gore kereke e nne kerke ya mmuso ?

Mokaisara Theodosiose Mogolo o ile a tlhoma tumelo ya Bokeresete e le tumelo ya

mmuso.

5. Go nna kereke ya mmuso go ne ga tlisa mathata a fe ?

Go ile ga tla ditlhopha tsa baheitene go tsena mo kerekeng. Ka tsela e melao ya

mmuso le e e tlhomilweng ke mokaisara e ile ya gapelwa thoko. Ka tsela e go tlile

maitshwaro a le mantsi a a neng a le kgatlhano le Lefoko la modimo mo kerekeng.

6. Ke bomang le mabaka a fe a a ileng a dira gore Kereke ya Baroma e nne teng ?

6.1 Roma e itlhomile e le felo fa go diragalang dilo tsa kereke.

6.2 Mobishopo Gregoriose Mogolo (590-604) wa Roma e ne e le motho yo o neng a na le

seriti se segolo. O ne a dira tiro ya boronngwa mo go Balongobarde mme e simolola

go tlhoma thupiso mo kerekeng gape. Phetolo ya maikutlo a gagwe e ne ya diragala

gotlhe. Go tloga nako eo ke fa mabishopo go tswa Roma ba ipitsa bopapa go raya

ntate / rara. Lefoko le la mopapa le tswa mo nakong e.

6.3 Mopapa Inocentius III o beile taolo ya mmuso fa tlase ga kereke le mopapa. O ne a

tlhoma bakeisara ka thato ya gagwe. Mo kopanong e kgolo ya kereke ka 1215

morago ga matsalo a Keresete o rile Modimo ga a fa taolo ya kereke fela go Petoro

mme o mo neile le taolo ya lefatshe ka bophara. Jaaka batho ba ikoba fa pele ga

Keresete ba ikobe fa pele ga mopapa.

31

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!